Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!预览

Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!

8天中的第3天

Moemedi wa kwa legodimong. Mowa o o Boitshepo. Mowa o o Boitshepo

Moemedi ke moemedi wa semolao wa puso e e romelwang kwa go e nngwe go ya go nna le batho ba yone, go diragatsa thomo ya kagiso le go dira dilo ka bopelontle. O dira ditiro tsa gagwe ka taolo, bopelotshweu le didirisiwa tsa puso e a e emelang. E re ka a ikanngwa ka botlalo, o diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka tsela e e tlotlegang le ka botlalo.

Ka ditsela di le dintsi, thomo ya Mowa o o BoitshepoMowa o o Boitshepo e tshwana le ya morongwa yo o tswang kwa Legodimong. Mowa o o BoitshepoMowa o o Boitshepo o na le taolo yotlhe, maatla le didiriswa tsa Modimo, mme o tlhalosa le go senola lorato lwa Modimo mo mothong mongwe le mongwe mo lefatsheng ka go nna teng ga Gagwe le tiro ya Gagwe.

Fa nako e Jesu a neng a na le barutwa ba gagwe e ntse e ya bokhutlong, o ne a ba bolelela gore o ne a se kitla a ba tlogela ba le bosi fa a sena go tsamaya. O ne a ba bolelela ka Mongwe yo a neng a tla mo romela mo boemong jwa gagwe gore a nne le bone, a ba kaele, a ba rute, a ba gomotse le go ba etelela pele - Mowa o o BoitshepoMowa o o Boitshepo. Jesu o ne a re:

"Fa ke sa tsamaye, Mogomotsi [Mowa o o BoitshepoMowa o o Boitshepo] ga a na go tla mo go lona; mme fa ke tsamaya, ke tla mo lo romelela". Johane 16:7

Fa Jesu a sena go wetsa tiro ya gagwe mo lefatsheng, o ne a romela Mowa o o BoitshepoMowa o o Boitshepo gore o nne le rona mo boemong jwa gagwe go fitlha a boa gape. Mowa o o Boitshepo o re neela kaelo,boeteledipele, kgomotso le kgakololo mo matshelong a rona. Jesu o ne a tlhalosa ka tsela eno mo barutweng ba Gagwe:

"Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, o Rara o tla o romelang mo leineng la me, o tla lo ruta dilo tsotlhe, o bo o lo gakolola tsotlhe tse ke di lo boleletseng." Johane 14:26

Go nna gone ga Modimo go na le rona gompieno ka Mowa o o Boitshepo, mme o dira ka matlhagatlhaga mo lefatsheng le mo matshelong a rona.

读经计划介绍

Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!

Ga o ke o nna o le nosi. O ka tswa o na le letsatsi le le lengwe fela o le Mokeresete kana o na le dingwaga di le 30 o le Mokeresete, boammaaruri jono bo tlhomame mo go sengwe le sengwe se botshelo bo ka re gwetlhang ka sone. Ithute kafa o ka amogelang thuso ya Modimo ka gone mo thulaganyong eno.

More