YouVersion Logo
Search Icon

1 BATHESALONIKA 2

2
Tirelo ya ga Paulo kwa Thesalonika
1Gonne lona ka losi bagaetsho, lo a itse go tsena ga rona mo go lona, fa go fitlhetswe e se lefela: 2 Mme e rile ka re ne re utlwile botlhoko gale, ra ba ra dirwa dilo tsa botlhabisa ditlhong kwa Filipi, jaaka lo itse, ra sosologela pele mo Modimong wa rona go bua le lona Mafoko a a Molemo a Modimo, re le mo ntweng e kgolo. 3Gonne go laya ga rona ga go tswe mo go timeleng, le fa e le mo lesweng, le fa e le mo bolotsaneng; 4mme fela jaaka re kailwe boikanngo ke Modimo go neelwa Mafoko a a Molemo, re bua jalo; e seng gore re kgatlha batho, fa e se Modimo fela o o lekang dipelo tsa rona. 5Gonne le gone ga re ise re ke re fitlhelwe gope re bua mafoko a a borethe, jaaka lo itse, le fa e le go itirela seipato sa go ikhumisa; Modimo ke mosupi; 6le fa e le go batla tlotlo mo bathong, le fa e le mo go lona, le fa e le mo go ba bangwe, le mororo go ne go re lekanye fela go lo rwesa bokete, ka re le baaposetole ba ga Keresete. 7Re ne re le bonolo mo gare ga lona, jaaka fa moamusi a ngomaela bana ba e leng ba gagwe; 8fela jalo, e re ka re ne re lo tlhoafaletse ka lorato, ra bo re itumela go lo naya, e seng Mafoko a a Molemo a Modimo a le osi, le e leng mewa ya rona, ka lo ne lo setse lo ratwa ke rona thata. 9Gonne lo a gakologelwa, bagaetsho, mofufutso wa rona le thekisego, e ne ya re re ntse re dira bosigo le motshegare, gore re tle re se ka ra imela ope wa lona, ra lo rerela Mafoko a a Molemo a Modimo.
10Lo basupi, le one Modimo, ka fa re ne re ntse ka teng mo go lona ba lo dumelang, ka boitshepo, le tshiamo, le ka mo go se nang molato, 11jaaka lo itse ka fa re diretseng mongwe le mongwe wa lona ka teng, jaaka rrabana a tle a direle bana ba gagwe, ra lo laya, ra lo nametsa, ra supa, 12gore lo tsamaye mo go tshwanetseng Modimo, o o lo biletsang mo bogosing jo e leng jwa one le mo kgalalelong ya one.
13Ke gone ka ntlha ya moo re bileng re sa khutle go ntshetsa Modimo malebogo, ka gobo e rile lo tshola lefoko la taetso mo go rona, e bong lefoko la Modimo, lwa le amogela e seng jaaka lefoko la batho, fa e se jaaka lefoko la Modimo fela, jaaka e le lone ruri, le le bileng le dira mo go lona ba lo dumelang. 14 Gonne lona, bagaetsho, lo tlogile lwa nna baetsi ba diphuthego tsa Modimo tse di mo Jutea mo go Keresete Jesu; gonne le lona lo bogisitswe dilo tse bone ba di utlwisitsweng botlhoko ke Bajuta; 15 ba ba bolaileng Morena Jesu le baperofeti, le rona ba re leleka, ba sa kgatlhe Modimo, ba le kgang le batho botlhe; 16ba re itsa go bua le Baditšhaba gore ba bolokwe; e le gore ba tle ba nne ba tlatse dibe tsa bone, mme bogale jo bo feteletseng bo tsile mo go bone.
Keletso ya ga Paulo go etela phuthego gape
17Mme rona, bagaetsho, ka re kgaogantswe le lona ka lobakanyana, mo mmeleng, e seng mo pelong, ra leka mo gogolo thata go lo bona difatlhogo ka tlhologelelo e kgolo. 18Ka re ratile re ka bo re ile koo go lona, e bong nna Paulo, gangwe le gape; mme Satane a re kgoreletsa. 19Gonne tsholofelo ya rona e be e le eng, kgotsa boitumelo jwa rona, le fa e le serwalo sa boipelafatso? A ga se lona fela, fa pele ga Morena wa rona Jesu, mo go tleng ga gagwe? 20Gonne ke lona kgalalelo ya rona, le boitumelo jwa rona.

Currently Selected:

1 BATHESALONIKA 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy