YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 30

30
Dafita o fenya Baamaleke
1E rile Dafita le banna ba gagwe ba fitlha kwa Sitlage ka letsatsi la boraro, Baamaleke ba bo ba thukhuthile naga ya borwa le Sitlage, ba sentse motse wa Sitlage, ba o fisitse ka molelo. 2Ba bo ba gapile basadi le botlhe ba ba neng ba le mo go ona, ba bannye le ba bagolo; ba ne ba sa bolaya ope, mme ba ne ba ba thopile, ba ile ka bone. 3Jaanong ya re Dafita le banna ba gagwe ba goroga kwa motseng, ba fitlhela o fisitswe ka molelo, le basadi ba bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ba isitswe mo botshwarong. 4Ke fa Dafita le banna ba ba nang nae ba tlhatlosa mantswe ba lela go fitlhelela ba felelwa ke thata ya go ka lela. 5Le basadi ba babedi ba ga Dafita, Ahinoame wa kwa Iserele le Abikaile, mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele ba bo ba thopilwe.
6Dafita ene o ne a tlaletswe thata, gonne banna ba ne ba re ba mo kgobotletsa ka majwe; gonne banna botlhe ba ne ba sudile dipelo, mongwe le mongwe ka ntlha ya bomorwawe le ka ntlha ya bomorwadie, mme Dafita a itiisa ka Morena, Modimo wa gagwe. 7Dafita a raya moperesiti Abjathare morwa Ahimelege a re: “A ko o ntlisetse khiba ya boperesiti.” Abjathare a isa khiba ya boperesiti kwa go ene. 8Ke fa Dafita a botsa Morena a re: “A ke ke latelele lekoko leo la dinokwane, a ke tla le tshwara?” A mo araba a re: “Le latelele, gonne ruri o tla le tshwara; ruri o tla pholosa ba ga eno.”
9Jaanong Dafita a bolola, ene le banna ba le 600 ba ba nang nae; ya re ba fitlha kwa nokaneng ya Besore, bangwe ba sala teng. 10Dafita a le latelela, ene le banna ba le 400. Banna ba ba 200 ba ba neng ba feletswe ke thata, mo ba palelwang ke go tshela nokana ya Besore, ba tlogelwa foo. 11Kwa nageng ba fitlhela monna wa Moegepeto, ba mo isa kwa go Dafita, ba mo naya bogobe a ja; ba be ba mo siela metsi. 12E bile ba mo naya senkgwe sa difeie le dinkgwe di le pedi tsa maswabi a moweine. Ya re a sena go ja a itharabologelwa. Gonne o ne a sa ja dijo, a sa nwa metsi malatsi a le mararo le masigo a one.
13Jaanong Dafita a mmotsa a re: “O mokae? O tswa kae?” A re: “Ke lekau la Moegepeto, ke motlhanka wa monna wa Moamaleke, mme morena wa me o ntlogetse ka ke lwala, kajeno e setse e le letsatsi la boraro. 14Re tswa go thukhutha naga ya borwa ya Bakerethi le ya Juta le naga ya borwa ya ga Kalebe, ra fisa Sitlage ka molelo.”
15Dafita a ba a mmotsa a re: “A o tla nkisa kwa lesomong leo la dinokwane?” A re: “Inkanele ka Modimo gore ga o kitla o mpolaya le gore ga o kitla o nneela mo diatleng tsa morena wa me! Gona ke tla go isa kwa lesomong leo.”
16Jaanong a mo isa teng, ba fitlhela ba aname mo lefatsheng lotlhe, ba ja, ba nwa, ba dirile moletlo ka ntlha ya thopo e kgolo yotlhe e ba e thopileng kwa lefatsheng la Bafelesita le kwa lefatsheng la Juta. 17Jaanong Dafita a ba bolaya go simolola ka lotlatlana go ya mantsiboeng a kamoso, ga se ka ga falola ope wa bone, fa e se makau a le 400 a a neng a palama dikammele a tshaba. 18Dafita a busa gape tsotlhe tse Baamaleke ba neng ba di thopile; le basadi ba babedi ba gagwe a ba golola. 19Ga se ka ga tlhokafala sepe, le fa e le tse dipotlana gongwe tse dikgolo le fa e le bomorwaa-bone gongwe bomorwadia-bone le fa e le tsa thopo gongwe sengwe sa dilo tsotlhe tse Baamaleke ba neng ba di ba amogile; Dafita a busa tsotlhe gape. 20Jaanong Dafita a tsaya dinku tsotlhe le dikgomo tsa Baamaleke; ba di kgweeletsa kwa pele ga diruiwa tsa bone ba re: “Ke yona thopo ya ga Dafita.”
21Ya re Dafita a fitlha kwa banneng ba ba 200 ba ba neng ba feletswe ke thata mo ba paletsweng ke go mo sala morago, ba a ba tlogetseng kwa nokaneng ya Besore, bone ba bolola go kgatlhantsha Dafita le banna ba ba nang nae. Dafita a atamela banna bao, a ba botsa matsogo. 22Ke fa banna botlhe ba ba bosula ba ba pelompe mo banneng, ba ba neng ba ile le Dafita, ba bua ba re: “E re ka ba se ka ba ya le rona, ga re kitla re ba naya sepe sa thopo e re e busitseng, fa e se mongwe le mongwe mosadi wa gagwe le bana ba gagwe. A ba ba tsee, ba tsamae!”
23Mme Dafita a fetola a re: “Lo se ka lwa dira jalo, ba ga etsho, ka dilo tse Morena o di re neileng! Kana o re bolokile, a neela lekoko la dinokwane le le neng le re thukhuthile mo diatleng tsa rona. 24Ke mang yo o ka lo utlwang mo go se? Nnyaya, kabelo ya yo o tswang kwa ntweng e tla lekana fela le kabelo ya yo o setseng le dithoto. Ba tla kgaogana thopo ka go tshwana.” 25Ga nna jalo go tloga ka letsatsi leo le kwa pele. Dafita a go beela Baiseraele molao le mokgwa go fitlha letsatsing leno.
26Ya re Dafita a sena go fitlha kwa Sitlage, a romela bagolo ba Juta le ditsala tsa gagwe dikabelo tsa thopo a re: “Bonang, mpho ya lona ke eo e e tswang mo thopong ya baba ba Morena.” 27A di romela ba Bethele le ba Ramothe wa kwa borwa le ba Jathire 28le ba Aroere le ba Sifemothe le ba Ešethemoa 29le ba Ragale le ba metse ya Bajeramele le ba metse ya Bakeni 30le ba Horema le ba Borašane le ba Athage 31le ba Heberone le ba mafelo otlhe kwa Dafita o neng a ntse a tsamaya teng le banna ba gagwe.

Currently Selected:

1 SAMUELE 30: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy