YouVersion Logo
Search Icon

MATHEO 27

27
Jesu o isiwa kwa go Pilato
(Mar. 15:1; Luka 23:1,2; Joh. 18:28-32)
1E rile boo sa, baperesiti ba bagolo botlhe le bagolo ba morafe ba utlwana ka ga Jesu gore ba mmolae. 2Ya re ba sena go mo golega, ba eta ba mo goga, ba mo neela Pontio Pilato, molaodi.
Jutase o a ipolaya
(Dit. 1:18,19)
3Jaanong Jutase yo o mo tshwarisitseng, ya re a bona gore Jesu o atlhotswe, a ikwatlhaya, a busetsa diselefera tse di 30 kwa baperesiting ba bagolo le bagolong ba morafe 4a re: “Ke leofile, ka ke tshwarisitse motho yo o se nang molato.”
Bona ba re: “Ga re na sepe le tseo. A go bone wena!”
5Ke fa a latlhela diselefera mo Tempeleng, a tsamaya a ya a ipeta.
6Baperesiti ba bagolo ba tsaya diselefera tseo ba re: “Ga go a letlelelwa go di tsenya mo letloleng la dikabelo, ka e le tuelo ya madi.” 7Ya re ba sena go utlwana, ba reka naga ya mmopi wa dipitsa ka tsona go fitlha baeng mo go yona. 8Ke ka moo naga eo e bidiwang “Naga ya Madi,” go fitlhelela kajeno.
9Ya baa gona go dirafalang se se builweng ke moporofeti Jeremia, a re: “Ka tsaya diselefera tse di 30 mo Baiseraeleng, e le tlhwatlhwa ya yo o kailweng, yo batho ba neng ba mo kaya jalo. 10Ba di ntshetsa naga ya mmopi wa dipitsa, jaaka Morena a ntaetse.”
Jesu fa pele ga Pilato
(Mar. 15:2-5; Luka 23:3-5; Joh. 18:33-38)
11Jaanong Jesu a emisiwa fa pele ga molaodi. Molaodi a mmotsa a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?”
Jesu a re: “O bolela jalo.” 12Mme ya re a bewa molato ke baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe, a se ka a fetola sepe.
13Ke fa Pilato a mo raya a re: “A ga o utlwe tse dintsi tse ba di supang ka ga gago?”
14Mme a se ka a araba lefoko lepe la gagwe, mo molaodi o bileng a gakgamala thata.
Jesu o a atlholwa go bolawa
(Mar. 15:6-15; Luka 23:13-25; Joh. 18:39 – 19:16)
15Molaodi o ne a tlwaetse gore ka moletlo a gololele batho mogolegwi yo ba mmatlang. 16Ya re ka sebaka seo ba bo ba na le mogolegwi mongwe yo o tumileng ka bosula, yo o bidiwang Barabase. 17Jaanong ya re ba phuthegile, Pilato a ba raya a re: “Lo rata ka lo gololela mang, a Barabase gongwe Jesu yo o bidiwang Keresete?” 18A re jalo, gonne o ne a itse gore ba mo neetse tshekong ka lefufa.
19Ya re a ntse mo sedulong sa katlholo, mosadi wa gagwe a roma go ene a re: “O se ka wa nna le sepe le mosiami yoo; gonne ke bogile tse dintsi bosigong jono mo torong ka ntlha ya gagwe.”
20Mme baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba tlhotlheletsa batho gore ba kope Barabase, mme ba bolae Jesu. 21Molaodi a ba botsa a re: “Lo rata ka lo gololela ofe mo go ba babedi ba?”
Ba re: “Barabase!”
22Pilato a ba a ba botsa a re: “Mme jaanong ke tla dirang ka Jesu yo o bidiwang Keresete?”
Botlhe ba re: “A a bapolelwe sefapaanong!”
23Ene a re: “Kana o dirile bosula bofe?” Mme ba goa thata thata ba re: “A a bapolelwe sefapaanong!”
24Ya re Pilato a bona gore o a palelwa, mme bogolo go bile go tsoga pheretlhego, a tsaya metsi, a tlhapa diatla fa pele ga batho a re: “Ga ke na molato mo mading a mosiami yo; a go bone lona.”
25Morafe otlhe wa araba wa re: “Madi a gagwe a a wele rona le bana ba rona!”
26Ke fa a ba gololela Barabase. Ya re a sena go seola Jesu, a mo ba neela gore a bapolwe.
Jesu o sotlwa ke batlhabani
(Mar. 15:16-20; Joh. 19:2,3)
27Jaanong batlhabani ba molaodi ba tsenya Jesu mo kagong ya molaodi, ba phuthela mophato otlhe kwa go ene, 28ba mo apola diaparo, ba mo apesa kobo e khibidu; 29ba loga kgare ya mitlwa, ba e mo rwesa mo tlhogong, ba mo tshwarisa lotlhaka ka letsogo le le jang, ba khubamela fa pele ga gagwe, ba mo sotla ba re: “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” 30Ba mo kgwela mathe, ba tsaya lotlhaka, ba mo rutha mo tlhogong. 31Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo, ba mo apesa diaparo tsa gagwe, ba tsamaya ba mo goga gore ba mmapolele sefapaanong.
Jesu o a bapolwa
(Mar. 15:21-32; Luka 23:26-43; Joh. 19:17-27)
32Ya re ba tswela kwa ntle, ba bona motho mongwe wa Kirene yo leina la gagwe e leng Simone; ba mo pateletsa gore a mo sikarele sefapaano. 33Ya re ba sena go fitlha felong fa go bidiwang Golegotha, ke go re, “Felo ga logata,” 34ba mo naya weine e tlhakantswe le santlhokwe, gore a nwe; mme ya re a sena go e leka, a gana go e nwa.
35Ya re ba sena go mmapola, ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di tlhamela tengwa, e le gore go dirafale se se builweng ke moporofeti a re: “Ba kgaoganye diaparo tsa me; mme kobo ya me ba e tlhamela tengwa.” 36Jaanong ba nna fatshe foo, ba mo lebelela. 37Fa godimo ga tlhogo ya gagwe ba pega sekwalo sa molato wa gagwe se re: “YO KE JESU KGOSI YA BAJUTA.” 38Ga bapolwa nae dinokwane tse pedi, sengwe ka fa letsogong le le jang, se sengwe ka fa go la molema.
39Jaanong ba ba fetang ba mo kgala, ba thukhutha ditlhogo 40ba re: “Wena yo o rileng o ka senya Tempele, wa ba wa e tsosa ka malatsi a le mararo, ipholose! Fa o le Morwa Modimo, fologa mo sefapaanong!”
41Baperesiti ba bagolo le bone, mmogo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe, ba mo sotla fela jalo ba re: 42“O ne a thusa ba bangwe, mme ene o palelwa ke go ithusa. Fa e le ene Kgosi ya Iseraele, a a fologe jaanong mo sefapaanong, re tle re dumele mo go ene. 43O ikantse Modimo; a o mo golole jaanong, fa o mo rata; gonne o rile: ‘Ke Morwa Modimo.’ ”
44Dinokwane tse di bapotsweng nae le tsone tsa mo kgoba fela jalo.
45Go tloga ka nako ya motshegare ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro ya thapama. 46Ya re e ka ne e le ka nako ya boraro thapama, Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eli, Eli, lama sabagathani?” Ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?”
47Bangwe ba bone ba ba emeng teng, ya re ba utlwa, ba re: “O bitsa Elia.” 48Mongwe wa bone a akofa, a siana, a tsaya ngami, a e ina mo motatseng, a e tlhomela mo lotlhakeng, a mo nosa.
49Ba bangwe ba re: “Lesa, re boneng gore a Elia o tla tla, a mo golola.”
50Mme Jesu a goa gape ka lentswe le legolo, a ba a ntsha mowa.
51Foo lesire la Tempele la gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; lefatshe la roroma, mafika a fatoga; 52diphupu tsa bulega, mebele e mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ya tsosiwa, 53ba tswa diphupung morago ga tsogo ya gagwe, ba tsena mo motseng o o boitshepo, ba bonwa ke ba le bantsi.
54Mme molaodi-wa-lekgolo le ba ba lebeletseng Jesu nae, ya re ba bona thoromo ya lefatshe le tse di dirafalang, ba boifa thata ba re: “Ammaaruri, yo e ne e le Morwa Modimo.”
55Basadi ba bantsi ba bo ba le teng foo, ba lebile ba le kwa kgakala, e le ba ba setseng Jesu morago go tswa Galelea go mo direla. 56Mo go bone ga bo go le Maria Magtalena, le Maria, mma Jakobo le Jose, le mma bomorwa Sebeteo.
Phitlho ya ga Jesu
(Mar. 15:42-47; Luka 23:50-56; Joh. 19:38-42)
57E rile go le maitsiboa, ga tla motho mongwe wa mohumi wa Arimathea, yo leina la gagwe e leng Josefa, yo le ene e neng e le morutwa wa ga Jesu. 58Yo a ya kwa go Pilato, a kopa serepa sa ga Jesu. Pilato a rebola gore a se neelwe. 59Josefa a tsaya serepa, a se phuthela ka lesela le lentle le lesweu, 60a se baya mo lebitleng le lešwa la gagwe, le o neng a le gabile mo lefikeng. Ya re a sena go pitikela lentswe le legolo mo mojakong wa phupu, a tloga. 61Maria Magtalena a bo a le teng, le Maria yo mongwe, ba ntse ba lebaganye le phupu.
Ba ba disitseng phupu ya ga Jesu
62Ya re kamoso, e le letsatsi le le latelang la iketleetso, baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba phuthegela kwa go Pilato 63ba re: “Morena, re gakologelwa gore e rile motsietsi yoo a sa ntse a phela, a re: ‘Morago ga malatsi a le mararo ke tla tsoga.’ 64Jaanong he, laola gore phupu e disiwe go ya letsatsing la boraro, e se re gongwe barutwa ba gagwe ba tla, ba mo utswa, ba raya batho ba re: ‘O tsogile mo baswing,’ mme tsietso ya morago ya tla ya sulafala bogolo go ya ntlha.”
65Pilato a ba raya a re: “Lekoko la badisa ke leo; tsamayang lo e dise ka fa lo kgonang ka teng.”
66Foo ba tsamaya. Ya re ba sena go kana lentswe, ba disa phupu ka lekoko la badisa.

Currently Selected:

MATHEO 27: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy