1
ISAIA 1:18
BAEBELE e e Boitshepo
“Ntlong jaana, a re ganetsanyeng mmogo.” go bua Jehofa: “Le fa dibe tsa lona di hubitse bohibidu jo bo letlhololo, di tlaa nna ditshweu jaaka kapoko; le fa di le bohibidu jo bo mokgona, di tlaa nna jaaka bobowa jwa nku.
Compare
Explore ISAIA 1:18
2
ISAIA 1:19
Fa lo etleetsegile lo le kutlo, lo tlaa ja molemo wa lefatshe
Explore ISAIA 1:19
3
ISAIA 1:17
Ithuteng go dira sentle; batlang katlholo, siamisetsang bapatikwi, atlholelang masiela, sekelang mosadi wa motlholagadi.
Explore ISAIA 1:17
4
ISAIA 1:20
mme fa lo gana, lo tsuolola, lo tlaa jewa ka tšhaka;” gonne molomo wa Morena o go boletse.
Explore ISAIA 1:20
5
ISAIA 1:16
Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula.
Explore ISAIA 1:16
6
ISAIA 1:15
“E tlaa re lo huporolola diatla tsa lona ke tlaa lo ipipela matlho; ee, e tlaa re lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke utlwa; diatla tsa lona di tladikilwe madi thata.
Explore ISAIA 1:15
7
ISAIA 1:13
Lo se ka lwa tlhola lo tlisa diromololo tsa boithamako; maswalo ke makgapha mo go nna; kilelo ya kgwedi le sabata, le go bidiwa ga diphuthego; ga ke na go itshokela boikepo le phuthego e e masisi.
Explore ISAIA 1:13
8
ISAIA 1:3
Kgomo yone, e itse morui wa yone le esela e itse golo mo e felwang ke mong wa yone teng; mme Iseraele ene ga a itse, batho ba me ga ba gopole.”
Explore ISAIA 1:3
9
ISAIA 1:14
Mowa wa me o ila go rogwa ga dikgwedi tsa lona; le mediro ya lona e e laotsweng; ke letshwenyo mo go nna; ke lapile go di rwala.
Explore ISAIA 1:14
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos