YouVersion Logo
Search Icon

JOELE 2

2
Tsie ke setshwantsho sa batlhabani
1Letsang lonaka mo Sione,
opang mokgosi mo thabeng
e e boitshepo ya me,
lo rorome,
baagi botlhe ba lefatshe;
gonne letsatsi la Morena le e tla,
le gaufi.
2Ke letsatsi la lefifi, la bontsho,
ke letsatsi la maru le mouwane;
morafe o e tla jaaka mahube a a
adilweng mo godimo ga dithaba,
ke morafe o mogolo o o thata.
Ga go ise go nne teng
o o tshwanang
le ona go tswa bogologolo.
Le gona ga go kitla go nna
le o o tshwanang le ona go fitlha
dinyageng tsa ditshika tsotlhe.
3O etelelwa pele ke molelo
o o jang,
o latelwa ke kgabo e e tukang;
lefatshe le tshwana le tshimo
ya Etene fa pele ga ona,
mme fa morago ga ona go sekaka
fela se se tobekanyeng.
Le gona ga go na sepe
se se ka falolang mo go ona.
4Tebego ya ona e tshwana
le ya dipitse;
ba bile ba siana jaaka dipitse
tse di palangwang.
5Ba tlola mo ditlhoeng
tsa dithaba,
ba utlwala jaaka dikoloi
tse di kgothoselang
le jaaka kgabo ya molelo
o o tutumang, fa o ja dirite,
le jaaka morafe o o thata
o o iketleeleditseng tlhabano.
6Merafe e roroma ka tlalelo
fa pele ga ona,
difatlhego tsotlhe di tlhontse.
7Ba tla taboga jaaka diganka,
ba palama lobota lwa motse
jaaka batlhabani,
ba tsamaya, mongwe le mongwe
mo tseleng ya gagwe,
ba sa fapoge mo mebileng
ya bona.
8Ga ba thulane ba a tsamaya,
mongwe le mongwe
mo mmileng wa gagwe;
ba a tlhasela, ba ralala marumo,
ba ntse ba tlhomaganye.
9Ba wela motse,
ba siana godimo ga lobota,
ba palama matlo,
ba tsena ka difenstere
jaaka legodu.
10Lefatshe le roroma
fa pele ga bona,
magodimo a a tetesela;
letsatsi le ngwedi di a fifala,
dinaledi di gonyetsa
phatsimo ya tsona.
11Mme Morena o dumisa kodu
ya gagwe fa pele ga lesomo
la ntwa la gagwe;
gonne lesomo la ntwa la gagwe
le legolo thata.
Ee, yo o dirafatsang lefoko
la gagwe o thata;
gonne letsatsi la Morena
le legolo,
le boitshega thata.
Ke mang yo o ka le itshokelang?
Baiseraele ba bilediwa boikwatlhaong
12Mme Morena a re:
“Le jaanong
boelang kwa go nna
ka bojotlhe jwa pelo tsa lona,
le ka go itima go ja le ka selelo
le ka khutsafalo.”
13Ikgagoleng dipelo,
e seng diaparo,
lo tlhabologele kwa Moreneng,
Modimo wa lona;
gonne ene o boitshwarelo
le kutlwelo-botlhoko;
o pelotelele le lorato lo logolo,
mme o a tle a buse
bogale jwa gagwe.
14Go itse mang,
ka gongwe o tla bo busa gape,
a tlogela lesego,
e leng dijo le dino
tse di supelwang Morena,
Modimo wa lona.
15Letsang lonaka mo Sione,
bayang sebaka sa go itima go ja,
bitsang phuthego!
16Phuthang morafe,
itshepiseng phuthego,
phuthang banna bagolo,
kgobokanyang bana
le ba ba anyang!
Monyadi a a tswe
mo ntlwaneng ya gagwe
le monyalwa
mo borobalong jwa gagwe!
17A baperesiti,
badiredi ba Morena,
ba lele fa gare ga mathudi
le aletare!
A ba rapele ba re: “Morena,
rekegela morafe wa gago!
O se ka wa tlhabisa boswa
jwa gago ditlhong
gore ditšhaba di se ka tsa bo opela
dipina tsa tshotlo!
Kana ba tla bo ba buelang
mo merafeng ba re:
‘Modimo wa bona o kae?’ ”
18Ke fa Morena a tlhoafalela
lefatshe la gagwe,
a rekegela morafe wa gagwe.
19Mme Morena a araba,
a raya morafe wa gagwe a re:
“Bonang, ke tla lo romela mabele
le matute a moweine
le lookwane,
mme lo tla kgora ka tsona.
Ga nkitla ke tlhola ke lo tlhabisa
ditlhong mo ditšhabeng.
20“Mme mmaba
yo o tswang kwa bokone
ke tla mo kobela kgakala le lona,
ke mo lelekela kwa lefatsheng
le le omileng la sekaka;
tlhogo ya gagwe
kwa lewatleng la botlhabatsatsi
le mogatla wa gagwe
kwa lewatleng la bophirimatsatsi.
Monkgo o o maswe wa gagwe
o tla tlhatloga,
sebodu sa gagwe se tla utlwala;
gonne o ne a ikgantsha
ka ditiro tsa gagwe.
21“Se boife, wena naga!
Duduetsa o itumele;
gonne tse dikgolo
di dirwa ke Morena.
22Se boifeng,
lona diphologolo tsa naga!
Gonne mafulo a naga
a tla tlhoga,
ee, le ditlhare di tla ungwa
maungo a tsona.
Setlhare sa feie le sa moweine
di tla ungwa
ka fa thateng ya tsona.
23“Le lona, bana ba Sione,
duduetsang lo itumele
mo Moreneng, Modimo wa lona;
gonne o tla lo naya moruti
yo o lo rutang tshiamo;
a lo nesetsa pula,
pula ya ntlha le ya kgogolamoko
jaaka mo metlheng ya pele.
24Diboana di tla tlala mabele,
ditlhotlhelo di penologa matute
a moweine le lookwane.
25Ke tla lo busetsa tsa dinyaga
tsele tse di jelweng ke boijane
le segongwane le molome le tsie,
e leng lesomo le legolo la me
le ke neng ke le rometse
kwa go lona.
26“Mme lo tla ja letlotlo, lo kgora;
lo tla baka leina la Morena,
Modimo wa lona, yo o dirileng
tse di gakgamatsang mo go lona,
mme batho ba me ga ba nke
ba tlhajwa ke ditlhong
ka bosakhutleng.
27Mme lo tla itse gore,
nna ke mo gare ga Iseraele,
le gore ke nna Morena,
Modimo wa lona,
go se ope o sele!
Mme batho ba me
ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong
ka bosakhutleng.
Letsatsi la Morena
28“Morago ga moo ke tla tshela
Mowa wa me
mo bathong botlhe.
Bomorwaa-lona le bomorwadia-lona
ba tla bolela
Lefoko la Modimo;
banna bagolo ba lona
ba tla lora ditoro,
makau a lona a tla bona dipono.
29Le gona ke tla tshela Mowa
wa me mo batlhankeng
le mo malateng mo metlheng eo.
30“Ke tla dira dikgakgamatso
kwa legodimong
le mo lefatsheng,
e leng madi le molelo
le dipinagare tsa musi.
31Letsatsi le tla fetoga lefifi,
ngwedi o tla fetoga madi,
go ise go tle letsatsi la Morena
le legolo, le le boitshegang.
32Mme mongwe le mongwe
yo o tla bitsang leina la Morena
o tla pholosiwa.
Gonne go tla nna pholoso
mo thabeng ya Sione
le mo Jerusalema
jaaka Morena a buile,
le mo go ba ba falotseng
ba Morena o ba bitsang.

Currently Selected:

JOELE 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy