YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 31

31
Loso lwa ga Saule le lwa bomorwawe
(1 Ditiraf. 10:1-12)
1Jaanong e rile Bafelesita ba tlhabana le Baiseraele, banna ba Iseraele ba lelekwa ke Bafelesita, mme ba wa ba bolailwe kwa dithabeng tsa Gileboa. 2Jaanong Bafelesita ba khutšhela Saule le bomorwawe, ba bolaya Jonathane le Abinatabe le Malekhišua bomorwa Saule. 3Ya re tlhabano e le bogale mo tikologong ya ga Saule, mme banna ba ba hulang ka mara ba mo lemoga, a tlhabakwa thata ke bahudi. 4Ke fa Saule a raya motshola-dibolai wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yona, e se re gongwe ga tla ba ba sa rupang bale ba mphololetsa, ba ntshotla.” Mme motshola-dibolai wa gagwe a gana, ka a boifa thata. Foo Saule a tsaya tšhaka, a itigela mo go yona. 5Ya re motshola-dibolai wa gagwe a bona Saule a sule, le ene a itigela mo tšhakeng ya gagwe, a swa nae. 6Saule le bomorwawe ba bararo le motshola-dibolai wa gagwe le banna botlhe ba gagwe ba ne ba swa jalo mmogo ka letsatsi leo. 7Jaanong ya re banna ba Iseraele ba ba neng ba le kwa ntlheng ele ya leboa le ka kwano ga Joretane ba bona banna ba Iseraele ba tshabile, le Saule a sule le bomorwawe, ba tlogela metse ya bone, ba tshaba; ga tla Bafelesita ba nna mo go yona.
8Ya re kamoso Bafelesita ba tla go thukhutha ba ba bolailweng dilo, ba fitlhela Saule le bomorwawe ba bararo ba namaletse mo dithabeng tsa Gileboa, 9ba mo kgaola tlhogo, ba mo apola dibolai, ba di romela kwa lefatsheng la Bafelesita ntlheng tsotlhe e le go utlwatsa phenyo mo tempeleng ya medimo ya bone le mo morafeng. 10Dibolai tsa gagwe ba di baya mo tempeleng ya boAšethorethe; setoto sa gagwe ba se kokotela mo loboteng lwa Betšheane.
11Ya re baagi ba Jabese kwa Gileate ba utlwela tse Bafelesita ba di diretseng Saule, 12banna botlhe ba ba pelokgale ba nanoga, ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, ba tsaya setoto sa ga Saule le ditoto tsa bomorwawe kwa loboteng lwa Betšheane, ba di isa kwa Jabese, ba feta ba di fisa teng; 13marapo one ba a fitlha fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Jabese, ba itima dijo malatsi a supa.

Currently Selected:

1 SAMUELE 31: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy