YouVersion Logo
Search Icon

ESETHERE 2

2
Esethere o dirwa mohumagadi
1E rile morago ga dilo tse, bogale jwa ga kgosi Ahasueruse bo sena go kokobela, a gakologelwa Fašeti le se o ne a se dirile, le se se laotsweng ka ga gagwe. 2Foo batlhanka ba kgosi ba ba e direlang ba re: “A go batlelwe kgosi basetsana ba bantle ba makgarebana. 3Mme kgosi e tlhome balaodisiwa mo dikgaolong tsotlhe tsa mafatshe otlhe a bogosi jwa yone, gore ba tle ba phuthele basetsana ba makgarebana ba bantle botlhe kwa Shušane motse wa kgosi, kwa ntlong ya basadi, ba nne mo tlamelong ya ga Hegai moopafadiwi wa kgosi, le modisa wa basadi; mme ba newe dilo tsa bone tsa boitshekiso. 4Mme a mosetsana yo o kgatlhang kgosi a nne mohumagadi mo boemong jwa ga Fašeti.” Selo seo sa kgatlha kgosi; mme ya dira jalo.
5Ga bo go le Mojuta mongwe mo Shušane motse wa kgosi, yo leina la gagwe e ne e le Moretekai, morwa Jaire, morwa Shimei, morwa Kiše, wa Mobenjamine; 6 yo o ne a tlositswe kwa Jerusalema le batshwarwa ba ba tlositsweng le Jekonia kgosi ya Juta, yo Nebukatenesare kgosi ya Babilone o ne a mo tlositse. 7Mme a otla Hatase, ke go re Esethere morwadia rrangwanaagwe, gonne o ne a se na rraagwe le mmaagwe, mme mosetsana yo a bo a le moswaana, a le montle; mme e rile rraagwe le mmaagwe ba sena go swa, Moretekai a mo tshola a nna morwadie.
8Jalo ga dirala, e rile taolo ya kgosi le boikaelelo jwa yone bo sena go utlwala, basetsana ba le bantsi ba phuthegetse kwa Shušane motse wa kgosi mo tisong ya ga Hegai, Esethere a isiwa mo ntlong ya kgosi, mo tisong ya ga Hegai modisa wa basadi. 9Morweetsana yo a mo kgatlha, mme morweetsana a direlwa ka bopelonomi ke ene; a akofa a mo naya dilo tsa gagwe tsa boitshekiso, le dikabelo tsa gagwe, le barweetsana ba supa ba ba tswang mo ntlong ya kgosi, ba o ne a tshwanetse go ba neelwa, mme a mo hudusa le barweetsana ba gagwe, a ba hudusetsa kwa bonnong jo bo molemo o o gaisang mo ntlong ya basadi.
10Esethere ga a ka a bolela batho ba ga gabo, le fa e le losika lwa gagwe; gonne Moretekai o na a mo laile gore a se ka a go bolela. 11Moretekai o na a nna a tsamaya tsamaya fa pele ga lolwapa lwa ntlo ya basadi ka malatsi otlhe, gore a tle a itse ka fa Esethere o ntseng a tsoga ka teng, le se se tlaa mo dirafalelang.
12Jaana ya re go tla lobaka lwa morweetsana mongwe le mongwe lwa go tsena kwa kgosing Ahasueruse, morweetsana a sena go direlwa ka fa molaong wa basadi, ka dikgwedi di le 12 (gonne motlha wa maitshekiso a bone o ne o dirafadiwa jalo, ke go re ka dikgwedi di le thataro ba iphorole ka lookwane lwa mura, le ka dikgwedi di le thataro ba iphorole ka dinkga monate, le ka dilo tsa go itshekisa basadi). 13Foo ka mokgwa o o ntseng jaana, morweetsana a tle kgosing, sengwe le sengwe se o se eletsang a se newe a tswe naso mo ntlong ya basadi a ye mo ntlong ya kgosi. 14E re ka maabanyane a ye, mme e re ka moso a boele kwa ntlong ya bobedi ya basadi, mo tisong ya ga Shaašagase, moopafadiwa wa kgosi, yo o disang bagadingwana, a ba a sa tlhole a tsena kwa kgosing, fa kgosi e se ka ya kgatlhega mo go ene, mme a ba a bidiwa ka leina.
15E rile go tla lobaka lwa ga Esethere morwadia Abihaile rrangwanaagwe Moretekai, yo o ne a mo tshotse a mo dira morwadie, fa a tlaa tsena kwa kgosing, o ne a se ka a eletsa sepe fa e se se Hegai moopafadiwa wa kgosi, modisa wa basadi, o se laotseng. Mme Esethere a kgatlha botlhe ba ba mo lebileng. 16Jalo Esethere a isiwa kwa kgosing Ahasueruse, mo ntlong ya gagwe ya segosi ka kgwedi ya lesome, e e leng kgwedi ya Tebethe, ka ngwaga wa bosupa wa mmuso wa gagwe.
17Kgosi ya rata Esethere bogolo go basadi botlhe, mme a bona go segofala le go ratega mo ponong ya yone bogolo go barweetsana botlhe, mme ya baya serwalo sa segosi mo tlhogong ya gagwe, ya mo dira mohumagadi wa yone mo boemong jwa ga Fašeti. 18Foo kgosi ya direla magosana otlhe a yone le batlhanka ba yone modiro o mogolo, e bong modiro wa ga Esethere; a direla dikgaolo tsa mafatshe lobaka lwa tapologo, a aba dineo, ka fa letlotlo le le mo kgosing le ne le ntse ka teng.
Moretekai o femela botshelo jwa kgosi
19E rile barweetsana ba makgarebana ba phuthega lwa bobedi, foo Moretekai a dula mo kgorong ya kgosi. 20Esethere o ne a ise a bolele losika lwa gagwe, le fa e le batho ba ga gabo, jaaka Moretekai a ne a mo laile; gonne Esethere a dira taolo ya ga Moretekai, fela jaaka jale a sa ntse a otlwa kwa go ene.
21Ya re mo metlheng eo, Moretekai a dutse mo kgorong ya kgosi, baopafadiwa ba kgosi ba le babedi, e bong Bigethane le Tereše, e le ba bone ba ba lebelang kgoro, ba nna bogale, ba batla go tsenya kgosi Ahasueruse mabogo. 22Mme selo seo sa itsiwe ke Moretekai, mme a se itsise Esethere mohumagadi wa kgosi; mme Esethere a se bolelela kgosi ka leina la ga Moretekai. 23E rile go tlhotlhomisiwa ka ga selo se, ga fitlhelwa se ntse jalo, ba pegwa mo setlhareng boo babedi, ga ba ga kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo fa pele ga kgosi.

Currently Selected:

ESETHERE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy