YouVersion Logo
Search Icon

LEFITIKO 27

27
Molao o o amanang le dikabelo tsa ga Jehofa
1Jehofa a bua le Moše, a re: 2“Bua le bana ba Iseraele, o ba reye o re: E re fa motho a ikanne ikano nngwe, batho bao ba tlaa kaiwa ba ga Jehofa ka fa tshekatshekong ya gago. 3Go sekaseka ga gago ka ga monna yo o dinyaga di le 20 go ya kwa go yo boemo jwa gagwe bo tshwarang dinyaga di le 60, o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa go re o lekanye dipapetla di le 50 tsa selefera, ka fa selekanyong sa felo ga boitshepo. 4Fa e le mosadi o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa gore o lekanye dipapetla di le 30. 5Mosimane yo o dinyaga di tlhano go ya le ba ba yang go tshwara boemo jwa dinyaga di le 20, o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa go re, o lekanye dipapetla di le 20; mme fa e le mosetsana o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa go re o lekanye dipapetla di le some fela. 6Mosimane yo o kgwedi nngwe fela, le yo o yang go tshwara boemo jwa dinyaga di le tlhano, o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa go re o lekanye dipapetla di le tlhano tsa selefera; fa e le mosetsana o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa go re o lekanye dipapetla di le tharo tsa selefera. 7Fa e le go simolola ka dinyaga di le 60 go ya kwa godimo, fa e le monna o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa go re o lekanye dipapetla di le 15, fa e le mosadi dipapetla di le some fela.
8“Fa a humanegile a sa lekana tlhwatlhwa e o e sekasekileng, foo o mmeye fa pele ga moperesiti, mme moperesiti o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa; moperesiti o tlaa mo sekasekela tlhwatlhwa ka fa nonofong ya yo o ne a ikanne.
9“Fa e le setshedi se batho ba tleng ba se isetse Jehofa tshupelo, tsotlhe tse di ntseng jalo tse batho ba di ntshetsang Jehofa, di tlaa nna boitshepo. 10A se ka a emisetsa, kgotsa a ananya ka sone, se se maswe ka se se molemo, kgotsa se se molemo ka se se maswe. Fa a ananya setshedi ka setshedi, foo go le sone le se se anantsweng ka sone, di tlaa nna boitshepo. 11Fa e le setshedi sengwe se se itshekologileng, se batho ba se keng ba se isetsa Jehofa tshupelo, foo o tlaa baya setshedi fa pele ga moperesiti; 12mme moperesiti o tlaa se sekasekela tlhwatlhwa, go re a se molemo kgotsa se bosula, mme se tlaa ema fela jalo jaaka wena, moperesiti, o bonye. 13Fa ruri a rata go se rekolola, foo a oketse tlhwatlhwa ya sone ka kgaogano ya yone ya botlhano.
14“Fa motho a itshepisa ntlo ya gagwe gore e nne boitshepelo Jehofa, foo moperesiti o tlaa e sekasekela tlhwatlhwa, go re a e molemo kgotsa e bosula; mme e tlaa ema fela jaaka moperesiti a bonye. 15Fa yo o e itshepisitseng a rata go rekolola ntlo ya gagwe, foo a a oketse tlhwatlhwa ya yone ka kgaogano ya botlhano ya madi a o a sekasekileng, mme e tlaa nna ya gagwe.
16“E tlaa re fa motho a itshepisetsa Jehofa ntlha e nngwe ya lotlhagare lwa gagwe lo e leng boswa jwa gagwe, foo go e sekasekela tlhwatlhwa ga gago go tlaa ema ka fa go jalweng ga lone, fa go jalwa kgetse ya barele, go tlaa sekasekelwa tlhwatlhwa ya bošekela ba selefera ba le masome matlhano. 17Fa a itshepisa lotlhagare lwa gagwe go simolola ka ngwaga wa Jubile, lo tlaa ema jaaka o lo sekasekile. 18Mme fa a itshepisa lotlhagare lwa gagwe morago ga Jubile, foo moperesiti o tlaa mmalela madi ka fa palong ya dinyaga tse di tlaa bong di setse go ya ngwageng wa Jubile, mme tshekatsheko ya gago e tlaa fokodiwa. 19Fa ruri yo o itshepisitseng lotlhagare a rata go lo rekolola, foo a oketse tlhwatlhwa ya lone ka kgaogano ya botlhano ya tlhwatlhwa e o e sekasekileng, mme o tlaa lo tlhomamisediwa. 20Fa a sa rate go rekolola lotlhagare, kgotsa fa a rekisitse lotlhagare mo mothong o sele, ga le ketla lo tlhola lo rekololwa, 21mme lotlhagare fa lo tswa ka Jubile, lo tlaa nna boitshepelo Jehofa, jaaka lotlhagare lo lo tshwailweng, boswa jwa lone e tlaa nna jwa moperesiti.
22“Fa a itshepisetsa Jehofa lotlhagare longwe lo o lo rekileng, lo e seng lotlhagare lwa boswa jwa gagwe, 23foo moperesiti o tlaa mmalela bokae jwa tlhwatlhwa e o e sekasekileng go ya ngwageng wa Jubile; ka letsatsi leo o tlaa ntsha tlhwatlhwa e o e sekasekileng, e le selo se se itshepetseng Jehofa. 24E tlaa re ka ngwaga wa Jubile lotlhagare lo tlaa boela mo go ene yo o lo rekileng mo go ene, e bong mo go ene yo boswa jwa lefatshe leo e leng jwa gagwe.
25“Ditshekatsheko tsa gago tsotlhe di nne ka fa selekanyong sa felo ga boitshepo.
26“Setsalwapele mo ditsheding, se se dirilweng setsalwapele mo go Jehofa, ga go na motho ope yo o tlaa se itshepisang; le fa e le kgomo, kgotsa e le nku, ke sa ga Jehofa. 27Fa e le setsalwapele sa setshedi sengwe se se itshekologileng, foo o tlaa se rekolola ka fa tshekatshekong ya gago, mme a e oketse ka kgaogano ya botlhano ya tlhwatlhwa ya sone; mme fa se se ka sa rekololwa, foo se tlaa rekisiwa ka fa tshekatshekong ya gago.
28 “Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se tshwailweng, se motho o ka se tshwaelang Jehofa, sa dilo tsotlhe tse o nang natso, le fa e le sa motho, kgotsa e le sa kgomo, kgotsa e le sa lotlhagare lwa boswa, se se ka rekisiwang, le fa e le go rekololwa; sengwe le sengwe se se tshwailweng, se boitshepo jo bo itshepetseng Jehofa. 29Ga go sepe se se tshwailweng, se se tshwailweng ke batho, se se tlaa rekololwang; ruri se tlaa bolawa.
30 “Tsa bosome tsotlhe tsa lefatshe, le fa e le tsa peo ya lefatshe, le fa e le tsa loungo lwa setlhare, ke tsa ga Jehofa, di boitshepelo Jehofa. 31Fa motho a rata go rekolola sengwe sa tsa bosome tsa gagwe, a a se oketse ka kgaogano ya botlhano ya sone. 32Tsa bosome tsotlhe tsa matlhape, le tsa letsomane, le fa e le eng se se fetang fa tlase ga thupa di balwa, sa bosome se nne boitshepelo Jehofa. 33Motho a se ka a botsisa go re a se molemo kgotsa se bosula, le gone a se ka a ananya ka sone; fa a ananya ka sone, foo go le sone, le se o se anantseng ka sone, a di nne boitshepo; ga se ketla se rekololwa.”
34Tse ke tsone ditaolo tse Jehofa o di laoletseng Moše mo thabeng ya Sinai go tla a di naya bana ba Iseraele.

Currently Selected:

LEFITIKO 27: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy