YouVersion Logo
Search Icon

NEHEMIA 13

13
Baditšhaba ba ntshiwa mo phuthegong
1 E rile ka tsatsi leo ba bala mo lokwalong lwa ga Moše mo kutlong ya batho; mme ga fitlhelwa go kwadilwe gone go twe, Motho wa Moamone le wa Moabe a se ka a tsena mo phuthegong ya Modimo ka bosakhutleng; 2 ka ba se ka ba kgatlhantsha bana ba Iseraele ka dijo le ka metsi, mme ba ba thapela Balaame ka tuelo go tla a ba hutsa; le fa go ntse jalo Modimo wa rona o no wa fetola phutso ya nna tshegofatso. 3Ga dirala ya re ba sena go utlwa molao, ba lomolola bontsi jotlhe jwa batho jo bo tlhakatlhakanyeng mo go Baiseraele.
Nehemia o tlhabolola tsamaiso ya tirelo ya Tempele
4Mme jaana e rile pele ga mo, Eliašibe moperesiti, yo o ne a laoletswe matlwana a ntlo ya Modimo wa rona, e re ka a ne a golaganye le Tobia, 5o ne a mmaakanyeditse ntlwana e kgolo, mo e rileng gale ba bo ba tsenya ditshupelo tsa boupe gone, le lebano, le dilwana, le tsa bosome tsa mabele, le bojalwa jwa mofine, le lookwane, tse di ne di tle di ntshiwe ka taolo e le tsa Balefi, le tsa baopedi le balebedi ba kgoro; di na le ditshupelo tsa tsholetso tsa baperesiti.
6Ya re ka lobaka lotlhe loo ke ne ke seyo kwa Jerusalema, gonne e rile ka ngwaga wa 32 wa ga Aretaserese kgosi ya Babilone, ka ya kwa kgosing, mme morago ga malatsi mangwe ka lopa tsela mo kgosing. 7Ka tla Jerusalema, mme ka tlhaloganya ka ga bosula jo Eliašibe o ne a bo diretse Tobia, ka go mmaakanyetsa ntlwana mo malwapeng a ntlo ya Modimo. 8Ga nkutlwisa botlhoko thata; ke gone dilo tsotlhe tsa ga Tobia tsa ntlo, ka di latlhela kwa ntle ga ntlwana. 9Foo ka laola, mme ba itshekisa matlwana; ka busetsa teng dilwana tsa ntlo ya Modimo, di na le ditshupelo tsa boupe le lebano.
10 Ka lemoga fa Balefi ba ntse ba sa newa dikabelo tsa bone; jalo Balefi, le baopedi ba ba dirang tiro, mongwe le mongwe a bile a tshabetse kwa lotlhagareng lwa gagwe. 11Foo ka ganela le balaodi, ka re: “Ke ka ntlha yang ntlo ya Modimo e lathilwe jaana?” Ka ba phutha, ka ba baya mo bonnong jwa bone.
12 Foo Bajuta botlhe ba lere sa bosome sa mabele, le sa bojalwa jwa mofine, le sa lookwane, mo matlong a dikhumo. 13Ka laolela matlo a dikhumo balebedi ba dikhumo, Shemaia moperesiti, le Satoke mokwadi, le Petaia e le wa Balefi. Hanane morwa Sakure, morwa Matania, a rulagana nabo; gonne ba kaiwa go re ba boikanngo, mme tiro ya bone e le go abela bomonnaa bone.
14O tle o nkgakologelwe, Modimo wa me, ka ga selo se, o se ka wa phimola ditiro tsa me tse di molemo tse ke di diretseng ntlo ya Modimo wa me, le ditirelo tsa one.
15 Ya re mo metlheng eo mo Juta, ka bona bangwe ba gata mo dikgatisetsong tsa bojalwa go le Sabata, ba lere makokoma a mabele, ba a belesa mo dieseleng; le jone bojalwa jwa mofine, le difine, le difeige, le merwalo mengwe le mengwe e ba e lereng mo Jerusalema ka letsatsi la Sabata; mme ka ba naya molato mo tsatsing le ba ne ba rekisa dijo ka lone. 16Go no go bile go agile batho ba Ture gone, ba ba lereng ditlhapi, le thoto nngwe le nngwe, ba di rekisa ka Sabata mo baneng ba Juta, le mo Jerusalema. 17Foo ka ganela le magosana a Juta, ka ba raya ka re: “Ke bosula bofe jo lo bo dirang, lo itshepolola letsatsi la Sabata? 18A borraeno ga ba a dira jalo, mme a Modimo wa rona ga o a lere bosula jo jotlhe mo go rona, le mo motseng ono? Le fa go ntse jalo lo sa ntse lo tlisa bogale mo Iseraele ka go itshepolola Sabata.”
19Ga dirala, ya re dikgoro tsa Jerusalema di simolola go fifalelwa pele ga Sabata, ka laola gore go tswalwe dikgoro, mme ka laola gore go se ka ga bulwa go tle go tsamaye Sabata o fete pele; batlhanka bangwe ba me ka ba tlhoma mo go lebeleng dikgoro, gore go se ka ga isiwa morwalo ope mo teng ka letsatsi la Sabata. 20Jalo bareki le barekisi ba thoto nngwe le nngwe ba lala kwa ntle ga Jerusalema gangwe fela kgotsa gabedi. 21Foo ka ba naya molato, ka ba raya ka re: “Lo lalelang fa lorakong? Fa lo dira jalo gape, ke tlaa lo tsenya mabogo.” E sa le ka lobaka loo ga ba a ka ba tlhola ba tla ka Sabata. 22Ka laola Balefi gore ba iitshekise, le gore ba tle go lebela dikgoro, go tla ba itshepisa letsatsi la Sabata. Modimo wa me, o tle o nkgakologelelwe le sone se, mme o nthekegele ka fa bogolong jwa boutlwelobotlhoko jwa gago.
23 Metlheng eo le gone ka bona Bajuta ba ba nyetseng basadi ba Ašetote, ba Amone le ba Moabe. 24Bana ba bone, ba bua puo ya Seašetote ka ntlha nngwe, mme ba retelelwa ke go bua puo ya Sejuta, fa e se ka fa puong ya batho ba bangwe le ba bangwe. 25Mme ka ganela nabo, ka ba hutsa ka betsa bangwe ba bone, ka ba khumola moriri, ka ba ikanisa ka Modimo, ka re: “Lo se ka lwa naya bomorwaa bone bomorwadia lona, le gone lo se ka lwa tseisa bomorwaa lona bomorwadia bone, le fa e le go ba itseela. 26 A Solomone kgosi ya Iseraele a ga a ne a leofa ka dilo tse? Le fa go ntse jalo mo bontsing jwa merafe go ne go se na kgosi epe e e tshwanang nae; o ne a ratwa ke Modimo wa gagwe, mme Modimo wa mo dira kgosi ya Baiseraele botlhe. Le fa go ntse jalo le e leng ene, basadi ba seeng ba mo leofisa. 27Mme e le foo a re tlaa reetsa lona go tla re dira bosula jotlhe jo bogolo jo, re tlolela Modimo wa rona ka go nyala basadi ba seeng?”
28 Mongwe wa bomorwa Joiate, morwa Eliašibe wa moperisiti yo mogolo, e ne e le mogwe wa ga Sanebalate wa Mohorone; ke gone ka moo ka mo leleka fa go nna.
29Modimo wa me, a ko o ba gakologelwe, ka ntlha ya gobo ba itshekolotse boperesiti, le kgolagano ya boperesiti, le ya Balefi.
30Ka ba ntlafatsa jalo mo baennyeng botlhe, ka laolela baperisiti le Balefi ditebelo, mongwe le mongwe mo tirong ya gagwe; 31le ya tshupelo ya dikgong, ka metlha e e laotsweng, le ya mabutswapele. Modimo wa me, o tle o nkgakologelwe ka molemo.

Currently Selected:

NEHEMIA 13: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy