YouVersion Logo
Search Icon

ESEKIELE 48

48
Kabalano ya lefatshe
1“Jaana maina a ditso ke a: Go tswa bokhutlong ntlheng ya botsheka go bapa le Hethelone go ya kwa botsenong jwa Hamathe, Hasare-enone fa molelwaneng wa Damaseko go ya kwa botsheka go bapa le Hamathe, ditlhakore tsa tsone di tlaa leba botlhabatsatsi le bophirimatsatsi. Dane kabelo e le nngwe fela.
2“Fa molelwaneng wa ga Dane, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi, Ašere; kabelo e le nngwe fela. 3Fa molelwaneng wa ga Ašere, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya fela ntlheng ya bophirimatsatsi; Nafetali, kabelo e le nngwe fela. 4Fa molelwaneng wa ga Nafetali, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; Manase, kabelo e le nngwe fela. 5Fa molelwaneng wa ga Manase, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; Eferaime, kabelo e le nngwe fela. 6Fa molelwaneng wa ga Eferaime, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya fela ntlheng ya bophirimatsatsi; Rubene, kabelo e le nngwe fela. 7Fa molelwaneng wa ga Rubene, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; Juta, kabelo e le nngwe fela.
8“Fa molelwaneng wa Juta, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi, a e nne seromololo se lo tlaa se isang, boatlhamo bo le ditlhaka di le 25 000, le boleele bo le kana ka kabelo nngwe, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; mme felo ga boitshepo go nne mo gare ga sone.
9“Seromololo se lo tlaa se isetsang Jehofa a e nne boleele jwa ditlhaka di le 25 000, le boatlhamo bo le 10 000. 10Seromololo se se itshepileng se, e tlaa nna sa bone bao, e bong sa baperesiti; go ya ntlheng ya botsheka boleele bo le 25 000, le go ya ntlheng ya bophirimatsatsi boatlhamo bo le 10 000, le go ya ntlheng ya botlhabatsatsi boatlhamo bo le 10 000, le go ya ntlheng ya borwa boleele bo le 25 000; mme felo ga boitshepo ga Jehofa a go nne mo gare ga sone. 11Go tlaa nna ga baperesiti ba ba itshepisitsweng ba bomorwa Satoke, ba ba ntseng ba tshegeditse tebelo ya me; ba ba se kang ba timela jale ka bana ba Iseraele ba timela, jaaka Balefi ba ne ba timela. 12E tlaa nna seromololo sa bone mo seromololong sa lefatshe, e le sengwe se se boitshepo jo bo itshepileng, fa molelwaneng wa Balefi. 13Go tshwaragana le molelwane wa baperesiti, a Balefi ba bone boleele bo le 25 000 le boatlhamo bo le 10 000 boleele bo le mmogo a bo nne 25 000, le boatlhamo 10 000. 14Mme ga ba ketla ba go rekisa, le fa e le go go ananya, le mabutswapele a lefatshe ga a ketla a newa batho ba sele; gonne go boitshepo Moreneng.
15“Mme 5 000 tse di setseng mo boatlhamong, fa pele ga 25 000 e tlaa nna ga tiro nngwe le nngwe fela, ga motse fela, ga go nnwa, le ga dintlhana tsa motse; mme motse o tlaa nna mo gare ga gone. 16Dilekanyo tsa teng e tlaa nna tse: Ntlheng ya botsheka 4 500, le ntlheng ya borwa 4 500, le ntlheng ya botlhabatsatsi 4 500, le ntlheng ya bophirimatsatsi 4 500. 17A motse o dire le dintlhana: Ntlheng ya botsheka 250, ntlheng ya borwa 250, ntlheng ya botlhabatsatsi 250, le ntlheng ya bophirimatsatsi 250. 18Mo go setseng ga boleele, mo go bapileng le seromololo se se itshepileng, a e nne 10 000 ntlheng ya botlhabatsatsi, le 10 000 ntlheng ya bophirimatsatsi; mme a go bape le seromololo se se itshepileng; mme totafalo ya teng e tlaa nna dijo tsa ba ba dirang mo motseng. 19Ba ba dirang mo motseng e le ba ba tswang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ba tlaa go lema.
20“Seromololo sotlhe fela e tlaa nna 25 000 ka 25 000; seromololo se se itshepileng lo se ise se le dintlha di le nne tse di lekalekanyeng, se na le boswa jwa motse.
21“Mo go setseng e tlaa nna ga kgosana ka fa ntlheng nngwe le nngwe ya seromololo se se itshepileng, le ga boswa jwa motse, fa pele ga 25 000 ba seromololo, ntlheng ya molelwane ka fa botlhabatsatsi, le ntlheng ya bophirimatsatsi fa pele ga 25 000 ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi, e le mo go bapileng le dikabelo, e tlaa nna ga kgosana; mme seromololo se se itshepileng le felo ga boitshepo ga ntlo go tlaa nna mo gare ga gone. 22Gape, go tswa mo bosweng jwa Balefi, le go tswa mo bosweng jwa motse, ka go le mo teng ga se e leng sa kgosana, fa gare ga molelwane wa Juta le molelwane wa Benjamine, e tlaa nna ga kgosana.
Lefatshe la merafe e sele
23“Ka ga ditso tse dingwe; go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; Benjamine, kabelo e le nngwe fela. 24Fa molelwaneng wa Benjamine go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; Simeone, kabelo e le nngwe fela. 25Fa molelwaneng wa Simeone, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; Isakare, kabelo e le nngwe fela. 26Fa molelwaneng wa Isakare, go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; Sebulone, kabelo e le nngwe fela. 27Fa molelwaneng wa Sebulone go tswa ntlheng ya botlhabatsatsi go ya ntlheng ya bophirimatsatsi; Gate, kabelo e le nngwe fela.
28“Fa molelwaneng wa Gate ka fa ntlheng ya borwa go ya kwa borwa, molelwane o tlaa tswa fela mo Tamare go ya kwa metsing a Meribathekateše kwa molatswaneng wa Egepeto, kwa lewatleng le legolo.
29“Leo ke lone lefatshe le lo tlaa le kgaoganyetsang ditso tsa Iseraele ka bola go nna boswa, mme tse ke tsone dikabelo tsa bangwe le bangwe, go bua Morena Modimo.
Dikgoro tsa Jerusalema
30 “A ke one matso a motse; mo ntlheng ya botsheka ditlhaka di le 4 500 ka selekanyo: 31Dikgoro tsa motse a di rewe maina a ditso tsa Iseraele; ntlheng ya botsheka dikgoro di le tharo; kgoro ya ga Rubene, nngwe fela; kgoro ya ga Juta, nngwe fela; kgoro ya ga Lefi, nngwe fela. 32Mo ntlheng ya botlhabatsatsi ditlhaka di le 4 500; le dikgoro di le tharo: e bong kgoro ya ga Josefe, nngwe fela; kgoro ya ga Benjamine, nngwe fela; kgoro ya ga Dane, nngwe fela. 33Mo ntlheng ya borwa ditlhaka di le 4 500 ka selekanyo; le dikgoro di le tharo; kgoro ya ga Simeone, nngwe fela; kgoro ya ga Isakare, nngwe fela; kgoro ya ga Sebulone, nngwe fela. 34Mo ntlheng ya bophirimatsatsi, ditlhaka di le 4 500, ka selekanyo, le dikgoro tsa tsone tse tharo; kgoro ya ga Gate, nngwe fela; kgoro ya ga Asere, nngwe fela; kgoro ya ga Nafetali, nngwe fela. 35Mme o tlaa nna ditlhaka di le 18 000; mme go tswa mo tsatsing leo leina la motse le tlaa rewa go twe, Jehofa o gone.”

Currently Selected:

ESEKIELE 48: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy