YouVersion Logo
Search Icon

MATHEO 26

26
Maano a go tshwara Jesu
(Mar. 14:1,2; Luka 22:1,2; Joh. 11:45-53)
1E rile Jesu a sena go wetsa mafoko otlhe ao, a raya barutwa ba gagwe a re: 2“Lo itse gore e tla re malatsi a mabedi a sena go feta, go nne moletlo wa Tlolaganyo, mme Morwa-Motho o tla neelwa go bapolelwa sefapaanong.”
3Jaanong baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba phuthegela kwa lapeng la moperesiti yo mogolo yo o bidiwang Kaifase, 4ba be ba gakololana gore ba tshware Jesu ka maano le go mmolaya. 5Mme ba re: “Fela e seng mo moletlong, gore go se tsoge pheretlhego mo bathong!”
Jesu o tlodiwa kwa Bethania
(Mar. 14:3-9; Joh. 12:1-8)
6E rile Jesu a le kwa Bethania mo ntlong ya ga Simone wa molepero, 7ga tla mosadi go ene, a tshotse lebotlolonyana la alabasetere, le na le setlolo sa tlhwatlhwa e kgolo, a se mo tshela mo tlhogong a ntse fa dijong. 8Ya re barutwa ba bona, ba gakala ba re: “Tshenyo e ke ya go reng? 9Gonne setlolo se, se ka bo se rekisitswe ka tlhwatlhwa e kgolo, ya newa bahumanegi.”
10Mme ya re Jesu a lemoga, a ba raya a re: “Lo tshwenyetsang mosadi yo? Kana o ntiretse tiro e e molemo: 11gonne bahumanegi lo na nabo ka gale; mme nna ga lo na le nna ka gale. 12Gonne ya re a gorometsa setlolo se mo mmeleng wa me, a bo a dira jalo go mpaakanyetsa phitlho. 13Ammaaruri ke lo raya ke re: Gongwe le gongwe kwa Efangele e, e tla rerwang teng mo lefatsheng lotlhe, le sona se yoo o se dirileng se tla bolelwa teng gore a gopolwe ka sona.”
Tuelo ya ga Jutase Isekariote ya go tshwarisa Jesu
(Mar. 14:10,11; Luka 22:3-6)
14Ke fa mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang Jutase Isekariote, a ya kwa baperesiting ba bagolo 15a re: “Lo tla mpha eng, fa nka mo lo tshwarisa?” Ba mo lekanyetsa diselefera di le 30. 16Go tloga foo a senka nako e e lebanyeng ya go mo ba neela.
Tlolaganyo ya bofelo
(Mar. 14:12-21; Luka 22:7-14; Joh. 13:21-23)
17E rile ka letsatsi la ntlha la Dinkgwe tse di sa bedisiwang, barutwa ba tla go Jesu ba re: “O rata ra go baakanyetsa kae, go jela Tlolaganyo teng?”
18Ene a re: “Yaang kwa motseng kwa go mokete, lo mo ree lo re: ‘Moruti a re: Nako ya me e gaufi, ke tla jela Tlolaganyo mo ga gago le barutwa ba me.’ ”
19Barutwa ba dira ka fa Jesu a ba laetseng ka teng, ba baakanyetsa Tlolaganyo.
20Ya re maitsiboa a nna fa dijong le barutwa ba ba 12. 21Ya re ba ja, a bua a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntshwarisa.”
22Ba hutsafala thata, ba simolola go mmotsa, mongwe le mongwe a re: “Morena, a ke nna?”
23A araba a re: “Yo o tsentseng letsogo le nna mo mogopong, ke ene yo o tla ntshwarisang. 24Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe; mme a tatlhego wee ya motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.”
25Jutase yo o mo tshwarisang a mmotsa a re: “Moruti, a ke nna?”
Ene a araba a re: “O boletse jalo.”
Selalelo se se boitshepo
(Mar. 14:22-26; Luka 22:14-20; 1 Bakor. 11:23-25)
26Ya re ba ntse ba ja, Jesu a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se naya barutwa a re: “Tsayang lo je! Se ke mmele wa me.”
27A ba a tsaya senwelo, a leboga, a se ba neela a re: “Nwaang lotlhe ka sona! 28Gonne ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi gore ba itshwarelwe dibe. 29Mme ke lo raya ke re: Ga nkitla ke tlhola ke nwa ga leungo le la moweine go tloga jaanong go ya go fitlha mo letsatsing leo, mogang ke tla le nwang le lona le le lešwa mo pusong ya ga Rre.”
30Ya re ba sena go opela difela tsa Tlolaganyo, ba tswela kwa Thabeng ya Diolefa.
Petoro o a kaelwa ka ga itatola
(Mar. 14:27-31; Luka 22:31-34; Joh. 13:36-38)
31Jaanong Jesu a ba raya a re: “Lona lotlhe lo tla kgopisega ka ga me mo bosigong jono; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku tsa letsomane di tla faladiwa.’ 32Mme e tla re ke sena go tsosiwa, ke lo etelele pele go ya kwa Galelea.”
33Petoro a mo fetola a re: “Le fa botlhe ba ka kgopisega ka ga gago, nna ga nkitla ke kgopiwa ka gope.”
34Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: O tla intatola gararo mo bosigong jono, mokoko o ise o lele.”
35Petoro a mo raya a re: “Le fa ke na le go swa le wena, ga nkitla ke go itatola ka gope.” Le barutwa botlhe ba bua jalo.
Jesu mo Getsemane
(Mar. 14:32-42; Luka 22:39-46)
36Ke fa Jesu a fitlha nabo kwa felong fa go bidiwang Getsemane. Foo a raya barutwa a re: “Nnang fa, ke sa ya fale go rapela.” 37A tsaya Petoro le bomorwa Sebeteo ba babedi, a ya nabo, a ba a simolola go hutsafala le go tlalelwa. 38A ba a ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata go ya losong; nnang fa, lo dise le nna.”
39Jaanong a ya kwa pelenyana, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a rapela a re: “Rra, fa go ka kgonega, a senwelo se, se mphete; fela e se nne ka fa nna ke ratang ka teng, mme go dirafale ka fa wena o ratang ka teng!”
40Foo a tla fa barutweng, a fitlhela ba robetse, a ba a raya Petoro a re: “Ao! A lo paletswe ke go disa le nna nako e le nngwe fela? 41Disang lo rapele gore lo se tsene mo thaelong; mowa ona o tlhaga, mme nama e bokoa.”
42A ya gape lwa bobedi, a rapela a re: “Rra, fa senwelo se, se sa ka ke sa mpheta ke sa se nwe, a thato ya gago e dirafale!” 43A tla a fitlhela gape ba robetse; gonne matlho a bone a ne a bokaletse.
44A ba tlogela, a ya gape, a rapela lwa boraro, a fela a ntse a bua mafoko ao. 45Jaanong a boela kwa barutweng, a ba raya a re: “A lo sa ntse lo robetse le go ikhutsa? Bonang, nako e atametse, mme Morwa-Motho o neelwa mo diatleng tsa baleofi. 46Tsogang re tsamaeng! Bonang, yo o ntshwarisang o atametse.”
Jesu o a tshwarwa
(Mar. 14:43-50; Luka 22:47-53; Joh. 18:3-12)
47Ya re a sa ntse a bua, Jutase, mongwe wa ba ba 12 a tla, a na le batho ba bantsi, ba tshotse ditšhaka le melamu, ba romilwe ke baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe. 48Mme yo o tsileng go mo tshwarisa o ne a ba neile sesupo a re: “Yo ke tla mo atlang, ke ene, lo mo tshware.”
49Mme a akofa a tla go Jesu a re: “Dumela, Rabbi! ” a ba a mo atla.
50Jesu a mo raya a re: “Tsala, ò tletseng fano?”
Ke fa ba tla, ba tsenya Jesu diatla, ba mo tshwara. 51Jaanong mongwe wa ba ba nang le Jesu a ntsha letsogo, a somola tšhaka ya gagwe, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe. 52Mme Jesu a mo raya a re: “Somela tšhaka ya gago mo kgatleng ya yona; gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka. 53Kampo a o itlhoma ke sa ka ke ka rapela Rre gore e re fela jaanong a nthomele bogolo go mephato e le 12 ya baengele? 54Kana Dikwalo di ne di ka dirafala jang tse di reng, go tshwanetse ga nna jalo?”
55Ka nako eo Jesu a raya lesomo leo a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu go ntshwara, jaaka e kete ke senokwane? Ke ne ke nna ka malatsi otlhe mo Tempeleng, ke ruta, mme ga lo a ka lwa ntshwara. 56Mme tsotlhe tse, di dirafetse gore Dikwalo tsa baporofeti di dirafale.”
Ke fa barutwa botlhe ba mo tlogela, ba tshaba.
Jesu o fa pele ga lekgotla la Bajuta
(Mar. 14:53-65; Luka 22:54,55,63-71; Joh. 18:13,14,19-24)
57Ba ba tshwereng Jesu ba mo gogela kwa go Kaifase, moperesiti yo mogolo, kwa Baitsedikwalo le bagolo ba morafe ba phuthegetseng teng. 58Petoro a mo latela a le kgakala, go ya go fitlha kwa lapeng la moperesiti yo mogolo, a tsena mo go lone, a nna le batlhanka gore a bone bokhutlo jwa tsheko. 59Jaanong baperesiti ba bagolo le lekgotla le legolo lotlhe ba batla tshupo ya kako ka ga Jesu gore ba tle ba mmolae. 60Mme ba se ka ba e bona, le fa go ne go tsile basupi ba maaka ba le bantsi. La bofelo ga tla ba le babedi ba re: 61“Yo, o kile a re: ‘Nka senya Tempele ya Modimo, ka ba ka e tsosa ka malatsi a le mararo.’ ”
62Moperesiti yo mogolo a ema, a mmotsa a re: “A ga ò arabe sepe? Ke eng se bao ba se supang ka ga gago?” 63Mme Jesu a didimala. Moperesiti yo mogolo a mo raya a re: “Ke go ikanisa ka Modimo o o tshelang, re bolelele, fa ò le Keresete, Morwa Modimo.”
64Jesu a mo raya a re: “O boletse jalo. Fela ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la Nonofo, a bile a tla ka maru a legodimo.”
65Ke fa moperesiti yo mogolo a ikgagola diaparo a re: “O kgadile Modimo; re sa batlelang basupi? Kana lo utlwile kgalo ya gagwe jaanong; lo gopola eng?” 66Ba araba ba re: “O tshwanetswe ke loso!”
67Ke fa ba mo kgwela mathe mo sefatlhegong, ba mo kata ka matswele; ba bangwe ba mmetsa ka dithupa, ba re: 68“Keresete, re bolelele gore ke mang yo o go iteileng?”
Petoro o itatola Morena
(Mar. 14:66-72; Luka 22:56-62; Joh. 18:15-18,25-27)
69Petoro o ne a dutse ka fa ntle mo lelapeng. Foo lelata lengwe la tla go ene la re: “Le wena ò ne o na le Jesu wa Galelea.”
70Mme a latola fa pele ga botlhe a re: “Ga ke itse se ò se buang.” 71Ya re a tswela kwa kgorong, lelata le lengwe la mmona, la raya ba ba teng la re: “Yo le ene o ne a na le Jesu wa Nasaretha.”
72Mme a latola gape ka ikano a re: “Ga ke itse motho yoo.”
73Ya re kgantele ba ba emeng teng ba tla, ba raya Petoro ba re: “Ammaaruri, le wena ò mongwe wa bone; gonne le yona puo ya gago e a go supa.”
74Ke fa a simolola go rogaka le go ikana a re: “Ga ke itse motho yoo.”
Mme mokoko wa akofa wa lela. 75Jaanong Petoro a gakologelwa lefoko le Jesu a le buileng a re: “E tla re mokoko o ise o lele, o be o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko.

Currently Selected:

MATHEO 26: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy