Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!预览

Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!

8天中的第7天

O Aga Botho Jwa Gago go go Thusa go Gola

Botho jo bo molemo ga se sengwe se re se amogelang fela fa re bolokwa, mme re se ithuta le go se tlhagolela fa nako e ntse e tsamaya. Go re thusa go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete ke nngwe ya maikaelelo a magolo a Modimo. Mowa o o Boitshepo o re thusa go tshwana le Jesu ka go aga le go godisa botho jwa Gagwe mo go rona. Baebele e bitsa seno e re ke Loungo la mowa.

"Mme loungo la Mowa ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo, le bonolo, le boikgapo. Ga go na molao ope o o kgatlhanong le dilo tse di ntseng jalo." Bagalatia 5:22-23

Fa re lebane le mathata, ka dinako tse dingwe re leka go a fenya ka maatla a rona. Fa re dira jalo, re ka nna ra raelesega go dira dilo tse di sa dumalaneng le botho jwa rona jwa Bokeresete e le fela gore re kgone go fenya mathata a rona, kgotsa re "tseye tsela e khutshwane." Mme fa re kopa maatla a MmMowa o o Boitshepo, O re thusa gore re nne re ntse re ikanyega, re bua boammaaruri le go ikanyega, go sa kgathalesege maemo a re leng mo go one.

Mo dinakong tsa katlego, ditekanyetso tse di tshwanang tsa Bibela di tshwanetse go nna di ntse di le teng. Boikgogomoso le boikgodiso jwa bopelotshetlha di thulana ka tlhamalalo le botho jwa Bokeresete jo Modimo a batlang gore re nne le jone mo matshelong a rona. Tota e bile, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonolo gore Modimo a tswelele a mo godisa.

"Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe". Matheo 5:5

Fa re ntse re lebana le dikgwetlho tsa rona le go atlega ga rona ka botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete, re simolola go gola mo tseleng e re tsamayang ka yone le Modimo. Re simolola go lemoga gore go dira ka Maungo a mowa go re solegela molemo le go tlotla Modimo. Fa re ntse re gola mo go sepeleng ga rona le Modimo, Modimo o tla re abela masego a a oketsegileng mo matshelong a rona!

读经计划介绍

Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!

Ga o ke o nna o le nosi. O ka tswa o na le letsatsi le le lengwe fela o le Mokeresete kana o na le dingwaga di le 30 o le Mokeresete, boammaaruri jono bo tlhomame mo go sengwe le sengwe se botshelo bo ka re gwetlhang ka sone. Ithute kafa o ka amogelang thuso ya Modimo ka gone mo thulaganyong eno.

More