YouVersion Logo
Search Icon

DANIELE 2

2
Toro ya ga Nebukatenesare
1E rile ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Nebukatenesare, Nebukatenesare a lora ditoro; mme mowa wa gagwe wa khidiega, le boroko jwa tloga mo go ene. 2Foo kgosi ya laola gore go bidiwe baitseanape, le dingaka, le baloi, le Bakalatea, gore ba tle go bolelela kgosi ditoro tsa yone. Jalo ba tsena ba ema fa pele ga kgosi. 3Mme kgosi ya ba raya ya re: “Ke lorile toro, mme mowa wa me o khidiegela go itse toro eo.” 4Foo Bakalatea ba bua le kgosi ka puo ya Sesiria ba re: “A kgosi e tshele ka bosakhutleng; bolelela batlhanka beno toro, mme re tlaa supa phuthololo.”
5Kgosi ya fetola Bakalatea ya ba raya ya re: “Selo seo se tlogile mo go nna; fa lo sa nkitsise toro le phuthololo ya yone, lo tlaa remaganngwa, le matlo a lona a tlaa ntshiwa thotobolo fela. 6Mme fa lo supa toro le phuthololo ya yone, lo tlaa amogela mo go nna dineo, le dituelo, le tlotlo e kgolo; ke gone, ntshupetsang toro le phuthololo ya yone.”
7Ba fetola lwa bobedi, ba re: “A kgosi e bolelele batlhanka ba yone toro, mme re tlaa supa phuthololo ya yone.”
8Kgosi ya ba fetola ya re: “Ke a itse sentle fa lo a bo lo rata go inaya lobaka, ka lo bona selo seo se tlogile mo go nna. 9Fa lo sa nkitsise toro, go na le taolo e le nngwe fela ka ga lona; gonne lo baakantse mafoko a maaka le a a bodileng go a bua fa pele ga me, go tle go tsamaye motlha o fetoge; ke gone mpolelelang toro, mme ke tlaa itse fa lo ka ntshupetsa phuthololo ya yone.”
10Bakalatea ba fetola fa pele ga kgosi ba re: “Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o ka supang selo se sa kgosi; ka go bo ga go na kgosi epe, le fa e le morena, le fa e le molaodi, yo o kileng a lopa sepe se se ntseng jalo mo go moitseanape, le fa e le mo ngakeng le fa e le mo Mokalateeng. 11Se kgosi e se lopang ke selo se sele fela, mme ga go na ope o sele yo o ka se supang fa pele ga kgosi, fa e se medimo fela, e bonno jwa yone bo seyong mo bathong.”
12Ka ntlha ya moo kgosi ya nna bogale, ya šakgala thata, ya laola gore go senngwe batlhale botlhe ba Babilone. 13Jalo taolo ya tswa, mme batlhale ba ne ba na le go bolawa fela; mme ba senka Daniele le bankana ba gagwe gore ba bolawe.
Modimo o bontsha Daniele tlhaloso ya toro
14Foo Daniele a busetsa karabo ka boikgakololo le botlhale kwa go Arioke mogolwane wa balebedi ba kgosi, yo o tsamaetseng batlhale ba Babilone go ba bolaya. 15A fetola Arioke, mogolwane wa balebedi ba kgosi, a re: “Ana ke ka ntlha yang taolo e tswa mo kgosing ka potlako jaana?” Foo Arioke a itsise Daniele selo seo.
16Mme Daniele a tsena, a ya go lopa kgosi gore a mo neye lobaka, mme o tlaa supetsa kgosi phuthololo. 17Foo Daniele a ya kwa ntlong ya gagwe, mme selo seo a se itsise bankana ba gagwe, Hanania, le Mišaele, le Asaria; 18gore ba lope mautlwelo botlhoko mo Modimong wa legodimo ka ga bosaitsiweng jo; gore Daniele le bankana ba gagwe ba se ka ba nyelela le batlhale ba bangwe ba Babilone. 19Foo bosaitsiweng joo jwa senolelwa Daniele ka ponatshegelo ya bosigo. Foo Daniele a baka Modimo wa legodimo.
20Daniele a bua a re:
“A leina la Modimo le bakwe
ka bosakhutleng le ka bosaengkae;
gonne botlhale ke jwa one le thata.
21O fetola metlha le dipaka;
o tlose dikgosi,
o bo o tlhome dikgosi;
o neye batlhale botlhale;
le kitso o e neye
ba ba itseng tlhaloganyo.
22O senole dilo tse di boteng
le tse di sa itsiweng;
o itse se se mo lefifing,
le lesedi le agile nao.
23Ke a go leboga, ke a go baka,
Modimo wa borraetsho,
o o nneileng botlhale le nonofo,
gompieno o nkitsisitse
se re se go lopileng;
gonne o re itsisitse selo se sa kgosi.”
Daniele o bolelela Nebukatenesare toro ya gagwe, a ba a mo e tlhalosetsa
24Ke gone ka moo Daniele a ya a tsena kwa go Arioke, yo kgosi e mo laotseng go senya batlhale ba Babilone; a ya a mo raya jaana, a re: “O se ka wa senya batlhale ba Babilone; nkisa fa pele ga kgosi, mme ke tlaa supetsa kgosi phuthololo.”
25Foo Arioke a isa Daniele fa pele ga kgosi ka potlako, mme a e raya jaana, a re: “Ke bonye monna wa bana ba botshwaro jwa Juta, yo o tlaa itsiseng kgosi phuthololo.”
26Kgosi ya bua, ya raya Daniele yo leina la gagwe e ne e le Beletešasare ya re: “A o nonofile go nkitsise toro e ke e bonyeng le phuthololo ya yone?”
27Daniele a fetola fa pele ga kgosi a re: “Selo se se sa itsiweng se kgosi e se boditseng, go le batlhale, go le dingaka, go le baitseanape, go le baloi, ga ba kake ba se supetsa kgosi. 28Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme one o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tlaa dirafalang mo metlheng ya kwa bofelong. Toro ya gago, le diponatshegelo tsa tlhogo ya gago mo bolaong jwa gago ke tse:
29“Ka ga gago, kgosi, megopolo ya gago ya go tlela o le mo bolaong jwa gago, ke go re, dilo tse di tlaa namang di dirafala; mme yo o senolang dilo tse di sa itsiweng o go itsisitse dilo tse di tlaa dirafalang. 30Ka ga me, bosaitsiweng jo ga ke a bo senolelwa ka ntlha ya botlhale bongwe jo ke nang najo go feta batshedi ba bangwe, fa e se ka boikaelelo jwa gore phuthololo e itsisiwe kgosi, le gore o itse megopolo ya pelo ya gago.
31“Wena kgosi, o ne wa leba, mme bonang, ga bo go le setshwantsho se segolo. Setshwantsho seo sa ema fa pele ga gago, se nonofile thata, se bile se le phatsimo e e feteletseng; mme ponalo ya sone e ne e boitshega. 32Ka ga setshwantsho seo, tlhogo ya sone e ne e le gouta e e itshekileng, sehuba sa sone le mabogo a sone e ne e le selefera, mpa ya sone le dirope tsa sone e ne e le kgotlho; 33memo ya sone e ne e le tshipi, dinao tsa sone, ntlha nngwe e ne e le tshipi ntlha nngwe letsopa. 34Wa leba, ga tsamaya tshilo ya kabolwa e seng ka diatla, ya itaya setshwantsho mo dinaong tse e leng tsa tshipi le letsopa, mme la di thubaganya. 35Foo ga thubaganngwa tshipi le letsopa, le kgotlho le selefera, le gouta go le mmogo, mme tsa nna jaaka mmoko wa dibopi tsa pholelo tsa selemo; mme phefo ya di kgophola, mme di se ka tsa bonelwa bonno; tshilo eo e e iteileng setshwantsho, ya tla ya nna lefika le legolo, mme la tlala ka lefatshe lotlhe.
36“Ke yone toro; mme re tlaa bolela phuthololo ya yone fa pele ga kgosi. 37Wena kgosi, o kgosi ya dikgosi, yo Modimo wa legodimo o go neileng bogosi, le thata, le nonofo, le kgalalelo. 38Gongwe le gongwe kwa bana ba batho ba agileng gone, diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi, o di tsentse mo seatleng sa gago, mme o go neile taolo mo go tsone tsotlhe; ke wena tlhogo ya gouta. 39Morago ga gago go tlaa tsoga bogosi jo bongwe jo bobotlana mo go wena; le bogosi jo bongwe jwa boraro e le jwa kgotlho, jo bo tlaa nnang le taolo mo lefatsheng lotlhe. 40Bogosi jwa bone bo tlaa nna thata jaaka tshipi; ka tshipi e thubaganya, e fenya dilo tsotlhe; le jaaka tshipi e e thugang dilo tse tsotlhe, bo tlaa thubaganya bo thuga jalo.
41“E re ka o bonye dinao le menwana ya tsone, ntlha nngwe e le letsopa la mmopi, le ntlha e nngwe e le tshipi, e tlaa nna bogosi jo bo kgaoganyeng; mme go tlaa nna mo go jone thata ya tshipi, ka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga. 42E re ka menwana ya dinao e ne e le tshipi ntlha nngwe, le letsopa ntlha nngwe, jalo fela bogosi bo tlaa nna thata ntlha nngwe, le ntlha nngwe bo nne sepha. 43Mme ereka o bonye tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga, ba tlaa itlhakanya le losika lwa batho; mme ga ba ketla ba ngaparelana, fela jaaka tshipi e se ke e kgomaragana le letsopa. 44E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng. 45Ereka o bonye fa tshilo e kabotswe mo thabeng e seng ka diatla, le gone ya thubaganya tshipi, le kgotlho, le letsopa, le selefera, le gouta; Modimo o mogolo o itsisitse kgosi se se tlaa namang se dirafala, mme toro e tlhomame, le phuthololo ya yone ke ya mmaanete.”
Daniele o bona tebogo mo go Nebukatenesare
46Foo kgosi Nebukatenesare a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a obamela Daniele, a laola gore ba mo isetse seromololo le tse di lonko lo monate. 47Kgosi ya fetola Daniele, ya re: “Ammaaruri Modimo wa lona ke Modimo wa medimo, le Morena wa dikgosi, le mosenodi wa tse di sa itsiweng, ka e le fa o ne o nonofile go senola bosaitseweng jo.” 48Foo kgosi ya baya Daniele mogolo, ya mo naya dineo tse dikgolo di le dintsi, ya mo dira molaodi wa kgaolo yotlhe ya lefatshe la Babilone, le tlhogo ya batlhale botlhe ba Babilone. 49Mme Daniele a lopa kgosi, mme ya tlhoma Shaterake, le Mešake, le Abetenego balaodi ba ditiro tsa kgaolo ya lefatshe la Babilone. Daniele ene a bo a le mo ntlong ya kgosi.

Currently Selected:

DANIELE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy