YouVersion Logo
Search Icon

BAKOLOSA 4

4
1 Beng ba batho, direlang batlhanka ba lona ka se e leng tshiamo le tekanyo, lo ntse lo itse fa le lona lo na le Mong kwa legodimong.
Ditaelo
2Tswelelang ka tlhomamo mo thapelong, lo ntse lo lebeletse mo go yone ka go ntsha malebogo. 3Le rona lo bo lo ntse lo re rapelela gore Modimo o ke o re bulele kgoro ya lefoko, gore re bue bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo ke bileng, ke le mo dikgoleng ka ga jone; 4gore ke tle ke bo bonatse, jaaka ke tshwanetse go bua.
5 Ba ba kwa ntle lo ba tsamaele ka botlhale, lo ntse lo swela lobaka molemo. 6A puo ya lona e nne ntle ka metlha yotlhe, e lokilwe ka letswai, gore lo tle lo itse ka fa lo tshwanetseng go fetola mongwe le mongwe ka teng.
Ditumediso tsa bofelo
7 Go tshela ga me gotlhe lo tlaa go itsisiwe ke Tukiko, yo e leng mokaulengwe yo o rategang, le modiredi yo o ikanyegang, le motlhanka ka nna mo Moreneng. 8Ke mo romile koo go lona ka gone moo, gore lo itse ka fa re ntseng ka teng, le gore a gomotse dipelo tsa lona. 9 O na le Onesimo wa mokaulengwe yo o ikanyegang, yo o rategang, yo e leng mongwe wa lona. Ba tla lo itsise dilo tsotlhe tse di dirwang mono.
10 Arisetareko mogolegwa ka nna, o a lo dumedisa, le Mareko ntsalae Barenabase, yo lo bonyeng ditaetso ka ga gagwe; fa a fitlha koo go lona, lo mo amogele. 11Le Jesu, yo o bidiwang Juseto, ba e leng ba bogwera; ke bone bosi badiri ka nna mo bogosing jwa Modimo, e le banna ba ba ntseng ba le kgomotso mo go nna.
12 Epaferase yo e leng mongwe wa lona, e bile e le motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa, a ntse a lo tlhoafaletse ka metlha yotlhe mo merapelong ya gagwe, gore lo ke lo eme lo itekanetse, lo nne tlhomamo e e tletseng mo go rateng gotlhe ga Modimo. 13Gonne ke supa ka ga gagwe fa a na le thekisego e kgolo ka ga lona, le ka ga ba Laodikea, le ka ga ba Hierapolise. 14 Luke, ngaka e e rategang, le Demase, ba a lo dumedisa.
15Dumedisang bakaulengwe ba ba kwa Laodikea, le boNimefase, le phuthego e e mo ntlong ya bone. 16E tlaa re lokwalo lo, lo sena go balwa mo go lona, lo dire gore lo balwe le mo phuthegong ya Balaodikea; le gore lona lo bale lokwalo lo lo tswang Laodikea. 17 Lo reye Arekipo lo re: “O tlhokomele tirelo e o e amogetseng mo Moreneng, gore o tle o e dirafatse.”
18Tumediso ya me Paulo e kwadilwe ka seatla sa me. Gopolang dikgolego tsa me. Tshegofatso e nne le lona.

Currently Selected:

BAKOLOSA 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy