YouVersion Logo
Search Icon

ISAIA 2

2
Kagiso mo Jerusalema
(Mika 4:1-3)
1Lefoko le Isaia morwa Amose o ne a le bona ka ga Juta le Jerusalema.
2Go tlaa dirala mo metlheng
e e tlaa tlang kwa pelepele
go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa
e tlaa tlhongwa
mo setlhoeng sa dithaba,
e tlaa golediwa
godimo ga makhujana,
mme merafe yotlhe
e tlaa fologela kwa go yone.
3Ditšhaba di le dintsi
di tlaa ya di re:
“Ntlong, a re tlhatlogeleng
kwa thabeng ya ga Jehofa,
kwa ntlong ya Modimo
wa ga Jakobe;
mme o tlaa re ruta
ditsela tsa gagwe,
mme re tlaa sepela
mo ditselaneng tsa gagwe:”
Gonne mo Sione
go tlaa tswa molao,
le lefoko la ga Jehofa
le tlaa tswa Jerusalema.
4 O tlaa atlhola fa gare ga merafe,
a kgalemele ditšhaba di le dintsi,
mme di tlaa thula ditšhaka tsa bone
magale a megoma,
le marumo a tsone
dithipa tsa mabele;
morafe ga o ketla
o ekela morafe tšhaka;
le gone ga ba ketla ba tlhola
ba ithuta tlhabano gope.
5Hee, ntlo ya ga Jakobe,
ntlong, mme a re sepeleng
mo leseding la ga Jehofa.
Boikgantsho bo tlaa fela
6Gonne o latlhile batho ba gago, e bong ntlo ya ga Jakobe, ka gobo ba tletse mekgwa e e tswang botlhabatsatsi, e bile ke baswabi ba ditiro jaaka Bafilisitia, mme ba tlhabetsanya ka diatla le bana ba baeng. 7Lefatshe la bone le lone le tletse selefera le gouta; le dikhumo tsa bone ga di na bokhutlo; le gone lefatshe la bone le tletse dipitse, le gone dikara tsa bone ga di na bokhutlo. 8Le gone lefatshe la bone le tletse medimo ya disetwa; ba obamela mo go dirilweng ke diatla tsa bone, se menwana ya bone e se dirileng.
9Motho yo mmotlana o a ikoba, le monna yo motona o a ikgobalatsa; mme ka ntlha ya gone mo, o se ka wa ba itshwarela. 10 Tsena mo lefikeng, o bo o iphitlhe mo loroleng, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe. 11Matlho a motho o a kadileng a tlaa bokaladiwa, le bopelompe jwa batho bo tlaa obiwa, mme mo letsatsing leo go tlaa godisiwa Jehofa a le esi fela. 12Gonne go tlaa nna letsatsi la ga Jehofa wa masomosomo mo go sengwe le sengwe se se boikgodiso le bopelompe, le mo go sengwe le sengwe se se tsholetsegileng, mme di tlaa bokaladiwa; 13le mo masetareng otlhe a Lebanone, a a godileng a tsholetsegile, le mo maokeng otlhe a Bašane; 14le mo dithabeng tsotlhe tse di godileng, le mo makhujaneng otlhe a a tsholetsegileng; 15le mo kagong ya phemelo nngwe le nngwe e e godileng, le mo lorakong longwe le longwe lo lo agetsweng phemelo; 16le mo dikepeng tsotlhe tsa Tarešiše, le mo ditshwantshong tsotlhe tsa tse di eletsegang. 17Bogodi jwa motho bo tlaa obiwa, le bopelompe jwa batho bo tlaa ngotlwa; mme mo letsatsing leo go tlaa godisiwa Jehofa a le esi fela. 18Medimo ya disetwa e tlaa fetela ruri e ya koo.
19Batho ba tlaa tsena mo dikgageng tsa mafika le mo mesimeng ya lefatshe, ba tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe, motlhang o nanogelang go reketlise lefatshe ka thata e kgolo. 20E tlaa re mo letsatsing leo motho o tlaa latlhela kwa dirathing, le kwa go bomamathwane, medimo ya disetwa ya gagwe ya selefera, le medimo ya disetwa ya gagwe ya gouta, e batho ba e mo diretseng gore a e obamele. 21Mme a tsena mo meoleng e metona ya mafika, le mo dipharong tsa mafika a a makgawekgawe, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe, motlhang o nanogelang go reketlisa lefatshe ka thata e kgolo.
22Khutlelang motho, yo mowa wa gagwe o leng mo marofeng a dinko tsa gagwe; gonne ene, o na le go kaiwa e le eng?

Currently Selected:

ISAIA 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy