YouVersion Logo
Search Icon

DANIELE 1

1
Makawana a a tlhophetsweng go direla Nebukatenesare
1 E rile ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Jehoiakime kgosi ya Juta, Nebukatenesare kgosi ya Babilone a tla mo Jerusalema, mme a o tlhasela. 2 Mme Morena a tsenya Jehoiakime kgosi ya Juta mo seatleng sa gagwe, le bontlhanngwe jwa dilwana tsa ntlo ya Modimo; mme a di isa kwa lefatsheng la Shinare kwa ntlong ya modimo wa gagwe; mme a isa dilwana mo ntlong ya dikhumo, ya modimo wa gagwe.
3Kgosi ya bua le Asepenase mong wa baopafadiwi ba gagwe, gore a lere bangwe ba bana ba Iseraele, e bong ba losika lwa segosi le lwa bagolwane; 4e le makau a a se nang bokoa, e le ba ba bopegileng sentle, ba le ditswerere mo botlhaleng jotlhe, e le ba ba seleng tlhogo, ba fasitse, ba tlhaloganya kitso yotlhe, ba ba nang le nonofo ya go ema mo ntlong ya kgosi; gore a ba rute thuto le puo ya Sekalatea. 5Kgosi ya ba laolela kabelo ya malatsi otlhe ya dijo tsa kgosi, le ya bojalwa jwa mofine jo e bo nwang, le gore ba otlwe ka dinyaga di le tharo; gore e tle e re di sena go feta boo ba itse go ema fa pele ga kgosi. 6Jaana mo go bao ga bo go le Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria, e le ba bana ba Juta. 7Kgosana ya baopafadiwi ya ba raya maina: Daniele a rewa leina la Beletešasare; Hanania la Shaterake; Mišaele, la Mešake; le Asaria la Abetenego.
8Daniele ene a ikaelela mo pelong ya gagwe fa a se ketla a iitshekolola ka dijo tsa kgosi, le fa e le ka bojalwa jwa mofine jo e bo nwang; ka moo a lopa kgosana ya baopafadiwi gore a mme a se ka a iitshekolola. 9Jaana Modimo wa naya Daniele botsalano le go tlhomogelwa pelo mo matlhong a kgosana ya baopafadiwi. 10Kgosana ya baopafadiwi ya raya Daniele ya re: “Ke boifa kgosi morena wa me, yo o lo laoletseng dijo tsa lona le noo ya lona; gonne o tlaa bo a bonelang difatlhogo tsa lona di tlhontse bogolo go tsa makau ba e leng bankana ba lona? Jalo lo tlaa bo lo mpiletsa loso mo kgosing.”
11Foo Daniele a raya molebedi, yo kgosana ya baopafadiwi e beileng Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria, mo taolong ya gagwe, 12a re: “Ke a go rapela, o tle o leke batlhanka beno ka malatsi a le some; mme ba re jese merogo, ba re nose metsi. 13Foo a difatlhogo tsa rona di sekasekwe fa pele ga gago le difatlhogo tsa makau a a jang dijo tsa kgosi; mme o tle o itse go direla batlhanka beno ka fa o bonang ka teng.”
14Jalo a ba reetsa mo selong se, a ba leka ka malatsi a le some. 15Ya re malatsi a le some a sena go feta difatlhogo tsa bone tsa bonala di le dintle bogolo, mme ba bo ba nonne bogolo go makau otlhe a a jang dijo tsa kgosi. 16Jalo molebedi a tlosa dijo tsa bone, le bojalwa jwa mofine jo ba tshwanetseng go bo nwa, mme a ba naya merogo.
17Ka ga makau a mane ao, Modimo wa ba naya kitso le maano mo thutong yotlhe le botlhale; mme Daniele o na a na le tlhaloganyo mo diponatshegelong tsotlhe le mo ditorong.
18E rile malatsi a sena go feta, a kgosi e ne e laotse gore ba leriwe ka one, kgosana ya baopafadiwi ya ba isa mo teng fa pele ga Nebukatenesare. 19Kgosi ya bua nabo; mme mo go bone botlhe go se ka ga fitlhelwa bape ba ba tshwanang le Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria; ke gone ka moo ba ne ba ema fa pele ga kgosi. 20Mo dilong tsotlhe tsa botlhale le tlhaloganyo, tse kgosi e ba botsang ka ga tsone, ya ba fitlhela ba gaisa ga some baitseanape botlhe le dingaka tsotlhe tsa lefatshe lotlhe la yone. 21Mme Daniele a nna a tshela fela a ya go fitlha mo ngwageng wa ntlha wa kgosi Kurose.

Currently Selected:

DANIELE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy