Mareko 2
2
KHAOLO 2.
1MI ka malatsi mañue a sina heta, a tsena mo Kaperenama, mi ga utluioa ha a le mo tluñ.
2Mi bontsi yoa phuthegela ka bonako gona, ga tsamaea ba tloka bonno ha moyakoñ mi a ba rerela lehuku.
3Mi ga tla bañue go ena, ba lere monona oa teteselo, a belegoe ki bathu ba le ba for.
4Mi ka ba reteleloa ki go mo atametsa ka ntla ea bontsi, ba rutla litlomesho ha o gona, mi ka ba sina phunya, ba mo lepeletsa ka sealo se monona oa teteselo o letseñ go shona.
5Mi ka Yesu a bona tumelo ea bona, a raea oa teteselo, Moroaka, libe tsa gago u li icuarecoe.
6Mi bañue ba bakuari ba rutse gona, ba gakologeloa mo peruñ tsa bona,
7Monona eo o buelañ likhalo? Mañ eo o ka icuarelañ libe ha e si Morimo osi?
8Mi Yesu ka a lemoga ka bonako mo moeeñ oa gague, ha ba gakololanye yalo mo go bona, a ba raea, Lo gopoletseñ lilo tse mo peruñ tsa lona?
9Boheho ki bohe, go raea oa teteselo, Libe u li icuarecoe, leha go ka tua, Tloga u eme, cula sealo sa gago, u tsamae?
10Mi gore lo itse ha Moroa mothu a na le thata mo lehatsiñ go icuarela libe, (a raea monona oa teteselo,)
11Kia gu raea, Tloga u eme, cula sealo sa gago, u ee kua tluñ ea gago.
12Mi a ema ka bonako, mi ka a cula sealo, a coa ha pele ga bona botle, ga tla ga tsamaea ba gakhamala botle, mi ba galaletsa Morimo, ba re, Ga re e si re bone mo gontseñ yana.
13Mi a ba a coa, a ea ha leoatleñ, mi bontsi yotle yoa ea go ena, mi a bo ruta.
14Mi ka a heta a bona Levi, moroa Alefaio a rutse mo tluñ ea khethelo, mi a mo raea, ’Ntsala morago. Mi a ema a mo sala morago.
15Mi ga rihala, ka Yesu a rutse ha liyoñ mo tluñ ea monona eo, bontsi yoa baphuthi ba lekhetho le baleohi le bona ba lula le Yesu le barutoa ba gague; gone ba le ba le bantsi, mi ba mo sala morago.
16Mi ka bakuari le Bafarisai ba bona a ya le baphuthi ba lekhetho, le baleohi, ba raea barutoa ba gague, Gontse yañ, ka a ya, a noa le baphuthi ba lekhetho le baleohi?
17Mi ka Yesu a utlua mouo, a ba raea, Ba ba horileñ ga ba rihe ñaka sepe, ha esi babobori. Ga kia tlela go biletsa basiami tlabologoñ, e le baleohi.
18Mi barutoa ba ga Yohane le ba Bafarisai, ba riha go bisa go ya, mi ba tla, ba mo raea, Barutoa ba ga Yohane le ba Bafarasai, ba rihelañ go bisa go ya, mi barutoa ba gago ga ba rihe go bisa go ya?
19Mi Yesu a ba raea, Bana ba ntlu ea monyaroi, a ba ka riha go bisa go ya ka monyari a sa na nabo? Ha monyari a sa na nabo ga ba kake ba riha go bisa go ya.
20Mi metla e tla tla, e monyari o tla tlosioañ go bona ka eona, eriha gona ba tla rihañ go bisa go ya mo metleñ euo.
21Ga go ope eo o bitielañ seaparo se se onetseñ ka sebata se sesha; gone sebata se sesha se tla gagola se se onetseñ, mi kagogo ea keketsega.
22Mi ga go ope eo o tselañ boyaloa yo bosha mo makukeñ a a onetseñ; gone boyaloa yo bosha bo tla phanya makuka, mi boyoloa bo culoge, mi makuka a senyege; mi boyaloa yo bosha bo cuanetse go tseloa mo makukeñ a masha.
23Mi ga rihala ka a ralala mo masimoñ a mabele ka tsatsi ya Sabata, barutoa ba gague ba simolola go roba liako tsa mabele.
24Mi Bafarisai ba mo raea, Bona, ba rihelañ ka tsatsi ya Sabata se se sa laoloañ?
25Mi a ba raea. A ga lo e si lo buise se Davide o se rihileñ, ka a tloka, mi a utlua tlala, le bona ba ba le ba na‐nae?
26Kaha o la a tsena mo tluñ ea Morimo ka gona, mo motleñ oa ga Abiatare, moperiseti eo mogolu, mi a ya linkhue tsa cupo tse ri sa laoleloañ go yeoa, ha e si ki baperiseti bosi, mi a naea le bona ba ba le ba na nae?
27Mi a ba raea, Sabata o rihecoe bathu, mi bathu ga ba riheloa Sabata;
28Yalo, Moroa mothu ki Morena le oa Sabata.
ទើបបានជ្រើសរើសហើយ៖
Mareko 2: TSN1890
គំនូសចំណាំ
ចែករំលែក
ចម្លង

ចង់ឱ្យគំនូសពណ៌ដែលបានរក្សាទុករបស់អ្នក មាននៅលើគ្រប់ឧបករណ៍ទាំងអស់មែនទេ? ចុះឈ្មោះប្រើ ឬចុះឈ្មោះចូល
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society