Baba ba re Lebaganeng le BoneSample

Nama
Lefoko “go gala” ga le reye fela dikgatlhego tsa mmele. Le raya dikeletso. Dikeletso tseno di a dira mo mebeleng ya rona, mme di itumedisa nama le go baka mathata. A re gakologelweng gore mmele ka boone ga o na boleo; ke tlholego e e weleng e e mo teng ga rona, e e laolang mebele ya rona, e e dirang gore re leofe.
Fa re bua ka “nama”, re raya tlholego ya batho fa ba se mo Modimong. Ke sone se re rotloediwang go neela ditokololo tsa mebele ya rona go Mowa. Re tshwanetse go kopa Mowa o o Boitshepo go re tlatsa le go letlelela maatla a One go laola dipelo tsa rona.
Fa e le gore mmele wa gago o laolwa ke tlholego ya gago e e tletseng boleo e bile o golegetswe mo boleong, o mo kotsing. Itlhophele gompieno go ineela mo Modimong, go ineela mo Lefokong la One le mo ditseleng tsa One.
Thapelo: Morena yo o Rategang, ke Go lebogela tshegofatso ya Gago e e lekaneng mo botshelong jwa me. Nthuse go fenya nama le dikeletso tsa yone. Ga ke kgone go dira seno ka thata ya me; ke tlhoka thuso ya Mowa wa Gago. A Lefoko la gago le age ka bontsi mo go nna. Ke rapela mo leineng la ga Jesu, Amen.
About this Plan

Leano leno la puiso la malatsi a le mararo le bula matlho a rona go bona boammaaruri jwa gore fa re neela Modimo matshelo a rona, re tsena mo ntweng le lefatshe, nama, le diabolo. Le fa re le dibopiwa tse dintšha mo go Keresete e bile re amogetse Mowa o o Boitshepo, re sa ntse re tlhoka go nna le maano a go lebagana le baba bano ba mmatota.
More