Yoele 3

3
KHAOLO 3.
1GONE, bonañ, go tla rihala mo metleñ euo, le ka motla ouo, mogañ ki bosañ bocuaro yoa Yuda le Yerusalema,
2Ki tla phutha merahe eotle, mi ki tla e holosetsa mo mogorogoroñ oa ga Yehoshafate, mi ki tla sekisanya le eona gona kaga bathu ba me, le Bayeserela boshua yoa me, ba e ba halaleritseñ mo meraheñ, ea abalana hatse ya me.
3Mi ea thelela bathu ba me likelero; mi ea nela seaka mosimane, mi ea bapatsa moroetsana ka boyaloa, gore e noe.
4Mi le lona Tsura le Tsidona le meleloane eotle ea Filesitia, lo ’nñoke-tseñ? a lo tla ba lo ’nkhopolola? mi ha lo ka ’nkhopolola, ki tla akoha ki bosetsa khopololo ea lona mo tlogoñ tsa lona ka bonako;
5Ka gone lo tlositse selevera sa me le gouda ea me, mi lilo tsa me tse ri molemo, tse ri eletsegañ lo li isitse mo tempeleñ tsa lona:
6Mi bana ba Yuda le bana ba Yerusalema, lo ba baparitse go bomoroa Bagerika, gore lo ba tlosetse khakala mo moleloaneñ oa bona.
7Bonañ, ki tla ba cosa mo heloñ ha lo ba baparitseñ gona; mi ki tla bosetsa khopololo ea lona mo tlogoñ tsa lona:
8Mi ki tla bapatsa bomoroa lona, le bomoroaria lona mo atleñ tsa bana ba Yuda, mi ba tla ba bapatsa go Basabea, morahe o o khakala; gone Yehova o buile.
9¶ Küa se mo meraheñ: Bakanyañ tlabano, cosañ ligañka, a batlabani ba atamele; ba tle botle:
10Thulañ megoma ea lona licaka, le lisekela tsa lona marumo: a eo oa sekoa a re, Ki senatla.
11Akohañ, mi tlañ lona merahe e e mo tikologoñ: mi iphutheñ eotle: Yehova, u holosetse ligañka tsa gago gona.
12A merahe e coge, mi e bololele mogorogoro oa ga Yehoshafate: mi ki tla lula gona go sekisa merahe eotle tikologoñ.
13¶ Tsenyañ sekela, gone thobo e burule: eañ, hologañ: gone khatisho ea boyaloa e tletse, liribeleco lia culoga; gone boshula yoa bona bo bogolu.
14Bontsintsi, bontsintsi mo mogorogoroñ oa tsekisho: gone tsatsi ya ga Yehova le gauhe mo mogorogoroñ oa tsekisho.
15¶ Letsatsi le khueri li tla hihala, mi linaleri li tla gonyetsa phatsimo ea cona.
16Mi Yehova o tla ruma a le mo Tsiona, mi o tla ntsa koru ea gague mo Yerusalema; mi legorimo le lehatse a tla tlakasela; mi Yehova o tla na botsabelo yoa bathu ba gague, le kago e e thata ea bana ba Yeserela.
17Mi lo tla itse ha ki le Yehova Morimo oa lona; eo o nntseñ mo Tsiona, thaba ea me ea boitsepho; mi Yerusalema o tla na itsepho, mi baeñ ga ba kitla ba tlola ba ralala go ona.
18¶ Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, lithaba li tla rotha boyaloa yo bosha, mi lithabana li tla ela mashi; mi melacoana eotle ea Yuda e tla ela metse, mi mocoeri o tla coa mo tluñ ea ga Yehova, mi o tla nosa mogorogoro oa maoka.
19¶ Egepeto le tla na tsenyego, mi Edoma le tla na bogareganaga yoa tsenyego, ka tsenyo e e sentseñ bana ba Yuda, gone ba le ba culola mari a a sinañ molatu mo hatsiñ ya bona.
20Mi Yuda le tla nnoa ka basakhu-tleñ, le Yerusalema ka kokomana cotle.
21Mi ki tla latuholola mari a ki si kañ ka a latuholola, mi Yehova o tla nna mo Tsiona.

ទើបបានជ្រើសរើសហើយ៖

Yoele 3: TSN1890

គំនូស​ចំណាំ

ចែក​រំលែក

ចម្លង

None

ចង់ឱ្យគំនូសពណ៌ដែលបានរក្សាទុករបស់អ្នក មាននៅលើគ្រប់ឧបករណ៍ទាំងអស់មែនទេ? ចុះឈ្មោះប្រើ ឬចុះឈ្មោះចូល