YouVersion Logo
Search Icon

LUKA 6:27-49

LUKA 6:27-49 TSW70

“Mme lona ba lo reeditseng, ke lo raya ke re: “Ratang baba ba lona; ba ba lo tlhoileng lo ba direleng molemo. Tshegofatsang ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo kgobang. Yo o go fapholang mo lesameng lengwe, o mo neele le le lengwe; yo o go tseelang kobo, le yona kojwana o se ka wa gana ka yona. Naya mongwe le mongwe yo o go kopang; yo o go tseelang tsa gago, o se ka wa di batla gape mo go ene. Direlang batho fela jaaka lo rata ba lo direla. “Fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le tebogo efe fa pele ga Modimo? Kana baleofi le bone ba rata ba ba ba ratang. Fa lo direla bone molemo ba ba lo direlang molemo, lo na le tebogo efe? Kana baleofi le bone ba dira jalo. Fa lo adima bone fela ba lo solofetseng go amogela mo go bone, lo na le tebogo efe? Baleofi le bone ba adima baleofi gore ba amogele mo go kalo gape. Mme ratang baba ba lona, dirang molemo, ba adimeng fela, lo sa solofele sepe, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, lo tla nna bomorwa Mogodimodimo. Gonne ene o pelontle mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula. Nnang kutlwelo-botlhoko, fela jaaka Rraeno a le kutlwelo-botlhoko. “Le gona, lo se ka lwa atlhola, mme ga lo nke lo atlholwa. Se boneng ope molato, mme ga lo nke lo bonwa molato. Itshwareleng, mme lo tla itshwarelwa. Nayang, mme lo tla newa. Selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se kgotlhokgoditsweng, se se tshologang, ba tla se lo naya mo dihubeng tsa lona; gonne selekanyo se lo lekanyang ka sona, lo tla be lo lekanyediwa ka sona.” Le gona a bua nabo ka setshwantsho a re: “A sefofu se ka goga sefofu? A ga di nke di wela mmogo mo lengopeng? Morutwa ga a mogolo go feta yo o mo rutang; mme mongwe le mongwe yo o rutegileng o tla nna jaaka yo o mo rutileng. “O lebelang lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena, mme o sa lemoge kota e e mo leitlhong la gago? Gongwe o ka raya mongwe-ka-wena jang o a re: ‘Motho wetsho, nte ke ntshe lofatsana lo lo mo leitlhong la gago,’ etswe o sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moikaketsi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, morago ga moo o ka tlhokomela go ntsha lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena. “Gonne ga go na setlhare se se siameng se se a tleng se ungwe leungo le le bosula; le gona, ga go setlhare se se sa siamang se se a tleng se ungwe leungo le le monate. Kana setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka leungo le e leng la sona. Gonne ga go ke go fulwa difeie mo ditlhareng tse di mitlwa, le gona ga go ke go fulwa leungo la moweine mo mosung. Motho yo o molemo o ntsha se se molemo mo lohumong lo lo molemo lwa pelo ya gagwe; mme yo o bosula o ntsha se se bosula mo lohumong lo lo bosula; gonne se se tletseng ka pelo se tshologa ka molomo. “Lo mpiletsang ‘Morena, Morena,’ lo sa dire tse ke di buang? Mongwe le mongwe yo o tlang kwa go nna, a utlwa mafoko a me, a a dirisa, ke tla lo supetsa yo a tshwanang nae: O tshwana le motho yo o agileng ntlo, a epela kwa teng, a thaya motheo mo lefikeng; mme ya re morwalela o tla, metsi a a tlang ka thata a itaaka ntlo eo; mme a retelelwa ke go e tshikinya, ka e agilwe sentle. Mme yo o utlwang, a sa dirafatse, o tshwana le motho yo o neng a aga ntlo fa fatshe, e se na motheo, ya re metsi a a tlang ka thata a e itaaka, ya akofa ya wa, go ribegela ga ntlo eo ga nna gogolo.”

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy