GENESISE 30
30
1E rile Ragele a bona fa a sa bone bana le Jakobe, Ragele a hufegela mogolowe; a raya Jakobe a re: “Nnaya bana; fa go sa nne jalo nkaa swa.”
2Bogale jwa ga Jakobe jwa tukela Ragele a re: “A ke mo boemong jwa Modimo o o go timileng loungo lwa sebopelo?”
3A re: “Bona Bileha, lelata la me ke yo, tsena kwa go ene, mme o tlaa khubama a le mo mangoleng a me, gore ke tle ke bone bana ka ene.” 4A mo naya Bileha lelata la gagwe go nna mosadi; Jakobe a tsena kwa go ene. 5Bileha a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane le Jakobe. 6Ragele a re: “Modimo o nkatlholetse o bile o utlwile lentswe la me, o nneile ngwana wa mosimane;” ke gone ka moo a mo raya leina a re, Dane. 7Bileha lelata la ga Ragele a nna moimana gape, a bona ngwana wa mosimane wa bobedi le Jakobe. 8Ragele a re: “Ke sokasokanye le mogolole ka tshokatshokano tse dikgolo, mme ke fentse:” A raya ngwana leina a re, Nafetali.
9E rile Lea a bona fa a khutlile go bona bana, a tsaya Silepa lelata la gagwe a mo naya Jakobe go nna mosadi wa gagwe. 10Silepa lelata la ga Lea a bona ngwana wa mosimane le Jakobe. 11Lea a re: “A lesego!” A mo raya leina a re, Gate. 12Silepa lelata la ga Lea a bona ngwana wa mosimane wa bobedi le Jakobe. 13Lea a re: “A bo ke le sego! gonne bana ba basetsana ba tlaa nthaya ba re, Ke sego!” A raya ngwana leina a re, Ašere.
14E rile ka lobaka lwa thobo ya mabele Rubene a ya a bona ditholwana tsa meithatiso mo nageng, mme a di isa kwa go Lea mmaagwe. Foo Ragele a raya Lea a re: “Ke a go rapela, mpha ditholwana tsa ga morwao tsa meithatiso.”
15A mo raya a re: “A ke selo se sennyennye fa o ntseetse monna wa me? Jaanong o rata go tsaya le tsone ditholwana tsa ga morwaake?” Ragele a re: “Jakobe o tlaa lala nao bosigo jono, fa o nnaya ditholwana tsa meithatiso tsa ga morwao.”
16Jakobe a tswa kwa nageng go le maitseboa. Lea a tswa a ya go mo kgatlhantsha a re: “O na le go tsena kwa go nna, gonne ruri ke go thapile ka tuelo ya ditholwana tsa ga morwaake tsa meithatiso.” Mme a lala nae bosigo joo.
17Modimo wa reetsa Lea, a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane wa botlhano le Jakobe. 18Lea a re: “Modimo o nneile tuelo ya me; ka gobo ke neile monna wa me lelata la me;” a raya ngwana leina a re, Isakare. 19Lea a nna moimana gape a bona ngwana wa mosimane wa borataro le Jakobe. 20Lea a re: “Modimo o nketleeditse ka ketleetso e e molemo; jaanong monna wa me o tlaa aga le nna ka gobo ke bonye bana ba basimane ba le barataro nae;” a raya ngwana leina a re, Sebulone. 21Morago a bona ngwana wa mosetsana, a mo raya leina a re, Dina.
22Modimo wa gakologelwa Ragele, Modimo wa mo reetsa wa bula sebopelo sa gagwe. 23A nna moimana, a bona ngwana wa mosimane, a re: “Modimo o ntlositse kgobo.” 24A mo raya leina a re, Josefe, a re: “A Jehofa a nkokeletse ka mosimane yo mongwe.”
Tumalano ya dituelo ya ga Jakobe le Labane
25Ga dirala e rile Ragele a sena go bona Josefe, Jakobe a raya Labane a re: “Nnaya tsela gore ke ye kwa gaetsho le kwa lefatsheng la gaetsho. 26Nthebolela basadi ba me le bana ba me ba ke ba go diretseng, ka ntlha ya bone, o mme ke tsamaye, gonne o itse tirelo ya me e ke go diretseng ka yone.”
27Labane a mo raya a re: “E re ka jaana ke bonye tsalano mo matlhong a gago, nama o sa ntse; gonne ke lemogile fa Jehofa a ntshegofaditse ka ntlha ya gago.” 28A re: “Ntlhaloganyetsa maduo a gago mme ke tlaa a go naya.”
29A mo raya a re: “O a itse ka fa ke go diretseng ka gone, le ka fa dikgomo tsa gago di ntseng tsa nna tsa tshela ka gone ke na natso. 30Gonne se e rileng ke tla wa bo o na naso se ne se le sebotlana, mme se kokotlegetse se ntse sentsintsi. Jehofa o go segofaditse gongwe le gongwe kwa ke ntseng ka menoga gone; jaana ntlo ya me le yone ke tlaa e batlela leng?”
31A re: “Ke tlaa go naya eng?” Jakobe a re: “Se nneye sepe. E tlaa re fa o ntirela selo se jaana: ke tlaa ba ke hudisa letsomane la gago ke le disa. 32Ke tlaa ralala letsomane lotlhe la gago gompieno ke tlosa tse di mmala o maragaraga le o o dibata, le tse dipirwana mo dinkung, le tse di mmala o dibata le o maragaraga mo dipoding; tse di ntseng jalo e tlaa nna tuelo ya me. 33Jalo tshiamo ya me e tlaa mphetolela mo motlheng o o tlang, fa o tla go bua ka ga tuelo ya me e le fa pele ga gago. Nngwe le nngwe e e seng mmala o dibata le fa e le o maragaraga mo dipoding, le e e seng pirwana mo dinkung, fa e bonwa mo go nna e tlaa kaiwa e utswilwe.”
34Labane a re: “Bona ke rata gore go nne ka fa lefokong la gago.” 35Ka tsatsi leo Labane a tlhaola diphoko tse dingolo, le tse di dibata le dipodi tse dinamagadi tsotlhe tse di mmala o maragaraga, le o o dibata, nngwe le nngwe e e nang le bosweu mo go tsone, le tse dipirwa tsotlhe mo dinkung, a di tsenya mo diatleng tsa bomorwawe. 36A baya sebaka sa loeto lwa malatsi a le mararo fa gare ga gagwe le Jakobe. Mme Jakobe a hudisa matsomane a a setseng a ga Labane.
37Jakobe a tsaya dithupa tse dinana tsa mopopelara le tsa thamane le tsa morolwane; a di khumolotsa methaladi, a bonatsa bosweu jo bo mo dithupeng. 38A tlhoma dithupa tse a di khumoloditseng go lebagana le matsomane mo meelong ya metsi, mo mekorong e matsomane a nwelang mo go yone; mme ya re a tsile go nwa a emere. 39Matsomane a emera fa pele ga dithupa, matsomane a tsala bongolwana le mmala o o maragaraga le o o dibata.
40Jakobe a tlhaola dikwanyana, a lebisa matsomane kwa go tse di mmala o mongolo le kwa go tse dipirwana tsotlhe mo letsomaneng la ga Labane. A beela matsomane a gagwe kwa thoko, a se ka a a tlhakanya le letsomane la ga Labane.
41E ne e tle e re go emera tse di nonofileng bogolo go tse dingwe mo letsomaneng, Jakobe a beye dithupa fa pele ga matlho a matsomane mo meelong ya metsi, gore di tle di emere fa dithupeng. 42E ne e tle e re fa letsomane le sa nonofa sentle a se ke a di beele dithupa; jalo tse di sa nonofang sentle e bo e le tsa ga Labane, mme tse di nonifileng e nne tsa ga Jakobe. 43Monna yo a huma mo go golo thata, a ba a nna le matsomane a magolo, le malata, le batlhanka, le dikamela, le diesela.
اکنون انتخاب شده:
GENESISE 30: TSW08NO
هایلایت
کپی
مقایسه
به اشتراک گذاشتن
می خواهید نکات برجسته خود را در همه دستگاه های خود ذخیره کنید؟ برای ورودثبت نام کنید یا اگر ثبت نام کرده اید وارد شوید
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.