YouVersion Logo
Search Icon

LEFITIKO 26

26
Masego ke a ba ba obamelang molao
(Duter 7:12-24; 28:7-14)
1 “Lo se ka lwa itirela medimo ya disetswa, le gone lo se ka lwa ikemisetsa setshwantsho se setilweng, le fa e le sefikantswe se se motloutlo, le gone lo se ka lwa baya lentswe lepe le le tshwantshitsweng ka sengwe mo lefatsheng la lona, go tla lo le obamela; gonne ke nna Jehofa Modimo wa lona. 2Lo ilele boSabata ba me, lo sisimoge felo ga me ga boitshepo, ke nna Jehofa.
3 “Fa lo sepela mo melaong ya me, fa lo boloka ditaolo tsa me, lo di dira; 4foo ke tlaa nesa dipula tsa lona mo dipakeng tsa tsone, lefatshe le tlaa ntsha totafalo ya lone, le ditlhare tsa lotlhagare di tlaa ntsha loungo lwa tsone. 5Go photha ga lona go tlaa ya go fitlha mo phulong ya lofine, le phulo ya lofine e tlaa ya go fitlha mo lobakeng lwa go jala; lo tlaa ja dijo tsa lona lo kgora, lo tlaa nna mo lefatsheng la lona ka boiketlo.
6“Ke tlaa lo naya kagiso mo lefatsheng, lo tlaa robala, mme ga go na ope yo o tlaa lo boifisang; dibatana tse di bosula ke tlaa di khutlisa mo lefatsheng, le tšhaka ga e ketla e ralala lefatshe la lona. 7Lo tlaa leleka baba ba lona, ba tlaa wa fa pele ga lona ka tšhaka. 8Ba le batlhano ba lona ba tlaa bo ba leleka ba ba lekgolo, le ba ba lekgolo ba leleka ba ba dikete di le some; baba ba lona ba tlaa wa fa pele ga lona ka tšhaka. 9Ke tlaa lo ngoka, ke tlaa lo naya lotsalo, ke lo ntsifatsa; ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me le lona. 10Lo tlaa ja dijo tse di sa bolong go bolokwa, lo tlaa ntsha tse dikgologolo di sutele tse dintšha. 11Ke tlaa tlhoma motlaagana wa me mo go lona; mme mowa wa me ga o ketla o lo tlhoa. 12 Ke tlaa sepela mo go lona, ke tlaa nna Modimo wa lona, mme lo tlaa nna batho ba me. 13Ke nna Jehofa Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, gore lo se ka lwa nna batlhanka ba bone, ke robile dikei tsa jokwe ya lona, ka lo tsamaisa lo tsepaletse fela.
Kwatlhao ya ba ba sa obameleng molao
(Duter 28:15-68)
14“Fa lo gana go ntheetsa, fa lo gana go dira ditaolo tse tsotlhe; 15fa lo gana melao ya me, fa mowa wa lona o tlhoa dikatlholo tsa me, lwa ba lwa tla lwa gana go dira ditaolo tsa me tsotlhe, lo senya kgolagano ya me; 16le nna ke tlaa lo direla se: Ke tlaa lo laolela poitsho, e bong botlhoko jwa lohuba, le jwa tutumo, jo bo tlaa lo jang matlho, bo lo tlhora mowa; peo ya lona lo tlaa e jalela lefela, gonne baba ba lona ba tlaa e ja. 17Ke tlaa lo bifela, lo tlaa kgemethega fa pele ga baba ba lona; ba ba lo ilang ba tlaa lo laola, lo tlaa tshaba go se na ope yo o lo konatelelang.
18“Mme e tlaa re fa lo sa ntse lo gana go ntheetsa le ka tsone dilo tse, foo ke tlaa lo okeletsa petso gasupa ka maleo a lona. 19Ke tlaa roba bopelompe jwa thata ya lona; legodimo la lona ke tlaa le dira la nna jaaka tshipi, le lefatshe la lona la nna jaaka kgotlho; 20le thata ya lona e tlaa fela ka lefela, gonne lefatshe la lona ga le ketla le ntsha totafalo ya lone, le ditlhare tsa lefatshe ga di ketla di ntsha loungo lwa tsone.
21“Fa lo sepela ka go ganela le nna, lo gana go ntheetsa, dipetso ke tlaa di lo leretse gasupa bogolo ka fa maleong a lona. 22Ke tlaa lo tsosetsa dibatana tsa naga, mme di tlaa lo thukhutha bana, di senya dikgomo tsa lona, di ngotla palo ya lona; le ditsela tsa lona di tlaa swafala fela.
23“Fa lo fela lo gana go sokololelwa mo go nna le ka tsone dilo tse, mme lo sepela ka go ganela le nna, 24foo le nna ke tlaa sepela ka go ganela le lona, ke tlaa lo itaya gasupa, nna ka nosi, ka ntlha ya maleo a lona. 25Ke tlaa lo leretse tšhaka, e e tlaa dirafatsang pusoloso ya kgolagano, lo tlaa phuthelwa mo teng ga metse ya lona; ke tlaa lo tsosetsa kgogodi; lo tlaa tsenngwa mo seatleng sa mmaba. 26E tlaa re ke roba seikokotlelo sa lona sa senkgwe, basadi ba le some ba tlaa besa senkgwe sa lona mo pesetsong e le nngwe fela, mme ba tlaa ba ba lo neela senkgwe sa lona ka go se lekanya; lo tlaa ja, mme ga lo ketla lo kgora.
27“Fa lo fela lo ntse lo gana go ntheetsa, le fa ke lo diretse dilo tse, lo sepela lo ntse lo ganela le nna, 28foo ke tlaa sepela ka go ganela le lona mo tšhakgalong, e kgolo, le gone ke tlaa lo otlhaya gasupa ka ntlha ya maleo a lona. 29Lo tlaa ja nama ya bomorwaa lona, le nama ya bomorwadia lona lo tlaa e ja. 30Ke tlaa senya mafelo a lona a a tlotlometseng, ke tlaa rema ditshwantsho tsa lona tsa letsatsi, ke latlhela ditoto tsa lona mo godimo ga ditoto tsa medimo ya lona ya disetwa, mowa wa me o tlaa lo tlhoa. 31Metse ya lona ke tlaa e kgakgabatsa, le mafelo a lona a a boitshepo ke a swafatsa, ke tlaa gana go dupa moutlwalo wa monko wa lona o o monate. 32Ke tlaa dira lefatshe gore le nne tshwafalo fela, baba ba lona ba ba agileng mo go lona ba tlaa lo gakgamalela. 33Lona ke tlaa lo phatlalaletsa kwa merafeng, ke tlaa somolela tšhaka fa morago ga lona; lefatshe la lona le tlaa nna tshwafalo fela, le metse ya lona e tlaa nna kgakgabalo fela.
34“Foo lefatshe le tlaa itumelela boSabata ba lone, fa le sa ntse le namaletse le swafetse fela, le lona lo bo lo le kwa lefatsheng la baba ba lona; ke gone jalo lefatshe le tlaa ikhutsang le itumelela boSabata ba lone. 35E tlaa re fa le sa ntse le namaletse fela le tlaa bona boikhutso, e bong boikhutso jo le se kang la bo bona mo boSabateng ba lona, lo sa ntse lo ntse mo go lone.
36“Ka ga bone ba ba setseng ba lona, ke tlaa ba tsosetsa sedidi mo pelong tsa bone mo mafatsheng a baba ba bone, le mosumonyana wa lekakaba le le fokwang ke phefo o tlaa ba leleka; ba tlaa tshaba jaaka motho a tle a tshabe tšhaka; ba tlaa wa ope a sa ba konatelele. 37Ba tlaa kgopegelana mongwe mo go yo mongwe, jaaka ekete ba fa pele ga tšhaka, go se na ope yo o ba konatelelang, ga lo ketla lo nna le thata epe ya go ema fa pele ga baba ba lona. 38Lo tlaa nyelela mo merafeng; lefatshe la baba ba lona le tlaa lo ja le lo fetsa. 39Ba ba setseng mo go lona ba tlaa tlhorega mo boikepong jwa bone mo lefatsheng la baba ba lona, le mo maikepong a borraabo ba tlaa tlhorega fela nabo.
40“Ba tlaa ipolela boikepo jwa bone, le boikepo jwa borraabo, mo tlolong ya bone e ba ntloletseng ka yone, le gore e re ka ba sepetse ka go ganela le nna, 41le nna ka sepela ka go ganela nabo, ka ba lere mo lefatsheng la baba ba bone; foo e tlaa re fa pelo ya bone e e sa rupisiwang e ka ikokobetsa, ba amogela petso ya boikepo jwa bone, 42 foo ke tlaa gakologelwa kgolagano ya me le Jakobe, le kgolagano ya me le Isake, le kgolagano ya me le Aberahame ke tlaa e gakologelwa, ke tlaa gakologelwa lefatshe. 43Lefatshe le lone le tlaa tlogelwa ke bone, le tlaa itumelela boSabata ba lone, fa le sa ntse le namaletse le swafetse fela le se na nabo; ba tlaa amogela petso ya boikepo jwa bone; ka ntlha ya gonne, ee, ka ntlha ya gonne ba ne ba gana dikatlholo tsa me, le mowa wa bone wa tlhoa melao ya me. 44Le fa go ntse jalo e tlaa re ba le mo lefatsheng la baba ba bone, ga nketla ke ba gana, le gone ga nketla ke ba tlhoa, go ba senyetsa ruri, le go senya kgolagano ya me nabo, gonne ke nna Jehofa Modimo wa bone. 45Ka ntlha ya bone, ke tlaa gakologelwa kgolagano ya ba bagologolo ba bone, ba ke ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto mo ponong ya merafe, gore ke nne Modimo wa bone, ke nna Jehofa.”
46Tse ke tsone melao le dikatlholo, le ditaolo tse Jehofa o neng a di dira gare ga gagwe le bana ba Iseraele, mo thabeng ya Sinai, ka seatla sa ga Moše.

Currently Selected:

LEFITIKO 26: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy