Mataio 26

26
KHAOLO 26.
1MI ga rihala ka Yesu a sina uetsa mahuku aotle a, a raea barutoa ba gague, a re,
2Loa itse morago ga malatsi ma tu e le Tlolaganyo, mi Moroa mothu o nelecoe go bapoloa.
3Eriha gona baperiseti ba bagolu, le bakuari, le bagolu bo bathu, ba phuthegelañ mo tluñ e kholu ea moperiseti eo mogolu, eo o birioañ Kaiafe.
4Mi ba gakololana gore ba cuare Yesu ka tsieco go molaea.
5Mi ba re, Esiñ mo morihoñ, gore go si ne tlapeo mo bathuñ.
6¶ Mi yana ka Yesu a le mo Betania, mo tluñ ea ga Simone moleperoi,
7Ga tla mosari go ena a na le letluyana ya alebasetara, ya setlolo se se leñ thata go rekoa, mi a se gorometsa mo tlogoñ ea gague ka a rutse ha liyoñ.
8Mi ka barutoa ba gague ba bona yalo, ba galeha bogolu, ba re, Ana tsenyo e, ki eañ?
9Gone setlolo se, se kabo se baparicoe ka theko e kholu, mi e neiloe bahumanegi.
10Mi ka Yesu a itse mouo, a ba raea, Ana mosari eo lo mo cuenyetsañ? gone o ’ntihetse tiho e e molemo.
11Gone bahumanegi ba na le lona ka gale; mi ’na, ga lo na le ’na ka gale.
12Gone setlolo se erile a se gorometsa mo meleñ oa me o se tseleletse phitlo ea me.
13Amarure kia lo raea, Mo hatsiñ yeotle kua evañgelio e, e tla reroañ gona, le gona, go tla buleloa gona se mosari eo o se ’ntihetseñ, go mo gopola.
14¶ Eriha gona go eañ moñue oa ba tuelev, eo o birioañ Yuda Isekariota go baperisetiñ ba bagolu,
15Mi a re, Lo tla ’nnaeañ, mi ki tla mo lo nela? mi ba mo laolela liselevera li terte.
16Ga motla ouo a batla lobaka lo, o ka mo ba nelañ ka lona.
17Mi yana mo tsatsiñ ya ntla ya señkhue se se sa birisioeñ, ga tla barutoa go Yesu, ba mo raea, U rata ra gu etleleletsa kae Tlolaganyo go e ya?
18Mi a re, Eañ mo motseñ go mañmañ, lo mo ree, Moruti a re, Motla oa me o gauhe, ki tla yela go uena Tlolaganyo le barutoa ba me.
19Mi barutoa ba riha yaka Yesu a ba kaetse, mi ba bakanya Tlolaganyo.
20Mi eare go na mabanyane a lula le ba tuelev.
21Mi ka ba sa ya, a re, Amarure kia lo raea, Moñue oa lona o tla ’nkoka.
22Mi ba hutsahala segolu, ba simolola moñue le moñue oa bona go mo raea, Morena, a ki ’na?
23Mi a araba, a re, Eo seatla sa gague se nañ le sa me mo mogocaneñ, ki ena eo o tla ’nkokañ.
24Moroa mothu o ea yaka go kuariloe ga gague, mi go latlega monona eo, Moroa mothu o okiloeñ ki ena: go kabo go le molemo go monona eo ha a la a si ka a tsaloa.
25Eriha gona Yuda eo o mo okileñ o arabañ, a re, Rabi, a ki ’na? A mo raea, U buile.
26¶ Mi ka ba sa ya. Yesu a cula señkhue, a itumelela, a se roba, a se nela barutoa ba gague, mi a re, Culañ, lo ye; se ki mele oa me.
27Mi a cula senoelo, a itumelela, a se ba nela, a re, Noañ lotle ga shona.
28Gone se ki mari a me, ki mari a kholagano e nca, a a culogetseñ bontsi go icuarela libe.
29Mi kia lo raea, Ga yana ga ’nkitla ki noa ga louñuo lo loa vine go tsatsiñ ye, ki tla lo noañ lo losha le lona mo gosiñ yoa ga Rre ka yeona.
30Mi eare ba sina opela sehela, ba coela kua thabeñ ea Olefa.
31Eriha gona Yesu o ba raeañ. Lona lotle lo tla khocoa ka ntla ea me sigoñ yonu; gone go kuariloe, Ki tla betsa morisa, mi linku tsa lecomane li tla balarioa.
32Mi ki tlare ki sina coga ki tla lo etelela pele kua Galilea.
33Mi Petero a araba, a mo raea, Leha botle ba tla khocoa ka ntla ea gago, ’na, ga ’nkitla ki khopioa ka gope.
34Yesu a mo raea, Amarure kia gu raea, U tla ’ntatola ga teri koku e tona e si e lele mo sigoñ yonu.
35Petero a mo raea, Leha ’nkabo ki shua nau, ga ’nkitla ki gu itatola. Barutoa botle le bona ba bua yalo.
36¶ Eriha gona Yesu o eañ nabo kua heloñ go birioañ Getsemane, mi a raea barutoa, Lulañ ha, ka ki sa ea hale go rapela.
37Mi a cula Petero le bomoroa Sebedaio ba tu nae, mi a simolola go hutsahala, mi a na mo tlaleloñ e kholu.
38Eriha gona o ba raeañ, Moea oa me o cueroe ki tlalelo ea loshu; salañ ha, mi risañ le ’na.
39Mi a coela pele go nyenye, mi a itigela mo hatlogoñ se gague, mi a rapela, a re, Rra, ha go ka na yalo, a senoelo se, se ’mphete; leha gontse yalo, esiñ go rata ga me, a thato ea gago e rihale.
40Mi a tla go barutoa, mi a ba hitlela ba robetse, mi a raea Petero, Au! a ga lo kake loa risa le ’na ka oura moñue hela?
41Risañ, mi lo rapele, gore lo si tsene me thaeloñ; moea rure o bonako, mi nama e bokoa.
42Mi a ba a ea loa bo‐tu, a rapela, a re, Rra, ha senoelo se, se sa kake sa ’mpheta, ha ki sa se noe pele, go rata ga gago a go rihale.
43Mi ka a boea a ba a ba bona ba robetse, gone maitlo a bona a heñoa ki boroko.
44Mi a ba tlogela, mi a ba a ea, a rapela loa bo teri, a bua mahuku auo ka aosi.
45Eriha gona o tlañ go barutoa ba gague, a ba raea, Lo ne lo robale, lo ikhutse; bonañ, oura o atametse, Moroa mothu o nelecoe mo atleñ tsa baleohi.
46Tlogañ, a re eeñ, bonañ, eo o ’nkokañ o atametse.
47Mi ka a sa bua, bonañ, Yuda moñue oa ba tuelev a tla, mi a na le bontsi yo bogolu bo na le licaka le melamu, bo coa mo baperisetiñ ba bagolu, le mo bagoluñ ba bathu.
48Mi yana eo o mo okañ, a bo naea seshupo, a re, Eo ki tla mo atlañ, eouo ki ena, mo cuareñ.
49Mi a tla go Yesu ka bonako, a re, Rabi, rumela, mi a mo atla.
50Mi Yesu a mo raea, Tsala, u tletseñ ha? Mi yoa atamela, mi yoa ntsetsa Yesu liatla, yoa mo cuara.
51Mi bonañ, moñue oa bona, ba ba le ba na le Yesu, a ntsa seatla a shomola caka ea gague, mi a rema motlañka oa moperiseti eo mogolu, a mo khaola tsebe.
52Eriha gona Yesu o mo raeañ, Shomela caka ea gago mo khatleñ ea eona, gone botle ba ba culañ caka ba tla nyelerioa ka caka.
53A u itloma ki sa kake ka rapela Rre yana, mi o tla ’nnaea bogolu go ligion li tuelev tsa baengele?
54Mi likualo li kabo li rihala yañ, tse li reñ, lilo tse li ne yalo?
55Mi Yesu a raea bontsintsi mo oureñ ouo, A lo tlile go ’ncuara ka licaka le melamu yaka ki senokuane? Ki le ka lula le lona ka gale, ki ruta mo tempeleñ, mi ga loa ka loa ’ncuara.
56Mi cotle tse, li rihetse, gore likualo tsa baperofeti li rihale. Eriha gona barutoa botle ba mo tlogelañ, ba tsaba.
57¶ Mi ba ba cuereñ Yesu ba mo gogela go Kaiafe moperiseti eo mogolu, kua bakuari, le bagolu ba le ba phuthegetse gona.
58Mi Petero a mo latela a le khakala go ea kua tluñ ea moperiseti eo mogolu, mi ka a tsena a lula le batlañka go bona bokhutlo.
59Mi yana baperiseti ba bagolu le bagolu le tseko e kholu eotle, ba batla cupo ea kako kaga Yesu, gore ba molae;
60Mi leha bashupi ba kako bantsi ba le ba tla, ba si ka ba bona epe. Mi ga tla bashupi ba kako ba tu ba bohelo,
61Ba re, Eo, o la a re, ’Nka rutla tempela ea Morimo, mi ka e aga ka malatsi a teri.
62Mi moperiseti eo mogolu a ema, a mo raea, A ga u arabe sepe? Ba, ba shupañ kaga gago?
63Mi Yesu a ririmala. Mi moperiseti eo mogolu a araba, a mo raea, Kia gu ikanisa ka Morimo o o tserileñ, gore u re bulelele ha e le uena Keresete, Moroa Morimo.
64Yesu a mo raea, U buile; leha gontse yalo, kia lo raea, Ga yana, lo tla bona Moroa mothu a rutse mo atleñ se se siameñ sa thata, a tla ka maru a legorimo.
65Eriha gona moperiseti eo mogolu o gagolañ aparo tsa gague, a re, O kharile Morimo, re sa rihañ bashupi? Bonañ, yana lo utluile khalo ea gague.
66Lo gopolañ? Mi ba araba, ba re, O cuanetse go shua.
67Eriha gona ba mo khuelañ mathe mo hatlogoñ sa gague, mi ba mo tlanya ka macuele. Mi ba bañue ba mo haphola,
68Ba re, Keresete, re shoabashoabele, Emañ eo o gu beritseñ?
69¶ Mi Petero a rutse ha loapeñ, mi ga tla mohula go ena, a re, Le uena a lu u na le Yesu oa Galilea.
70Mi a latola ha pele ga botle, a re, Ga ki itse se u se buañ.
71Mi ka a coela kua khoroñ, mohula eo moñue a mona, a raea ba ba le ba le gona, Eo, le ena o la na le Yesu Monasarini.
72Mi a ba a latola, ka ikano, a re, Ga ki itse monona eo.
73Mi bokhutsanyane ga mouo ga tla ba ba emeñ gauhe, ba raea Petero, Amarure, u moñue oa bona; gone puo ea gago ea gu bonatsa.
74Eriha gona o simololañ go hutsa le go ikana, a re, Ga ki itse monona eo. Mi koku e tona ea akoha ea lela.
75Mi Petero a gakologeloa lehuku ye Yesu o la a le mo raea, U tla ’ntatola ga teri, koku e tona e si e lele. Mi a coela kua ntle, a lela ka botluku.

ទើបបានជ្រើសរើសហើយ៖

Mataio 26: TSN1890

គំនូស​ចំណាំ

ចែក​រំលែក

ចម្លង

None

ចង់ឱ្យគំនូសពណ៌ដែលបានរក្សាទុករបស់អ្នក មាននៅលើគ្រប់ឧបករណ៍ទាំងអស់មែនទេ? ចុះឈ្មោះប្រើ ឬចុះឈ្មោះចូល