YouVersion Logo
Search Icon

BAFILIPI 4

4
Ditaelo
1Ke gone bagaetsho ba ba rategang, le ba ba tlhologeletsweng boitumelo jwa me, le serwalo sa me, ka re, baratwa ba me, emang ka tlhomamo jalo mo Moreneng.
2Ke laya Euodia, ke laya Senthuke, gore ba nne pelo nngwe fela mo Moreneng. 3Ee, le wena ke a go rapela, mmelegajokwe ka nna wa mmaanete, ka re, thusa basadi bao, gonne ba kile ba dira le nna mo Mafokong a a Molemo, le ene Kelemente, le ba bangwe badiri ka nna, ba maina a bone a mo lokwalong lwa botshelo.
4Itumeleng mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke tlaa ba ke re: Itumeleng.
5A boiphapaanyo jwa lona bo itsiwe mo bathong botlhe. Morena o gaufi. 6Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo. 7Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.
8Sa bofelo, bagaetsho, dilo tsotlhe tsa boammaaruri, dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go tlotlwa, dilo tsotlhe tse di itshekileng, dilo tsotlhe tse di rategang, dilo tsotlhe tse di bolelwang ka molemo; fa go na le molemo mongwe, fa go na le pako, lo gopole dilo tse. 9Dilo tse lo di ithutileng, lwa ba lwa di amogela, lwa ba lwa di utlwa, lwa ba lwa di bona mo go nna, dilo tseo, lo di dire; mme Modimo wa kagiso o tlaa nna le lona.
Go lebogela dimpho tsa Bafilipi
10Ke itumela thata mo Moreneng, ka jaana lo bile lo tsosolositse mogopolo wa lona ka ga me; le gale lo kile lwa nna lwa nkgopola, mme lwa tlhoka lobaka. 11Ga se go re ke bua ka ga go tlhoka; gonne ke ithutile gore, le fa ke ka nna mo popegong e e ntseng jang, ke be ke itumele fela mo go yone. 12Go kokobediwa ke a go itse, le go huma ke a go itse; mo go sengwe le sengwe, le mo dilong tsotlhe ke ithutile bokwateng jwa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhoka. 13Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang. 14Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo ikopantse le nna mo pitlaganong ya me. 15 Le lona ka losi lo a itse, lona Bafilipi, fa e rile mo tshimologong ya Mafoko a a Molemo, jale ka ke tloga mo Maketonia, go se ka ga dira le epe phuthego e e ikopantseng le nna mo tirong ya go aba le go amogela, fa e se lona fela; 16 gonne le mo Thesalonika lo kile lwa nna lwa roma gangwe le gape go nthusa mo go tlhokeng ga me. 17Ga se go re ke batla mpho; mme ke batla loungo lo lo tlaa totafalelang lona. 18 Ke na le dilo tsotlhe, ke bile ke atlanegetswe, ke kgotshe, ka ke amogetse mo go Epaferodito dilo tse di tswang koo go lona, e le lonko lo lo nkgang monate, e le setlhabelo se se lebosegang, se se kgatlhang Modimo. 19Modimo wa me o tlaa lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, ka fa lohumong lwa one mo kgalalelong mo go Keresete Jesu. 20Jaana, a kgalalelo e nne go Modimo le Rra wa rona ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae. Amen.
Ditumediso tsa bofelo
21Dumedisang moitshepi mongwe le mongwe mo go Keresete Jesu. Bakaulengwe ba ke nang nabo ba a lo dumedisa. 22Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa, segolo bone ba e leng ba ntlo ya ga Kaesare.
23A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le mewa ya lona.

Currently Selected:

BAFILIPI 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy