Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!预览

Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!

8天中的第4天

Tiro ya Gagwe ke ya Botho

Go tswa kwa tshimologong ya popo, Mowa o o Boitshepo o ntse o le teng, o nna mo gare ga rona mo dikokomaneng tsotlhe.

"Lefatshe la bo le tobekanye, le se na sepe, go le lefifi godimo ga bodiba; Mowa wa Modimo o kala mo godimo ga metsi." Genesi 1:2

Mme e ne ya nna fela fa Jesu a sena go wetsa tiro ya gagwe mo sefapaanong fa bodiredi jwa Mowa o o Boitshepo bo neng jwa nna selo sa motho ka namana le se se atamalaneng thata le modumedi mongwe le mongwe. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe pele a swa gore Mowa o o Boitshepo o ne o le teng mo go bone, mme o ne o ise o tshele mo go bone.

"Lefatshe ga le kgone go mo amogela (Mowa o o Boitshepo), ka gonne ga le mmone e bile ga le mo itse. Mme lona lo a o itse, ka gonne o nna le lona e bile o tla nna mo teng ga lona. Ga nkitla ke lo tlogela lo le masiela; ke tlaa tla kwa go lona." Johane 14:17-18

Tsholofetso ya ga Jesu ya go gomotsa barutwa ba Gagwe pele fela ga loso lwa Gagwe e ne e le gore O ne a santse a tla nna le bone mo semoyeng, ka go nna gone ga Mowa o o Boitshepo mo matshelong a bone. Tiro e Jesu a e simolotseng e tswelela pele mo matshelong a rona ka Mowa o o Boitshepo. Modimo o dirisa Mowa o o Boitshepo mo go rona go dira dilo tse nne:

1. O dira gore poloko e nne selo sa mmatota mo go ene.

2. O go thusa gore o tshele ka katlego.

3. O go thusa go nna le botho jwa Bokeresete gore o gole.

4. O dira dilo tsotlhe gore di go solegele molemo.

读经计划介绍

Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!

Ga o ke o nna o le nosi. O ka tswa o na le letsatsi le le lengwe fela o le Mokeresete kana o na le dingwaga di le 30 o le Mokeresete, boammaaruri jono bo tlhomame mo go sengwe le sengwe se botshelo bo ka re gwetlhang ka sone. Ithute kafa o ka amogelang thuso ya Modimo ka gone mo thulaganyong eno.

More