Mareko 6

6
KHAOLO 6.
1MI o la a coa gona, a hitla mo hatsiñ ya gague, mi barutoa ba gague ba mo sala morago.
2Mi ka go na Sabata, a simolola go ruta mo senagogeñ, mi bontsi yo bo mo utluañ yoa gakhamala, yoa re, Monona eo, o cutse lilo tse kae? mi botlale yo o bo necoeñ, ki bohe, ka litiho tsa khakhamaco tse lintseñ yalo li rihoa ki atla tsa gague?
3Eo, a ga si mobetli oa likhoñ, moroa Marie, mogolu oa Yakobo, le Yose, le Yuda, le Simone? Mi a bokhantsarie a ga ba hanu le rona? mi ba ikhopa ka ntla ea gague.
4Mi Yesu a ba raea, Moperofeti ga a tloke go tlotlega, ha e si mo hatsiñ ya gague, le mo tsaleñ tsa gague, le mo tluñ ea gague.
5Mi a sa kake a riha tiho ea khakhamaco gona, ha e si go baea liatla tsa gague mo baboboriñ ba botlana, mi a ba horisa.
6Mi a gakhamala ka ntla ea go bisa go rumela ga bona; mi a tlatlologanya metsana, a ruta.
7¶ Mi a biletsa go ena ba tuelev, mi a simolola go ba roma, ka botu le botu, mi a ba naea thata mo meoeñ e mashue;
8Mi a ba laolela, gore ba si tsele tsela sepe ha e si tsama eosi; esiñ khuatla, le esiñ señkhue, le esiñ sereko mo moitlamoñ.
9A ba roale litlaku, mi ba si apare kobo li tu.
10Mi a ba raea, Kua lo tla tsenañ mo tluñ gona, tlolañ gona lo tsamae lo coe gona.
11Mi leha e le mañmañ eo o sa lo culeñ, le go lo utlua, ere lo coa gona, ikurubatseñ lorole kua tlatse ga nao tsa lona, go na seshupo go bona. Amarure kia lo raea, Go tla iphapañoa Sodoma, khotsa Gomora mo tsatsiñ ya tsekisho, bogolu go motse ouo.
12Mi ba coa, mi ba rera gore ba tlabologe.
13Mi ba khoromeletsa ntle bademona bantsi, mi ba tlotsa babobori bantsi ka loukuane, mi ba ba horisa.
14Mi khosi Herode a utlua yalo, (gone leina ya gague le bonatsegile,) mi a re, Yohane mobapetisi o cogile mo bashuiñ, ki gona tiho tsa khakhamaco li rihañ mo go ena.
15Bañue ba re, Ki Eliyahue, mi ba bañue ba re, Ki moperofeti, khotsa yaka moñue oa baperofeti.
16Mi ka Herode a utlua, a re, Eo ki Yohane, eo ki mo khaotseñ tlogo; o cogile mo bashuiñ.
17Gone Herode eo, a la a kile a roma bañue go cuara Yohane, a mo golega mo tluñ ea kholegelo, ka ntla ea ga Herodie, mogatsa monnaue Filipo, gone a la a mo nyetse.
18Gone Yohane o la a raea Herode, Ga si taolo go uena go na le mogatsa monnau.
19Ki gona Herodie o la a na bogale le ena, mi a rata go molaea, mi a sa kake a riha yalo,
20Gone Herode a boiha Yohane; ka a itse ha a la a le monona oa tsiamo, le boitsepho; mi a mo tsatsia, mi a sina mo utlua, a riha lilo rintsi, mi a mo utlua ka boitumelo.
21Mi ka go na tsatsi ya lobaka, Herode a rihela bagoluane ba gague, le bagolu ba bathousanda, le bagolu bogolu ba Galilea moriho, ka tsatsi ya botsalo yoa gague.
22Mi ka moroaria Herodie eo, a tsena, a bina, mi a khatla Herode, le ba ba rutseñ nae; mi khosi ea raea moroetsana, ’Ntopa se u se ratañ, mi ki tla se gu naea.
23Mi ea mo ikanela ea re, Leha seo señue se u tla se ’ntopañ, ki tla se gu naea, le go ntleñ ñue ea bogosi yoa me.
24Mi ka a coa a raea mague, Ki tla lopañ? Mi a re, Tlogo ea ga Yohane Mobapetisi.
25Mi a akoha a tsena ka bonako kua khosiñ, a lopa, a re, Kia rata gore u ’nnee tlogo ea ga Yohane Mobapetisi yana yana mo mogocaneñ.
26Mi khosi ea hutsahala bogolu; leha gontse yalo, e le e sa mo ganele ka ntla ea maikano, le ka ntla ea bona ba ba rutseñ naeo.
27Mi khosi ea akoha ea roma moñue oa batlabani, ea laola gore tlogo ea gague e lerioe. Mi a ea a mo khaola tlogo mo tluñ ea kholegelo,
28Mi a lere tlogo ea gague ka mogocana, mi a e naea moroetsana, mi moroetsana a e naea mague.
29Mi ka barutoa ba gague ba utlua mouo, ba ea ba cula setoto sa gague, mi ba se latsa mo lecueñ.
30Mi baaposotoloi ba phuthegela mogo go Yesu ba mulelela cotle tse ba ri rihileñ, le tse ba li rutileñ.
31Mi a ba raea, Tlañ kua gareganaga losi, mi ikhutseñ go nyenye; gone bontsi bo le yoa tla, yoa ea; mi ba le ba sina lobaka, le loa go ya.
32Mi ba hurugela gareganaga bosi ka shepa.
33Mi bontsintsi yoa ba bona ba ea, mi a itsioe ki bontsi; mi yoa mo culogela mogo, yoa coa mo metseñ eotle ka linao, mi yoa hitlelana pele a e si a tle, mi yoa ea mogo go ena.
34Mi ka Yesu a coa a bona bontsi yo bogolu, mi a bo utluela botluku, gone bo le bontse yaka liñku tse ri sinañ morisa; mi a simolola go bo ruta lilo lintsi.
35Mi ka tsatsi le ñotlega barutoa ba gague ba tla go ena, mi ba re, Helo ha, go gareganaga, mi tsatsi le hetile:
36Bo phatlalatse, gore bo ee mo masimoñ, le mo metsaneñ, gore bo ithekele liñkhue, gone ga bo na se bo ka se yañ.
37Mi a araba, a ba raea, Bo neeñ go ya. Mi ba mo raea, A re tla ea go reka liñkhue li ka na ka lidenari li tu hundereda, le go bo naea go ya?
38Mi a ba raea, Lo na le liñkhue li kai? Eañ lo bone. Mi ka ba sina li itse, ba re, Li faev, le tlapi li tu.
39Mi a ba laolela gore ba bo lurise yotle mo boyañeñ yo botalana, ka mashoñuana.
40Mi yoa lula ka khaogano tsa hundereda, le tsa faevte.
41Mi ka a sina cula liñkhue li faeve, le tlapi li tu, a lelalela legorimo, a tsegohatsa, mi a roba liñkhue, a li nela barutoa ba gague, gore ba li bee ha pele ga yona; le litlapi li tu, a li bo abela yotle.
42Mi yotle yoa ya, yoa khora.
43Mi ba culetsa lirotu li tuelev li tletse matlotlora, le ga litlapi.
44Mi ba ba yeleñ liñkhue, e kane e le banona ba faev thousanda.
45Mi a kholela barutoa ba gague mo shepeñ ka bonako, go mo etelela pele kua boseyeñ, kua Betesaida, ka a sa phatlalatsa bontsi.
46Mi ka a sina khaogana nayo, a ea kua thabeñ go rapela.
47Mi ka go na mabanyane, shepa sa bo se le gare ga leoatle, mi a ba a le esi mo lehatsiñ.
48Mi a ba bona ba lapisioa thata go coeleletsa shepa, gone pheho ea tlabaganya nabo; mi ka e kane e le tisho ea bo‐for ea bosigo, a tla go bona a tsamaea mo leoatleñ; mi a rata go ba heta:
49Mi ka ba mona a tsamaea mo leoatleñ, ba itloma e le serimo, mi ba bitsa segolu:
50Gone ba mona botle, mi ba boiha segolu. Mi a akoha a bua le bona, mi a ba raea, Lo namatsege, ki ’na, si boiheñ.
51Mi a tlatlogela go bona mo shepeñ, mi pheho ea robala; mi ba ikhakhamalela segolu, mi ba gakhamala.
52Gone ba si ka ba tlaloganya ga liñkhue, gone pelu tsa bona li li thataharicoe.
53Mi ka ba sina tsela, ba hitla mo hatsiñ ya Genesareta, mi ba hitla ha moshaueñ oa leoatle.
54Mi ka ba coa mo shepeñ, ba mo itse ka bonako.
55Mi ba simolola mo lithokoñ cotle go belega babobori ka lialoana, ba ba rikolosetsa kua ba mo utluañ a le gona.
56Mi metsana, le metse, le masimo, kua o tsenañ gona, ba baea babobori mo mebileñ ea thekelo, ba mo rapela, gore ba ame leha e le peleri ea kobo ea gague, mi botle ba ba mo amañ ba horisioa.

ទើបបានជ្រើសរើសហើយ៖

Mareko 6: TSN1890

គំនូស​ចំណាំ

ចែក​រំលែក

ចម្លង

None

ចង់ឱ្យគំនូសពណ៌ដែលបានរក្សាទុករបស់អ្នក មាននៅលើគ្រប់ឧបករណ៍ទាំងអស់មែនទេ? ចុះឈ្មោះប្រើ ឬចុះឈ្មោះចូល