YouVersion Logo
Search Icon

MATHEO 28

28
Tsogo ya ga Jesu
(Mar. 16:1-10; Luka 24:1-12; Joh. 20:1-10)
1E rile Sabata a sena go feta, fa bosigo jwa letsatsi la ntlha la beke boo sa, Maria Magtalena le Maria yo mongwe ba ya go bona phupu. 2Ka tshoganyetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; gonne moengele wa Morena o ne a fologa kwa legodimong, a pitikolola lentswe, a nna mo go lone. 3Ponalo ya gagwe e ne e tshwana le logadima, seaparo sa gagwe se le sesweu jaaka semathana. 4Badisa ba roromisiwa ke go mmoifa, ba be ba nna jaaka baswi.
5Moengele a raya basadi a re: “Lona se boifeng! Kana ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe. 6Ga a yo fa; gonne o tsogile, fela jaaka a buile. Tlaang lo bone felo fa o ne a letse teng. 7Mme jaanong itlhaganeleng, lo bolelele barutwa ba gagwe lo re: ‘O tsogile mo baswing, o bile o lo etelela pele go ya kwa Galelea. Lo tla mmona teng.’ Ke foo, ke lo boleletse.”
8Ba akofa ba tloga fa phupung ka poifo le boitumelo jo bogolo, ba siana go itsise barutwa ba gagwe.
9Ka tshoganyetso Jesu a kgatlhana nabo a re: “Dumelang!” Ba tla ba tshwara dinao tsa gagwe, ba mo obamela. 10Jesu a ba raya a re: “Se boifeng! Yaang lo bolelele bana ba ga Rre lo re, ba ye kwa Galelea, ba tla mpona teng.”
Polelo ya Bajuta ka ga tsogo
11Ya re ba tsamaya, bangwe ba lekoko la badisa ba tsena mo motseng, ba bolelela baperesiti ba bagolo tsotlhe tse di dirafetseng. 12Jaanong bone ya re ba sena go phuthega le bagolo ba morafe, le go utlwana, ba naya batlhabani madi a mantsi 13ba re: “Buang lo re: ‘Barutwa ba gagwe ba tsile bosigo, ba mo utswa re robetse.’ 14Mme fa molaodi a ka utlwa, rona re tla mo kgona, re lo ntshe tshwenyegong.”
15Ba tsaya madi, ba bolela ka fa ba rutilweng ka teng. Mme polelo eo e tumile mo Bajuteng go fitlha letsatsing la kajeno.
Ponalo ya ga Jesu kwa Galelea
(Mar. 16:14-18; Luka 24:36-49; Joh. 20:19-23; Dit. 1:6-8)
16Barutwa ba ba 11 ba ya kwa Galelea kwa thabeng e Jesu o e ba kaetseng. 17Ya re ba mmona, ba mo obamela; mme ba bangwe ba belaela. 18Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. 19Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo, 20lo ba rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe.”

Currently Selected:

MATHEO 28: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy