GENESISE 21

21
Botsalo jwa ga Isake
1Jehofa a lekola Sara jaaka a dikile a buile, Jehofa a direla Sara jaaka buile. 2 Sara a nna moimana a bona ngwana wa mosimane le Aberahame, mo botsofeng jwa gagwe, ka lobaka lo lo laotsweng, lo Modimo o kileng wa bua nae ka ga lone. 3Aberahame a raya morwawe yo o mo tsetseng, yo Sara o mmonyeng nae leina, a re, Isake. 4 Mme Aberahame a rupisa morwawe Isake a le malatsi a 8 jaaka Modimo o ne o mo laotse. 5E rile Aberahame a tshola Isake morwawe, a bo a le dinyaga di le 100. 6Mme Sara a re: “Modimo o mpolaisitse ditshego; mongwe le mongwe yo o utlwang o tlaa tshega le nna.” 7A re: “Go ne go ka bua mang a raya Aberahame a re: ‘Sara o tlaa amusa bana’? Gonne ke bonye nae ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe.”
8Ngwana a tutuga, a kgwisiwa. Aberahame a dira modiro o mogolo ka letsatsi le Isake o kgwisiwang ka lone.
Hagare le Išemaele ba a lelekwa
9Sara a bona morwa Hagare wa Moegepeto, yo o mmonyeng le Aberahame, a sotla. 10 Ka ntlha ya moo a raya Aberahame a re: “Leleka mosadi wa lelata le morwawe, gonne morwa mosadi yo wa lelata ga a ketla a nna moja boswa le morwaake, e bong Isake.” 11Selo se, sa nna botlhoko thata mo matlhong a ga Aberahame ka ntlha ya ga morwawe. 12 Modimo wa raya Aberahame wa re: “A go se nne botlhoko mo matlhong a gago ka ntlha ya mosimane, le ka ntlha ya mosadi wa gago wa lelata. O nne o reetse lentswe la ga Sara mo go tsotlhe tse o di go rayang; gonne losika lwa gago lo tlaa bidiwa ka Isake. 13Le gone ke tlaa dira morafe ka ene morwa mosadi wa lelata, ka e le losika lwa gago.”
14Aberahame a phakela ka moso, a tsaya senkgwe le sepako sa metsi, a di naya Hagare, a di baya mo maruding a gagwe, le ngwana, a mo tsamaisa; a tsamaya, a kgarakgatshega mo nageng ya Beerešeba. 15Metsi a fela mo sepakong, mme a latlhela ngwana fa tlase ga setlhatshana sengwe. 16A ya a dula a lebaganye nae kwa kgakalanyana, go le jaaka kwa motho o ka hulelang motswi gone, gonne a re: “A ke se ka ka bona go swa ga ngwana.” A dula a lebaganye nae, a tsholetsa lentswe la gagwe, a lela.
17Modimo wa utlwa lentswe la mosimane; moengele wa Modimo a bitsa Hagare a le kwa legodimong, a mo raya a re: “Go a reng, Hagare? O se ka wa boifa, gonne Modimo o utlwile lentswe la mosimane kwa o gone. 18Nanoga, o kakatlolole ngwana, o mo tshegetse ka letsogo; gonne ke tlaa mo dira morafe o mogolo.” 19Modimo wa budulola matlho a gagwe, a bona sediba sa metsi, a ya a gelela sepako, a nosa mosimane. 20Modimo wa nna le mosimane, a gola; a aga mo nageng, a tswa mohula-ka-bora. 21A aga mo nageng ya Parane. Mmaagwe a mo tseisa mosadi kwa lefatsheng la Egepeto.
Kgolagano ya ga Aberahame le Abimeleke
22 Ga dirala ya re ka lobaka loo, Abimeleke a na le Pikole, molaodi wa ntwa ya gagwe, a bua le Aberahame a re: “Modimo o na nao mo go tsotlhe tse o di dirang. 23Ke gone jaana, inkanele fano ka Modimo, fa o se ketla o mpherekanela le fa e le morwaake, le fa e le morwa ngwanake. Fela ka fa pelonoming e ke e go diretseng, o tlaa e ntirela o bo o direla lefatshe le o jakileng mo go lone.”
24Aberahame a re: “Ke tlaa ikana.”
25Aberahame a omanya Abimeleke ka ntlha ya sediba sa metsi se batlhanka ba ga Abimeleke ba se tsereng ka dikgoka. 26Abimeleke a re: “Ga ke itse yo o dirileng selo se; le gone ga o a ka wa mpolelela, le gone ga ke ise ke utlwe, ke utlwa gompieno fela.” 27Aberahame a tsaya dinku le dikgomo, a di naya Abimeleke; mme bobedi jwa bone ba dira kgolagano. 28Aberahame a beela dikwanyana tse di namagatsana di supa fa thoko. 29Abimeleke a raya Aberahame a re: “Kana dikwanyana tse di namagatsana tse di supang, tse o di beileng di le tsosi, di kaya eng?”
30A re: “Dikwanyana tse di namagatsana tse di supang tse, o di tseye mo seatleng sa me, gore e nne sesupo sa me fa ke epile sediba se.” 31Ke gone ka moo felo foo a go raya leina a re, Beerešeba, ka gobo ba ikanalanye boo babedi.
32Jalo ba dira kgolagano mo Beerešeba; Abimeleke a nanoga le Pikole molaodi wa ntwa ya gagwe, ba boela kwa lefatsheng la Bafilisitia. 33Aberahame a tlhoma setlhare sa motamariseka mo Beerešeba; le gone leina la ga Jehofa, “Modimo o o sa khutleng”, a le bitsa gone. 34Aberahame a nna a jaka mo lefatsheng la Bafilisitia ka malatsi a le mantsi.

اکنون انتخاب شده:

GENESISE 21: TSW08NO

های‌لایت

کپی

مقایسه

به اشتراک گذاشتن

None

می خواهید نکات برجسته خود را در همه دستگاه های خود ذخیره کنید؟ برای ورودثبت نام کنید یا اگر ثبت نام کرده اید وارد شوید