YouVersion Logo
Search Icon

ESETHERE 1

1
Mohumagadi Fašeti o nyatsa kgosi Ahasueruse
1 Jaana ga dirala e rile mo metlheng ya ga Ahasueruse (yoo ke ene Ahasueruse yo o ne a busa dikgaolo tsa mafatshe di le 127, go tswa India go ya fela kwa Ethiopia,) 2mo metlheng eo, ya re kgosi Ahasueruse a dutse mo setulong sa bogosi jwa gagwe, se se neng se le mo Shušane, motse wa kgosi, 3ya re ka ngwaga wa boraro wa mmuso wa gagwe, a direla magosana a gagwe le batlhanka ba gagwe modiro; e bong nonofo ya Peresia le Media, marena le magosana a mafatshe a le fa pele ga gagwe. 4A supa ka lone lobaka loo dikhumo tsa bogosi jwa gagwe jo bo galalelang, le tlotlo ya borena jwa gagwe jo bo gaisang, a bo supa ka malatsi a le mantsi, e bong ka malatsi a le 180.
5E rile malatsi ao a sena go feta kgosi ya direla batho botlhe ba gone mo Shušane motse wa kgosi modiro, bagolo le bannye, ka malatsi a supa, mo lwapeng lo lo kwa tshimong ya motse wa kgosi. 6Go ne go le matsela a a lepeletseng a masweu, le a matala, le a mahibidu, a a gokeletsweng ka mehitshana ya selefera mo maotwaneng a maje a marebele, ka megala ya leloba le le boleta, le ya bohibidu jo bo mokgona, masekamelo e le a gouta le selefera, a le mo bophaphathong jwa matlapa a marebele, a mahibidu, le a masweu, le a masetlha, le a mantsho. 7Ba ba nosa ka dinwelo tsa gouta (dinwelo tsone go se na dipe tse di tshwanang le tse dingwe), bojalwa jwa mofine jwa segosi bo le letlotlo, ka fa letlotlo le le mo kgosing le ntseng ka gone. 8Go nwa go ne go le ka fa molaong; go se ope yo o ka patelelang yo mongwe; gonne kgosi e laotse balaodisiwa botlhe ba ntlo ya yone jalo, gore ba dire ka fa go rateng ga motho mongwe le mongwe.
9Le ene Fašeti, mohumagadi wa kgosi, a direla basadi modiro mo ntlong ya segosi e e leng ya ga kgosi Ahasueruse.
10Ya re ka letsatsi la bosupa, ka pelo ya kgosi e thamile ka bojalwa jwa mofine, ya laola Mehumane, le Bisethe, le Harebone, le Bigethe, le Abagetha, le Sethare le Karakase, baopafadiwi ba ba supa, ba ba direlang fa pele ga kgosi Ahasueruse, 11a re ba lere Fašeti mohumagadi wa kgosi, fa pele ga kgosi a na le serwalo sa segosi, go tla a supetsa ditšhaba le magosana bontle jwa gagwe; gonne o na a le montle go lejwa. 12Mohumagadi Fašeti a gana go tla ka fa taolong ya kgosi ka baopafadiwi; ke gone ka moo kgosi ya gakala thata, bogale jwa yone jwa tuka mo teng ga yone.
13Foo kgosi ya raya batho ba ba botlhale ba ba itseng metlha, (gonne mokgwa wa kgosi o ne o ntse jalo mo go botlhe ba ba itseng taolo le katlholo. 14Ba ba rulaganyeng nae ya bo e le Karešene, le Shethare, le Atematha, le Tarešiše, le Merese, le Maresena le Memukane, dikgosana di supa tsa Peresia le Media, ba ba neng ba leba sefatlhogo sa kgosi, ba ba ba dula kwa pele mo bogosing). A re:
15“Ana Mohumagadi Fašeti re tlaa mo reng ka fa molaong, ka a se ka a dira taolo ya ga kgosi Ahasueruse ka baopafadiwi?”
16Memukane a fetola fa pele ga kgosi le dikgosana, a re: “Fašeti mohumagadi ga a a direla kgosi e le yosi tshiamololo, mme le magosana otlhe, le ditšhaba tsotlhe tse di mo mafatsheng a ga kgosi Ahasueruse. 17Gonne tiro e ya mohumagadi e tlaa tswela kwa basading botlhe e ya go dira gore banna ba bone ba nyatsege mo matlhong a bone, mogang go bolelwang go twe: ‘Kgosi Ahasueruse o ne a laotse gore Fašeti mohumagadi a leriwe fa pele ga gagwe mme a se ka a tla.’ 18Ka tsatsi leno, bahumagadi ba dikgosana tsa Peresia le Media ba ba utlwang ka ga tiro ya mohumagadi wa kgosi ba tlaa bua fela jalo mo dikgosaneng tsotlhe tsa kgosi. Jalo go tlaa tsoga lonyatso lo logolo le bogale. 19Fa go ka kgatlha kgosi, a go tswe mo go yone taolo ya segosi, mme a e kwalwe mo melaong ya Baperesia le Bamedia, gore e se ka ya fetolwa, gore Fašeti a se ka a tlhola a tla fa pele ga kgosi Ahasueruse; mme a kgosi e neye o sele bohumagadi jwa gagwe jwa segosi, a bo neye yo o molemo bogolo go ene. 20Mme e tlaa re taolo e kgosi e tlaa e dirang e bolelwa mo bogosing jotlhe jwa yone, (gonne bo bogolo), basadi botlhe ba tlaa naya banna ba bone tlotlo, bagolo le bannye.”
21Lefoko leo la kgatlha kgosi le dikgosana; mme kgosi ya dira jaaka lefoko la ga Memukane; 22gonne a tsamaisetsa dikwalo kwa mafatsheng otlhe a kgosi, kwa lefatsheng lengwe le lengwe ka fa go kwaleng ga lone, le kwa sešabeng sengwe le sengwe ka fa puong ya sone, gore monna mongwe le mongwe a dire le taolo mo ntlong ya gagwe, mme a go bolele ka fa puong ya batho ba ga gabo.

Currently Selected:

ESETHERE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy