Baba ba re Lebaganeng le BoneSample

Diabolo
Badumedi ba ba tshelelang lefatshe le nama ba a ikgogomosa, mme diabolo o dirisa tšhono ya seemo sa bone, gonne boikgogomoso ke sengwe sa didiriswa tsa gagwe tse dikgolo. Le fa ene Satane a ka se tsamaye a re neetse tsotlhe tse Modimo o re di solofetsang! Modumedi o tshwanetse go dirisa Lefoko, ka thuso ya Mowa o o Boitshepo, go tlhabana le Satane le maano a gagwe a boferefere.
Modimo ga o tshele tshegofatso ya One mo go ba ba ikgogomosang le ba ba ganang go ikotlhaela boleo. Tshegofatso ke ya ba ba ikokobetsang mme e seng ya ba ba kwa godimo. Modimo o dira ka gale mo teng ga ba ba nang le mowa o o thubilweng. Ka jalo re tshwanetse go ineela ka boikokobetso mo Modimong le mo thatong ya One. Fa re ineela mo Modimong ka tsela eno, re ka ganetsa ka nonofo diabolo yo o latlhegelwang ke maatla a gagwe mo go rona.
Thapelo: Modimo yo o Rategang, ke Go lebogela gape neo ya botshelo le poloko. Re sireletse mo metsung ya yo o bosula le maano mangwe le mangwe a boferefere a baikepi. A lerato le tshegofatso ya Gago Morena, di re sireletse mo go Satane le baengele ba gagwe ba ba kobilweng kwa legodimong. Ke rapela mo leineng la ga Jesu, Amen.
Scripture
About this Plan

Leano leno la puiso la malatsi a le mararo le bula matlho a rona go bona boammaaruri jwa gore fa re neela Modimo matshelo a rona, re tsena mo ntweng le lefatshe, nama, le diabolo. Le fa re le dibopiwa tse dintšha mo go Keresete e bile re amogetse Mowa o o Boitshepo, re sa ntse re tlhoka go nna le maano a go lebagana le baba bano ba mmatota.
More