YouVersion Logo
Search Icon

JOELE 3

3
Morena o tla atlhola baba ba gagwe
1“Gonne bonang, e tla re mo
malatsing ao le ka sebaka seo,
fa ke busa ba Juta le Jerusalema
kwa tatlhegong,
2ke kgobokanye ditšhaba tsotlhe,
ke ba folosetse kwa mokgatsheng
wa ga Josafate,
ke sekise merafe teng foo
ka ntlha ya morafe wa me
le boswa jwa me,
e leng Iseraele,
ka ba ba phatlaladitse
mo ditšhabeng,
ba abelana lefatshe la me.
3Ba tlhamela morafe wa me
tengwa,
ba tsaya mosimane,
ba duela seaka ka ene;
ba rekisa mosetsana
ka ntlha ya weine gore ba nwe.
4“Le lona ba Tiro le Sitone le ba dinaga tsotlhe tsa Bafelesita, lo na le kgang efe le nna? A lo rata go mpusetsa se lo se diretsweng, gongwe a lo rata go ntirela bosula? Ke tla busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako. 5Gonne lo tsere selefera ya me le gouta ya me le mahumo a mantle a me, lwa di isa kwa ditempeleng tsa lona. 6Le gona lo rekisitse bana ba Juta le ba Jerusalema mo Bagerikeng, e le gore lo ba katoganye thata le lefatshe la ga bone. 7Bonang, ke tla ba tsosa gore ba boe mo felong kwa lo ba rekiseditseng teng, ke lo busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona. 8Mme bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ke tla ba rekisa mo Bajuteng, mme bone ba tla ba rekisa mo go Baseba, setšhaba se se kwa kgakala;” gonne Morena o buile jalo.
9Tlhabang mokgosi
mo ditšhabeng o o reng:
Ipaakanyetseng ntwa,
tsosang diganka,
atamelang lo bolole,
lona batlhabani botlhe.
10Thulang megoma ya lona,
e nne ditšhaka,
lo fetole dithipa tsa lona
marumo;
yo o bokoa a a bue a re:
“Ke seganka!”
11Itlhaganeleng lo tle kwano,
lona ditšhaba tsotlhe
tse di mo tikologong,
lo kgobokaneng!
Morena,
folosetsa bagale ba gago teng!
12“A ditšhaba di nanoge,
di ye kwa mokgatsheng
wa ga Josafate;
gonne teng koo ke tla nnela
go atlhola ditšhaba tsotlhe
tse di mo tikologong.
13Tsenyang sekele,
gonne mabele a budule;
tlaang lo gateng,
gonne segatelo se tletse,
ditlhotlhelo di a penologa;
gonne bosula jwa bone
bo bogolo.”
14A bontsintsi jwa batho
mo mokgatsheng wa katlholelo!
Gonne go atametse
letsatsi la Morena
mo mokgatsheng wa katlholelo.
15Letsatsi le ngwedi
di tla bo di fifetse;
dinaledi di gonyeditse
phatsimo ya tsona.
Modimo o tla tshegofatsa morafe wa gagwe
16Mme Morena o tla duma
go tswa Sione,
a dumisa kodu ya gagwe
go tswa Jerusalema,
mo go tla bong go rorome
legodimo le lefatshe.
Mme Morena ke botshabelo
jwa morafe wa gagwe
le kago ya phemelo ya Baiseraele.
17“Mme lo tla itse,
fa ke le Morena,
Modimo wa lona,
yo ke agileng mo Sione
mo thabeng e e boitshepo ya me;
foo Jerusalema e tla nna
felo fa go boitshepo;
ga go kitla go tlhola
go ralalwa ke baeng.
18“Ka letsatsi leo dithaba
di tla rotha matute a moweine,
dithabana di ela mašwi;
dinokana tsotlhe tsa Juta
di ela metsi,
mme motswedi o tla tswela
mo Ntlong ya Morena,
o nosetsa mokgatsha wa Sitime.
19“Egepeto o tla fetoga sekaka,
Etomo a fetoga naga
e e senyegileng
ka ntlha ya setlhogo
se ba se dirileng mo Bajuteng,
ka ba tsholotse madi a a se nang
molato mo lefatsheng la bone.
20Mme Juta o tla nna le batho
ka go sa feleng,
le Jerusalema jalo
mo ditshikeng tsotlhe.
21Madi a bone ke tla a kaya
a a se nang molato,
le fa ke a bonye molato pele.
Mme Morena o tla agela ruri
mo Sione.”

Currently Selected:

JOELE 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy