YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 1

1
Lefoko la nna nama
1E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo. 2Ene yoo o ne a le yo mo tshimologong a ntse le Modimo. 3Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene; mme kwa ntle ga gagwe ga se ka ga dirwa sepe sa tse di dirilweng. 4Mo go ene go ne go le botshelo; mme botshelo jo, e ne e le jone lesedi la batho. 5Lesedi le phatsima mo lefifing; mme lefifi le se ka la amogalana nalo.
6 Ga tla monna a romilwe ke Modimo, leina la gagwe go twe, Johane. 7Ene yoo, a tla go supa, gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba dumele ka ene. 8E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi. 9Ga bo go le lesedi la ammaaruri, e bong lesedi le le bonesang motho mongwe le mongwe, mme la bo le tla mo lefatsheng.
10O ne a le mo lefatsheng, lefatshe le ne le dirilwe ke ene, mme lefatshe la se ka la mo itse. 11O ne a tla mo ga gabo, mme ba e neng e le ba ga gabo ba se ka ba mo tshola. 12Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe, 13e le ba ba se kang ba tsalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le ke go rata ga motho, fa e se ke Modimo.
14Mme Lefoko a tla a nna nama, mme a aga mo go rona, mme ra bona kgalalelo ya gagwe, e kete kgalalelo ya yo o tsetsweng a le esi a tswa kwa go Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri.
15Johane o supa ka ga gagwe, o kua a re: “Ke ene yo ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Yo o tlang morago ga me, o bile o ntse pele ga me; gonne o ne a leyo pele ga me.’ ”
16Gonne rotlhe re amogetse se se tswang botlalong jwa gagwe, le tshegofatso mo godimo ga tshegofatso. 17Gonne molao o beilwe ka Moše; mme tshegofatso le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete. 18Ga go motho ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa wa one yo o tsetsweng a le esi, yo o mo sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.
Tshupo ya ga Johane Mokolobetsi
(Math 3:1-12; Mar 1:7-8; Luke 3:1-18)
19E ke yone tshupo ya ga Johane jale ka Bajuta ba roma baperesiti le Balefi kwa go ene, ba tswa Jerusalema, ba ya go mmotsa go re: “O mang?”
20Mme a ipolela, mme a se ka a itoba; a ipolela fela a re: “Ga ke Keresete.”
21 Ba mmotsa ba re: “Mme o eng ne? A o Elija?” A re: “Nnyaa.” “A o ene moperofeti yo?” A fetola a re: “Nnyaa.”
22Ke gone ba mo raya ba re: “O mang? Gore re tle re fetole ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?”
23 A re: “Nna ke lentswe la mongwe yo o kuang mo nageng a re: ‘Siamisang tsela ya Morena,’ jaaka moperofeti Isaia a kile a bua.”
24Ba ba romilweng ba bo ba tswa mo Bafarisaing. 25Ba mmotsa, ba mo raya ba re: “Mme o kolobeletsang, fa o se Keresete, le fa e le Elija, le fa e le ene moperofeti?”
26Johane a ba fetola a re: “Ke kolobetsa ka metsi, mme mo gare ga lona go eme mongwe yo lo sa mo itseng. 27E bong ene yo o tlang morago ga me, yo kgole ya setlhako sa gagwe ke sa tshwanelang go e hunolola.”
28Dilo tse di dirilwe kwa Bethania o o kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o neng a kolobetsa teng.
Jesu Kwana ya Modimo
29Ya re ka moso a bona Jesu a tla kwa go ene, mme a re: “Bonang, Kwana wa Modimo, yo o tlosang boleo jwa lefatshe! 30Ke ene yo ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Morago ga me go tla monna yo o bileng a ntse pele ga me; gonne o ne a le yo pele ga me.’ 31Mme ka bo ke sa mo itse; ke tsile ke kolobetsa ka metsi gore a tle a senolelwe Iseraele.”
32Johane a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong; wa nna mo go ene. 33Mme ka bo ke sa mo itse; ke ene yo o nthomileng gore ke tle go kolobetsa ka metsi, ke ene yo o ntheileng a re: ‘Yo o bonang Mowa o fologela mo go ene, o nna go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo.’ 34Ke bonye, ka ba ka supa fa yo e le Morwa Modimo.”
Barutwa ba ntlha ba ga Jesu
35Gape ya re ka moso o mongwe, Johane a bo a eme a na le barutwa ba gagwe ba le babedi; 36mme a leba Jesu jaaka a tsamaya, mme a re: “Bonang, Kwana wa Modimo!”
37Barutwa ba babedi ba mo utlwa a bua, mme ba sala Jesu morago; 38Jesu a retologa, a ba bona ba mo setse morago, a ba raya a re: “Lo batlang?” Ba mo raya ba re: “Rabi,” – ke go re, Moruti, fa go phuthololwa, “o nna kae?”
39A ba raya a re: “A re tsamayeng, mme lo tlaa bona.” Ba ya ba bona kwa o nnang teng; mme ba tlholatlhola nae ka tsatsi leo; ya bo e le nako ya lesome.
40Mongwe wa ba babedi ba ba utlwileng Johane a bua, mme a sala Jesu morago, e ne e le Anterea mogoloa Simone Petere. 41Ya re pele a ya a bona Simone monnawe, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” – ke go re Keresete, fa go phuthololwa. 42A mo isa kwa go Jesu. Jesu a mo leba a re: “O Simone morwa Jona, o tlaa bidiwa Kefase,” – ke go re, Petere, (le fa e le Lefika), fa go phuthololwa.
Jesu o bitsa Filipo le Nathanaele
43Ya re ka moso a gopola go tswela kwa Galilea, mme a ya a bona Filipo; mme Jesu a mo raya a re: “Ntshala morago.” 44Jaana Filipo ya bo e le motho wa Bethesaita, motse wa ga gabo Anterea le Petere. 45Filipo a ya a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye ene yo Moše o kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baperofeti, e bong Jesu wa Nasaretha, morwa Josefe.”
46Nathanaele a mo raya a re: “A sengwe se se molemo se ka tswa Nasaretha?” Filipo a mo raya a re: “A re tsamaye, o ye go bona.”
47Jesu a bona Nathanaele a tla kwa go ene, mme a bua ka ga gagwe a re: “Bonang Moiseraele wa ammarruri, yo go se nang boferefere bope mo go ene!”
48Nathanaele a mo raya a re: “O nkitsile jang?” Jesu a mo fetola a re: “E rile o le fa tlase ga mofeige, Filipo a ise a go bitse, nna ka go bona.”
49Nathanaele a mo fetola, a re: “Rabi, o Morwa Modimo; o kgosi ya Iseraele.”
50Jesu a mo fetola a re: “A o dumela ka gobo ke go reile ka re: ‘Ke go bonye o le fa tlase ga mofeige’? O tlaa bona dilo tse dikgolo bogolo go tse.” 51 A mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, lo tlaa bona legodimo le atlhamologile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba ba ba fologela mo go Morwa Motho.”

Currently Selected:

JOHANE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in