Tshela ka Nonofo le Bopelokgale!预览

O Dira Gore Poloko e Nne Selo sa Mmatota mo go Wena
Le mororo Jesu e le ene yo o re dueletseng gore re bolokwe, go nna gone ga Modimo ka Mowa o o Boitshepo ke gone go dirang gore poloko e nne selo sa mmatota mo mothong mongwe le mongwe yo o e amogelang. Jesu o ne a tlhalosa sentle gore ga re bolokwe fela fa re tsholwa. Go tshwanetse ga nna le go tsalwa sesha ga semowa, e leng selo se se ka dirwang fela ke Mowa o o Boitshepo.
Jesu a araba a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe ka metsi (tsalo ya tlholego) le Mowa (go ntshwafala mo semoweng), ga a ka ke a tsena mo pusong ya Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama, mme se se tsetsweng ke mowa ke mowa". Johane 3:5-6
Fa motho a amogela Keresete mo botshelong jwa gagwe, seno se dira gore a tsosolosiwe semoyeng mo teng ga gagwe, mme seo se felela ka gore kotlhao ya boleo e tlosiwe gotlhelele mo botshelong jwa gagwe.
Mo godimo ga moo, Mowa o o Boitshepo o dira mo matshelong a batho ba e seng badumedi go ba senolela lorato lo logolo lo Modimo a ba ratang ka lone. Jesu o ne a re,
"E tla re Mogomotsi (Mowa o o Boitshepo) a sena go tla, yo ke tla mo lo romelang, a tswa mo go Rara, e bong Mowa wa boammaaruri o o tswang kwa go Rara, ene yoo o tlaa supa ka ga me". Johane 15:26
Gompieno, Mowa o o Boitshepo o tswelela ka bodiredi jono jo bo molemo jwa go dira gore lorato lwa Modimo lo itsiwe ka go bolela Jesu, lorato lwa Modimo lo lo mothofaditsweng, le dilo tsotlhe tse A di emelang mo badumeding le mo go ba e seng badumedi mo lefatsheng la rona.
读经计划介绍

Ga o ke o nna o le nosi. O ka tswa o na le letsatsi le le lengwe fela o le Mokeresete kana o na le dingwaga di le 30 o le Mokeresete, boammaaruri jono bo tlhomame mo go sengwe le sengwe se botshelo bo ka re gwetlhang ka sone. Ithute kafa o ka amogelang thuso ya Modimo ka gone mo thulaganyong eno.
More