YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 2

2
Lenyalo kwa Kana
1E rile ka tsatsi la boraro, ga bo go le nyalo kwa Kana wa Galilea; mme mma Jesu a bo a le teng; 2Jesu le ene a lalelediwa nyalong, le barutwa ba gagwe. 3Ya re bojalwa jwa mofine bo tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: “Ga ba na bojalwa jwa mofine.”
4Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ke dirang ka wena? Lobaka lwa me ga lo ise lo tle.”
5Mmaagwe a raya batlhanka a re: “Se o se lo rayang lo se dire fela.”
6Ga bo go le ditsaga tsa lentswe di le thataro, di beilwe teng ka fa mokgweng wa Bajuta wa bontlafatso, nngwe le nngwe e lekanye diemere di supa, kgotsa di some. 7Jesu a ba raya a re: “Thelang metsi mo ditsageng, di tlale.” Ba di thela tsa tlalela ruri. 8A ba raya a re: “Gang jaana, lo ise kwa molebalebing wa modiro.” Mme ba a isa. 9Ya re molebalebi wa modiro a leka metsi mo ganong, a jaanong a fetogileng bojalwa jwa mofine, a sa itse kwa a tswang teng, mme batlhanka ba ba gileng metsi ba bo ba itse, molebalebi wa modiro a bitsa monyadi. 10A mo raya a re: “Batho botlhe ba tle ba beye bojalwa jwa mofine jo bo monate pele; e re batho ba sena go nwa thata, foo ba beye jo bo seng monate; mme wena, bojalwa jwa mofine jo bo monate o bo boloketse lobaka lono.”
11Tshimologo e ya ditshupo tsa gagwe, Jesu o e dirile mo Kana wa Galilea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe; mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene.
12 Morago ga moo a fologela kwa Kaperenaume, ene le mmaagwe, le bomonnawe, le barutwa ba gagwe; mme ba tlhola teng malatsi a se mantsi.
Jesu o phepafatsa tempele
(Math 21:12-13; Mar 11:15-18; Luke 19:45-46)
13 Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme Jesu a tlhatlogela kwa Jerusalema. 14A ya mo tempeleng a fithlela ba ba rekisang dikgomo, le dinku le maphoi, le ba ba ananyang madi ba dutse teng. 15A tshopha senteo sa megala, a di lelekela tsotlhe kwa ntle ga tempele, dinku le dikgomo; le madi a ba ba a ananyang a a goromeletsa fa fatshe, le dimati tsa bone a di pitikolola; 16ba ba rekisang maphoi a ba raya a re: “Tlosang dilo tse fa; se ntsheng ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” 17 Barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa go kwadilwe ga twe: “Tlhoafalelo ya ntlo ya gago e tlaa nja.”
18Ke gone Bajuta ba mo fetola ba re: “O re supetsa sesupo sefe ka e le fa o dira dilo tse?”
19 Jesu a ba fetola a re: “Digang tempele e, mme ke tlaa e tsosa ka malatsi a le mararo.”
20Foo Bajuta ba re: “Tempele e e jele dinyaga di le 46 mo go agiweng, a o tlaa e tsosa ka malatsi a le mararo?”
21Mme ene a bo a bua ka ga tempele ya mmele wa gagwe. 22Ke gone e rileng a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa fa a kile a bua jalo; ba dumela dikwalo le lefoko le Jesu o le buileng.
Jesu o itse se se mo mothong
23Jaana e rile a ile Tlolaganyong kwa Jerusalema, e le ka lobaka lwa modiro, batho ba le bantsi ba dumela mo ineng la gagwe, ka ba bona ditshupo tsa gagwe tse o di dirang. 24Jesu a se ka a ba ikanya go ba ineela, gonne a itse batho botlhe; 25gape o ne a sa tlhoke gore ope a supe ka ga motho; gonne ene ka esi a itse se se mo mothong.

Currently Selected:

JOHANE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in