YouVersion Logo
Search Icon

1 BATHESALONIKA 1

1
Tumediso
1 Ke nna Paulo, ke na le Silefano le Timotheo, re kwalela phuthego ya Bathesalonika e e mo go Modimo Rara, le mo go Morena Jesu Keresete: A tshegofatso e nne le lona le kagiso.
Botshelo le tumelo ya Bathesalonika
2Re ntshetsa Modimo malebogo ka metlha yotlhe ka ga lona lotlhe, re ntse re lo umaka mo merapelong ya rona. 3Ga re khutle go gopola tiro ya lona ya tumelo, le madiriso a lorato, le bopelotelele jwa tsholofelo, mo go Morena wa rona Jesu Keresete, fa pele ga Modimo le Rra wa rona; 4ka re itse go itshenkelwa ga lona, bagaetsho ba ba rategang mo Modimong. 5Jaaka Mafoko a a Molemo a rona a se ka a tla mo go lona ka puo fela, mme a tla le ka nonofo, le ka Mowa o o Boitshepo, le ka botlalo jo bogolo; fela jaaka lo itse ka fa re itshupileng mo go lona ka teng gore re batho ba ba ntseng jang ka ntlha ya lona. 6 Lo tlogile lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, ka lo amogetse lefoko mo pogisong e kgolo, mmogo le boitumelo jwa Mowa o o Boitshepo; 7lwa ba lwa tswa sekao, sa botlhe ba ba dumelang mo Maketonia le mo Akaia. 8Gonne lefoko la Morena la tswa mo go lona la tumela, e seng kwa Maketonia le Akaia go le gosi, mme tumelo ya lona ntlheng ya Modimo e tswetse ntlheng tsotlhe; jalo re bo re sa tlhole re na le go bua sepe. 9Gonne le bone ka bosi ba bolela ka ga rona, go tsena ga rona mo go lona, ka fa go ne go ntse ka teng; le ka fa lo kgaoganyeng le medimo ya disetwa ka teng, lwa sokologela mo Modimong, go direla Modimo o o tshedileng le o o boammaaruri; 10le go lebelela Morwa one go tswa legodimong, yo Modimo o mo tsositseng mo baswing, e bong Jesu, yo o re gololang mo bogaleng jo bo tlang.

Currently Selected:

1 BATHESALONIKA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy