YouVersion Logo
Search Icon

BAKOLOSA 1

1
Tumediso
1Ke nna Paulo, moaposetole wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo, ke na le Timotheo mokaulengwe wa rona.
2Re kwalela baitshepi le bakaulengwe ba ba ikanyegang mo go Keresete, ba ba kwa Kolosa. Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang Modimong Rra wa rona.
Paulo o rapelela Bakeresete ba Kolosa
3Re leboga Modimo Rra Morena wa rona Jesu Keresete; re lo rapelela ka metlha yotlhe. 4Re utlwile ka ga tumelo ya lona mo go Keresete Jesu, le go rata baitshepi botlhe mo lo nang nago, 5ka ntlha ya tsholofelo e lo e beetsweng kwa magodimong, e lo utlwileng ka ga yone gale mo lefokong la boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo, 6le le fitlhileng koo go lona. Fela jaaka mo lefatsheng lotlhe le ntse le ungwa le totafala, jaaka le dira le mo go lona, e sa le ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa ba lwa itse tshegofatso ya Modimo ka boammaaruri; 7 fela jaaka lo utlwile mo go Epaferase motlhanka ka rona yo o rategang, yo e leng modiredi yo o ikanyegang wa ga Keresete mo boemong jwa rona. 8E bile o re boleletse lorato lwa lona mo Moweng.
9Ke gone ka moo le rona, e sa le ka letsatsi le re utlwileng ka lone, re sa khutleng go lo rapelela, le go lo lopela gore lo ke lo tladiwe ka kitso ya mo e leng go rata ga gagwe, mo botlhaleng jotlhe jwa semowa, le mo tlhaloganyong; 10gore lo tsamaye mo go tshwanetseng Morena, lo ntse lo kgatlha gotlhe, lo ungwa mo ditirong tsotlhe tse di molemo, lo totafala mo kitsong ya Modimo. 11Lo nonotshiwe ka nonotsho yotlhe, ka fa nonotshong ya kgalalelo ya one, gore lo nne pelotelele yotlhe le boitshoko ka boitumelo; 12lo ntse lo ntshetsa Rara malebogo, ene yo o re tshwaneditseng, gore re nne baabedwi ba boswa jwa baitshepi mo leseding; 13yo o re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one; 14 yo re nang le thekololo ya rona mo go ene, e bong boitshwarelo jwa dibe tsa rona.
Bogolo jwa Modimo
15Ene yo e leng setshwano sa Modimo o o sa bonweng, e le ene motsalwapele mo lobopong lotlhe; 16gonne dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng, le fa e ka ne e le manno a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magosana, kgotsa mebuso, dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene; 17e bile ene o ntse pele ga dilo tsotlhe, dilo tsotlhe di bile di tshwaraganye mo go ene. 18 Ke ene tlhogo ya mmele, e bong phuthego; ene yo e leng tshimologo, le motsalwapele go tswa mo baswing; gore mo dilong tsotlhe, ene a bone boemo jo bo kwa pele. 19Gonne e ne e le mo go kgatlhileng Rara, gore botlalo jotlhe bo age mo go ene; 20 le gore a itetlanyetse dilo tsotlhe ka ene, ka a dirile kagiso ka madi a mokgoro wa gagwe; ka re, ka ene, le fa e ka ne e le dilo tse di mo lefatsheng, kgotsa dilo tse di kwa magodimong.
21Le lona, ka e rile mo motlheng o o fetileng lwa bo lo ikgogonne lo le baba mo pelong tsa lona, mo tirong tsa lona tse di bosula, 22le fa go ntse jalo jaanong, o lo letlile mo mmeleng wa gagwe wa senama, ka loso, gore a tle a lo beye fa pele ga gagwe lo le boitshepo, lo se na selabe, lo se na bonyadio; 23ke raya fa lo nnela ruri mo tumelong, lo nitame lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Mafoko a a Molemo a lo a utlwileng, a a reretsweng lobopo lotlhe tlase ga legodimo; a nna Paulo ke dirilweng modiredi wa one.
Tirelo ya ga Paulo mo phuthegong
24Jaana ke a itumela mo matlhokong a ke a utlwisiwang ka ntlha ya lona mme, mo ntlheng ya me, ke tlatsa mo nameng ya me mo go sa tlalang ga dipogiso tsa ga Keresete, ka ntlha ya mmele wa gagwe, o e leng phuthego; 25e ke dirilweng modiredi wa yone ka fa tebalebelong ya Modimo, e ke e neilweng ka ga lona, go tla ke dirafatsa lefoko la Modimo, 26e bong bosaitsiweng jo bo sa leng bo lobelwa metlha yotlhe le ditshika tsotlhe, mme gompieno bo senoletswe baitshepi ba one, 27ba go kgatlhileng Modimo go ba itsise yo e leng letlotlo la kgalalelo ya bosaitseweng jo mo go Baditšhaba, yo e leng Keresete mo go lona, tsholofelo ya kgalalelo; 28yo re mmolelang, re laya motho mongwe le mongwe, re ruta motho mongwe le mongwe ka botlhale jotlhe, gore re tle re beye motho mongwe le mongwe a itekanetse mo go Keresete; 29kwa le gone ke direlelang teng, ke leka ka thata ka fa go direng ga gagwe yo o dirang ka nonofo mo go nna.

Currently Selected:

BAKOLOSA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy