Ke fa Saule a raya motshola-dibolai wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yona, e se re gongwe ga tla ba ba sa rupang bale ba mphololetsa, ba ntshotla.” Mme motshola-dibolai wa gagwe a gana, ka a boifa thata. Foo Saule a tsaya tšhaka, a itigela mo go yona. Ya re motshola-dibolai wa gagwe a bona Saule a sule, le ene a itigela mo tšhakeng ya gagwe, a swa nae.