YouVersion Logo
Search Icon

BAKOLOSA 2

2
1Gonne ke rata lwa itse ka fa ke lekang ka thata ka teng ka ntlha ya lona, le ka ntlha ya ba ba kwa Laodikea, le botlhe, ba ba iseng ba bone sebele sa me; 2gore dipelo tsa bone di ke di gomotsege; e re ba logaganye mo loratong, ba bile ba na le boitlhomamiso jo bo tletseng jwa tlhaloganyo, ba ke ba itse bosaitsiweng jwa Modimo, e bong Keresete, 3yo lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fithilweng mo go ene.
4Ke bua jalo gore ope a se ka a lo fora ka bofatshwa jwa puo. 5Gonne le fa ke se koo go lona ka sebele sa me, ke na le lona mo moweng, ke itumela ke bile ke lebile thulaganyo ya lona, le go tia ga tumelo ya lona mo go Keresete.
6Ke gone, jaaka lo amogetse Keresete Jesu Morena, lo tsamaye mo go ene fela jalo. 7Lo namile medi, lo bile lo agilwe mo go ene, lo tlhomamisitswe mo tumelong ya lona, fela jaaka lo rutilwe, lo ntse lo leboga thata mo go yone.
Go lemoga Bomodimo mo go Keresete
8Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete. 9Gone go agile botlalo jotlhe jwa Bomodimo sebele fela mo go ene. 10E bile lona lo tladitswe mo go ene yo e leng tlhogo ya bogosana jotlhe le nonofo.
11Yo lo bileng lo rupisitswe mo go ene ka thupiso e e sa dirwang ka diatla, e bong mo go apoleng mmele wa senama, mo thupisong ya ga Keresete; 12 ka lo kile lwa fitlhwa nae mo kolobetsong, mo le gone lo tsositsweng nae mo go yone ka tumelo mo go direng ga Modimo, o o mo tsositseng mo baswing. 13 Mme lona, ka lo ne lo sule ka ntlha ya ditlolo tsa lona, le ka go tlhoka go rupisiwa ga nama ya lona, ka re, lona, o lo rudisitse nae, ka o re itshwaretse ditlolo tsotlhe tsa rona; 14 wa senya lokwalo lwa kgolego lo lo kwadilweng mo melaong, lo lo re pegang molato, lo a re sekisa; o lo tlositse, wa lo kokothela mo mokgorong. 15Mme o rile a sena go itlhotlhora magosana le bathati, a ba supa mo ponatshegong, a ba jela koma mo go one mokgoro.
Go swa le go tshela le Keresete
16 Ke gone a ope a se ka a lo nyatsa ka ga go ja, le fa e le go nwa, le fa e le ka ga letsatsi la modiro, le fa e le ka ga kgwedi e e rogwang, le fa e le ka ga letsatsi la Sabata; 17e le dilo tse e leng meriti ya dilo tse di tlang; mme mmele ke wa ga Keresete. 18Ope a se ka a lo tseela sebeelwa kgaiso ka boikokobetso jwa gagwe fela, le ka go obamela baengele, a kgantsha dilo tse o di bonyeng, a budulositswe mabela a lefela ke pelo ya gagwe ya senama; 19 a sa ngaparele yo e leng Tlhogo, yo mmele otlhe o golang ka kgolo ya Modimo ka ene, ka go logaganngwa ka malokololo le mesifa ya one mmele.
20Fa lo ne lo sule le Keresete ka ga ditlhaka tsa kitso ya lefatshe, ke ka ntlha yang fa e bo ne ne lo ineela mo melaong, jaaka e kete lo sa ntse lo tshedile mo lefatsheng, jaaka go twe: 21“Se tshwareng se ka diatla, se lekeng se ka molomo, se ameng sele!” 22ka fa ditaolong le dithutong tsa batho, mme go rewa dilo tse di nang le go senyega tsotlhe mo go tshwarweng. 23Le gale, ke dilo tse di nang le setshwantsho sa botlhale mo kobamelong e e itaolelwang ke motho, le mo boikokobetsong, le mo go tlhokeng go rekegela mmele; mme ga di na thuso go thiba kgatlhego ya nama.

Currently Selected:

BAKOLOSA 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy