LUKE 14
14
Jesu o fodisa monna yo o lwalang bolwetse jwa pudulogo ya metsi
1Ga dirala e rile go le letsatsi la Sabata, a tsena mo ntlong ya Mofarisai mongwe wa mogolwane, a ya go ja senkgwe, mme ba bo ba mo lepile. 2Bonang, ga bo go le monna e fa pele ga gagwe a lwala pudulogo ya metsi. 3Jesu a bua, a raya ba molao le Bafarisai a re: “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?”
4Ba didimala fela. Mme a mo tsaya, a mo fodisa, a mo lesa a tsamaya. 5 A ba raya a re: “Ke ofe wa lona yo e ka reng fa a na le esela, le fa e le kgomo, fa e wetse mo sedibeng, a se ke a akofa a ya go e ntsha fela ka letsatsi la Sabata?”
6Ba retelelwa ke go mo fetola mo dilong tse.
Thuto go balalediwa le molaletsi
7A bua setshwantsho le ba ba laleditsweng, ka a bona ka fa ba itebalebelang ditulo tse di kwa pele ka teng; a ba raya a re: 8 “E re fa mongwe a go laleditse modiro wa nyalo, o se ka wa dula mo mannong a a kwa pele, e se re kgotsa mongwe yo o tlotlegang bogolo go wena a ba a laleditswe le ene; 9mme yo o go laleditseng nae a tla, a go raya a re: ‘Sutela monna yo;’ foo o simolole go tsaya setulo se se kwa morago ka ditlhong. 10Mme e re fa o laleditswe, o ye o tseye setulo se se kwa moragorago, gore e tle e re yo o go laleditseng a tla, a go reye a re: ‘Tsala, dulela kwa pele;’ foo o tlaa dirana le tlotlo fa pele ga ba ba dutseng ba a ja nao. 11 Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.”
12Le gone a raya yo o mo laleditseng a re: “E re fa o dira modiro wa motshegare le fa e le wa maitseboa, o se ka wa laletsa ditsala tsa gago, le fa e le bana ba ga rraago, le fa e le ba losika lwa gago, le fa e le bagaeno ba ba humileng; e se re kgotsa le bone, ba ba ba go bitsa, mme tuelo e go dirafalele. 13Mme e re fa o dira modiro, laletsa bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu. 14O tlaa nna sego; gonne bone ga ba na se ba ka go duelang ka sone; gonne o tlaa duelwa mo go tsogeng ga basiami.”
Setshwantsho sa modiro o mogolo
15E rile mongwe wa ba ba dutseng ba ja nae a utlwa dilo tse, a mo raya a re: “Go sego yo o tlaa jang senkgwe mo bogosing jwa Modimo.”
16Mme a mo raya a re: “Monna mongwe o kile a dira modiro o mogolo wa maitseboa, a laletsa batho ba le bantsi. 17Ya re ka lobaka lwa modiro go jewa, a roma motlhanka wa gagwe a ya go raya ba ba laleditsweng a re: ‘Tlang gonne dilo tsotlhe di baakantswe.’ 18Mme botlhe fela ba ya seoposengwe, ba simolola go ipata. Wa ntlha a mo raya a re: ‘Ke rekile sebata sa lefatshe, mme ke tshwanetse go ya go se bona; ke a go rapela, a ke itshwarelwe, ke ipoletse.’ 19Yo mongwe a re: ‘Ke rekile dikgomo tsa bojokwe ba le batlhano, mme ke ya go di leka; ke a go rapela, a ke itshwarelwe, ke ipoletse.’ 20Yo mongwe a re: ‘Ke nyetse mosadi, ke gone ke sa ka keng ka ya.’
21“Motlhanka yoo a boa, a bolelela morena wa gagwe dilo tse. Foo mong wa ntlo, ka a le bogale, a raya motlhanka wa gagwe a re: ‘Tsamaya ka bonako, o tswele kwa mebileng le mo diferwaneng tsa motse, mme o lere kwano mo teng bahumanegi, digole, difofu le batlhotsi.’ 22Motlhanka a re: ‘Morena, se o se laotseng se dirilwe, mme bonno bo sa le teng.’ 23Morena a raya motlhanka a re: ‘Tswela kwa ditseleng tse dikgolo, le kwa dikgoreng, mme o ba patelele go tsena gore ntlo ya me e tlale.’ 24Gonne ke a lo raya, ga go ope wa banna bao ba ba laleditsweng yo o tlaa isang modiro wa me mo ganong.”
Mathata a go nna morutwa
(Math 10:37-38)
25Jaana ga bo go tsamaya nae bontsintsi jwa batho; mme a retologa, a ba raya a re: 26 “Fa motho, le fa e le mang, a tla kwa go nna, mme a sa nthate bogolo go rraagwe, le mmaagwe, le mosadi wa gagwe, le bana, le bana ba ga rraagwe ba basimane, le ba basetsana, ee, le jone botshelo jwa gagwe, ga a ka ke a nna morutwa wa me. 27 Le fa e le mang yo o sa sikareng mokgoro o e leng wa gagwe, mme a ntshala morago, ga a ka ke a nna morutwa wa me.
28“Gonne ke ofe wa lona yo e ka reng fa a rata go aga kago e e godileng, mme a se ka a dula pele a bala madi a yone, gore a tle a itse fa a na le a a lekanyeng go e swetsa. 29E se re kgotsa a sena go e thaya a retelelwa ke go e swetsa; mme botlhe ba ba e bonang ba simolole go mo sotla. 30Ba re: ‘Monna yo o simolotse go aga, mme a bo a sa nonofa go swetsa.’
31“Kgotsa kgosi ke efe e e ka reng e ya go tlhabana le kgosi e nngwe, e e se keng e dula pele, e senka kgakololo ya gore a e nonofile, ka e na le ba ba 10 000, go ya go kgatlhantsha e e tlang kwa go yone e na le ba ba 20 000. 32E tle e re fa go sa nna jalo, e re e nngwe e sa ntse e le kgakala, e rome batho ba ye go lopa mo go ka agisanyang. 33Go ntse fela jalo, le fa e le mang mo go lona yo o sa tlogeleng dilo tsotlhe tse o nang natso, ga a ka ke a nna morutwa wa me.
Letswai le le sa utlwaleng
(Math 5:13; Mar 9:50)
34“Le gale letswai le molemo; mme fa letswai le senyegile molodi, le a bo le ka lokwa ka eng? 35Ga le na tiro, le fa e le mo tshimong, le fa e le mo thutubudung; batho ba tle ba le latlhele kwa ntle. Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe.”
اکنون انتخاب شده:
LUKE 14: TSW08NO
هایلایت
کپی
مقایسه
به اشتراک گذاشتن
می خواهید نکات برجسته خود را در همه دستگاه های خود ذخیره کنید؟ برای ورودثبت نام کنید یا اگر ثبت نام کرده اید وارد شوید
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.