Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!预览

Ga o ke o Nna o le Nosi
Gantsi go bolelwa gore botshelo bo na le dilo tse dintsi tse di itumedisang le tse di hutsafatsang, dinako tsa boitumelo le tse di solofetsang le tse di gwetlhang le tse di belaetsang. Botshelo ga se go nna o ntse o tlhatlogela kwa godimo; go na le moo ke loeto lo lo nang le dithaba le mekgatšha. Mongwe le mongwe, yo o dumelang le yo o sa dumeleng ka go tshwana, o nna le dinako tse di monate le tse di sa itumediseng mo botshelong.
Mme jaaka Bakeresete, re na le tsholofetso e e gakgamatsang e e tswang kwa Modimong ya gore ga re kitla re lebana le mathata a botshelo re le nosi. Mafoko a gagwe a a kgothatsang go rona ke ano:
"Nna pelo kgale lo tie. O se ka wa boifa le fa e le go tshoga ka ntlha ya bone, gonne Morena Modimo wa gago ke ene yo o tsamayang le wena; ga a kitla a go tlogela le fa e le go go latlhatlogela." Doiteronomio 31:6
Boammaaruri ke gore re tlhoka thuso ya Modimo fa re na le mathata le fa dilo di re tsamaela sentle. Fa re itse gore Modimo o na le rona, re ka lebana le kgwetlho nngwe le nngwe mo botshelong jaaka kgato e e isang kwa katlegong go na le go nna tsela e e re isang kwa go tlhobogeng.
Ga go na thaba e e kwa godimo thata kana mokgatšha o o kwa tlase thata mo Modimo a ka se kang a kgona go kopana le rona gone. Go sa kgathalesege gore maemo a rona ke afe, Modimo o a ikanyega, mme ka metlha o na le rona!
圣经
读经计划介绍

Ga o ke o nna o le nosi. O ka tswa o na le letsatsi le le lengwe fela o le Mokeresete kana o na le dingwaga di le 30 o le Mokeresete, boammaaruri jono bo tlhomame mo go sengwe le sengwe se botshelo bo ka re gwetlhang ka sone. Ithute kafa o ka amogelang thuso ya Modimo ka gone mo thulaganyong eno.
More