YouVersion Logo
Search Icon

ISAIA 1

1
1 Ponatshegelo ya ga Isaia morwa Amose, e o e bonyeng ka ga Juta le Jerusalema mo metlheng ya ga Usia, le Jothame, le Ahase, le Hesekia, dikgosi tsa Juta.
Modimo o kgalemela batho ba one ka ga boleo
2Utlwang lona magodimo, o sekege tsebe, wena lefatshe, gonne Jehofa o buile, a re: “Ke otlile ke godisitse bana, mme ba ntsuololetse. 3Kgomo yone, e itse morui wa yone le esela e itse golo mo e felwang ke mong wa yone teng; mme Iseraele ene ga a itse, batho ba me ga ba gopole.”
4A morafe wa boleo! A tšhaba e e koegetsweng ke mekgweleo ya boikepo! A losika lwa badira bosula! A bana ba ba dirang ka mokgwa o o bodileng! Ba latlhile Jehofa, ba nyaditse Moitshepi wa Iseraele, ba itshemile dilalo, ba boetse kwa morago. 5Ana lo sa ntse lo ratelang go ditewa, ka e le fa lo rukhutlha bogolo bogolo? Tlhogo yotlhe e botlhoko, le pelo yotlhe e a idibala. 6Go simologa ka pato ya lonao go ya kwa tlhogong, ga go na boitekanelo bope mo go one; fa e se matsankotsanko fela, le dingalo, le dintho tse di tutetseng; ga di a tamolwa, le fa e le go fapiwa, le fa e le go ngodisiwa ka lookwane.
7Lefatshe la lona le swafetse, metse ya lona e fisitswe ka molelo; maota a lona baeng ba a ja lo ba lebile ka matlho, mme go swafetse jaaka mo go gokgodisitsweng ke baeng. 8Morwadia Sione o tlogetswe jaaka loobo mo tshimong ya mafine, jaaka mogope mo lotlhagareng lwa makatane, jaaka motse o o dikilweng ke ntwa. 9 Fa Jehofa wa masomosomo a ne a se ka a re sadisetsa masalela a le mannye, re kabo re ntse jaaka Sotoma, re kabo re tshwana le Gomora.
10Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona balaodi ba Sotoma; sekegelang molao wa Modimo wa rona tsebe, lona batho ba Gomora. 11 “Ana bontsi jwa ditlhabelo tsa lona di a bo di kaya eng mo go nna?” Go bua Jehofa. “Ke tletswe ke ditshupelo tse di fisiwang tsa diphelefu, le mafura a dikgomo tse di nontshitsweng, mme ga ke natefelwe ke madi a dipholo, le fa e le a dikwanyana, le fa e le a diphoko. 12Ya re fa lo tla go bonala fa pele ga me, ke mang yo o lopileng se mo seatleng sa lona, gore lo gatake malwapa a me? 13Lo se ka lwa tlhola lo tlisa diromololo tsa boithamako; maswalo ke makgapha mo go nna; kilelo ya kgwedi le sabata, le go bidiwa ga diphuthego; ga ke na go itshokela boikepo le phuthego e e masisi. 14Mowa wa me o ila go rogwa ga dikgwedi tsa lona; le mediro ya lona e e laotsweng; ke letshwenyo mo go nna; ke lapile go di rwala.
15“E tlaa re lo huporolola diatla tsa lona ke tlaa lo ipipela matlho; ee, e tlaa re lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke utlwa; diatla tsa lona di tladikilwe madi thata. 16Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula. 17Ithuteng go dira sentle; batlang katlholo, siamisetsang bapatikwi, atlholelang masiela, sekelang mosadi wa motlholagadi.
18“Ntlong jaana, a re ganetsanyeng mmogo.” go bua Jehofa: “Le fa dibe tsa lona di hubitse bohibidu jo bo letlhololo, di tlaa nna ditshweu jaaka kapoko; le fa di le bohibidu jo bo mokgona, di tlaa nna jaaka bobowa jwa nku. 19Fa lo etleetsegile lo le kutlo, lo tlaa ja molemo wa lefatshe; 20mme fa lo gana, lo tsuolola, lo tlaa jewa ka tšhaka;” gonne molomo wa Morena o go boletse.
Motse o o boleo
21Ana motse o o boikanngo o fetogile o ntse seaka jang! Ona o o nong o tletse katlholo! Tshiamo e ne e ntse mo go one, mme jaanong go na le babolai ba batho fela. 22Selefera sa gago se fetogile manyelo; bojalwa jwa gago jwa mofine bo tlhakanye le metsi. 23Dikgosana tsa gago di a rukhutlha, ke dilekane tsa magodu; nngwe le nngwe ya tsone e rata dineo, di latelela dituelo; ga di atlholele masiela, le gone kgang ya mosadi wa motlholagadi ga e fitlhe kwa go tsone.
24Ke gone ka moo, go bua Morena, Jehofa wa masomosomo, Mothata wa Iseraele, a re: “Ahe! Ke tlaa inaya lobaka mo baganetsing ba me, ke tlaa itefeletsa mo babeng ba me. 25Ke tlaa busetsa seatla sa me kwa go wena, mme ke tlaa tlhapisetsa ruri manyelo a gago, ke ba ke tlosa botlhakano jotlhe jwa gago. 26Ke tlaa rebola baatlhodi ba gago, ba nna jaaka ga ntlha, le bagakolodi ba gago jaaka mo tshimologong; morago ga mo, o tlaa bidiwa Motse wa Tshiamo, motse wa boikanngo.”
27Sione o tlaa rekololwa ka katlholo, le ba one ba ba boang ka tshiamo. 28Mme tshenyego ya batlodi le ya baleofi e tlaa nna mmogo, le ba ba latlhang Jehofa ba tlaa nyelediwa.
29Gonne ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ka maoka a lo a eleditseng; lo tlaa sosobaganngwa ka ntlha ya masimo a lo a itshenketseng. 30Gonne lo tlaa nna jaaka mooka o lekakaba la one le swabang, le jaaka tshimo e e se nang metsi. 31Mme mothata o tlaa nna jaaka leodi, le tiro ya gagwe jaaka tlhase; mme go tlaa ša mmogo ka bobedi, mme ope ga a ketla a go tima.

Currently Selected:

ISAIA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy