1
JOELE 2:12
Setswana 1970
Mme MORENA a re: “Le jaanong boelang kwa go nna ka bojotlhe jwa pelo tsa lona, le ka go itima go ja le ka selelo le ka khutsafalo.”
Compare
Explore JOELE 2:12
2
JOELE 2:28
“Morago ga moo ke tla tshela Mowa wa me mo bathong botlhe. Bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba tla bolela Lefoko la Modimo; banna bagolo ba lona ba tla lora ditoro, makau a lona a tla bona dipono.
Explore JOELE 2:28
3
JOELE 2:13
Ikgagoleng dipelo, e seng diaparo, lo tlhabologele kwa MORENENG, Modimo wa lona; gonne ene o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko; o pelotelele le lorato lo logolo, mme o a tle a buse bogale jwa gagwe.
Explore JOELE 2:13
4
JOELE 2:32
Mme mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la MORENA o tla pholosiwa. Gonne go tla nna pholoso mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema jaaka MORENA a buile, le mo go ba ba falotseng ba MORENA o ba bitsang.
Explore JOELE 2:32
5
JOELE 2:31
Letsatsi le tla fetoga lefifi, ngwedi o tla fetoga madi, go ise go tle letsatsi la MORENA le legolo, le le boitshegang.
Explore JOELE 2:31
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos