YouVersion Logo
Search Icon

DUTERONOME 1

1
Ketapele
1A ke one mafoko a Moše o a buileng le Baiseraele botlhe fa moseja ga Joretane, mo nageng, mo molapong wa Areba, bolebagana le Sufe, fa gare ga Parane, le Tofele, le Labane, le Haserothe, le Disahabe. 2Go tswa kwa Horebe go fitlha mo Kateše-barenea, ka tsela ya thaba ya Seire, ke mosepele wa malatsi a le 11. 3Ka ngwaga wa 40, ka kgwedi ya 11, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Moše a bua le bana ba Iseraele, a bua tsotlhe tse Jehofa o di mo laoletseng ka ga bone; 4 morago a sena go fenya Silhone kgosi ya Baamore, yo o ne a agile mo Hešebone, le Oge kgosi ya Bašane, yo o ne a agile mo Ašetarothe, kwa Eterei. 5Moše a simolola go bolela molao o, a le kwa moseja ga Joretane, mo lefatsheng la Moabe, a re: 6“Jehofa Modimo wa rona o ne a bua le rona mo Horebe, a re: ‘Go lekanye, ga lo bolo go nna mo thabeng e. 7Menogang, lo bothologe, lo ye kwa lefatsheng la makgabana la Baamore, le kwa mafelong otlhe a a gaufi le gone, mo Areba, mo lefatsheng la makgabana, le mo lefatsheng la kwa sehuting, ntlheng ya borwa, le ka kwa losing lwa lewatle, lefatshe la Bakanana, le la Lebanone, go ya kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese. 8Bonang, ke beile lefatshe fa pele go lona; tsenang lo ye go rua lefatshe le Jehofa o le ikanetseng borraeno, Aberahame le Isake le Jakobe, a re: o tlaa le naya bone le losika lwa bone morago ga bone.’
Moše o tlhopha baatlhodi
(Ekes 18:13-27)
9“Ka bua le lona ka baka loo, ka re: ‘Ga ke a nonofa go lo rwala ke le nosi; 10Jehofa Modimo wa lona o lo ntsifaditse; gompieno lo tshwana le dinaledi tsa legodimo ka bontsi. 11Jehofa, Modimo wa borra ba lona, a ke a lo ntsifatse ga makgolo a some, go feta jaaka lo ntse jaana, a a lo segofatse jaaka a lo solofeditse. 12Ana ke ka rwala jang ke le nosi ditharaang tsa lona, le mokgweleo wa lona, le kgang ya lona? 13Tsayang banna ba ba botlhale ba ba tlhaloganyo, e le ba ba itsegeng, ka fa ditsong tsa lona; mme ke tlaa ba dira ditlhogo mo go lona.’ 14Lo no lwa mphetola, lwa re: ‘Se o se buileng se molemo mo go rona go se dira.’ 15Jalo ka tsaya ditlhogo tsa ditso tsa lona, banna ba ba botlhale, ba ba itsegeng, ka ba dira ditlhogo mo go lona, balaodi ba makgolo a masome, balaodi ba makgolo, balaodi ba masome a matlhano, balaodi ba masome, le bagolwane, ka fa ditsong tsa lona.
16“Ka laya baatlhodi ba lona ka lobaka loo, ka re: ‘Utlwang ditsheko tsa bana ba borraeno, lo atlhole ka tshiamo gare ga motho le ngwana a rraagwe, le ene moeng yo o mo go lona. 17Lo se ka lwa tlhokomela bomangmang jwa batho mo katlholong; lo utlwe ba babotlana le ba bagolo, go tshwane fela; lo se ka lwa boifa sefatlhogo sa motho; gonne katlholo ke ya Modimo. Tsheko e e lo palelang lo e lere kwano go nna, mme ke tlaa e utlwa.’ 18Ya re ka lobaka loo ka lo laolela tsotlhe tse lo tshwanetseng go di dira.
Ditlhola di rongwa go tswa Kateše-barenea
(Dipalo 13:1-33)
19“Ra tloga ra tswa Horebe, ra ralala naga e kgolo e e boitshegang eo, e lo e bonyeng ka tsela e e yang kwa lefatsheng la Baamore la makgabana, jaaka Jehofa Modimo wa rona a re laotse; ra fitlha mo Kateše-barenea. 20Ka lo raya ka re: ‘Lo tsile mo lefatsheng la Baamore, la makgabana, le Jehofa Modimo wa rona o le re nayang. 21Bonang, Jehofa Modimo wa gago o beile lefatshe fa pele ga gago; tlhatloga, o ye o le rue, jaaka Jehofa Modimo wa borraago a buile nao; se boife, le gone o se ka wa rerega.’
22“Lo no lwa nkatamela lotlhe, lwa re: ‘A re romeng batho ba re etelele pele, ba ye go keleka lefatshe fa pele ga rona, ba itse go ba ba re leretse lefoko la tsela e re tshwanetseng go e tsaya, le la metse e re tlaa e fitlhelang.’
23“Selo seo sa nkgatlha thata; mme ka tsaya banna ba le 12 mo go lona, e bong monna mongwe wa lotso longwe le longwe. 24Ba menoga, ba tlhatlogela mo thabeng, ba fitlha mo molatswaneng wa Ešekole, ba o tlhola. 25Ba tsaya loungo lwa lefatshe ka mabogo, ba tla nalo kwa go rona, ba re leretse lefoko, ba re: ‘Lefatshe le Jehofa Modimo wa rona o le re nayang ke lefatshe le le molemo.’
26 “Le fa go ntse jalo lo no lwa gana go tlhatloga, lwa tsuololela taolo ya ga Jehofa Modimo wa lona; 27Iwa ngongorega mo megopeng ya lona, lwa re: ‘Ke ka a re ila, Jehofa o re ntshitse mo lefatsheng la Egepeto go tla a re tsenya mo seatleng sa Baamore, gore ba re senye. 28Re a bo re tlhatlogela kae? Bomorwa rraetsho ba re nyerisitse marapo ba re: Batho bao ba bokete, ba bile ba godile bogolo go rona; metse eo e megolo, e bile e thekeleditswe ka dithako tse di fitlhang kwa marung; gape re bonye bomorwa Baanake teng.’
29“Foo ka lo raya ka re: ‘Lo se ka lwa boborana, lo se ka lwa ba boifa. 30Jehofa Modimo wa lona yo o lo eteletseng pele, ene o tlaa lo tlhabanela, jaaka tsotlhe tse o di lo diretseng kwa Egepeto fa pele ga matlho a lona; 31 le mo nageng, kwa o bonyeng gone jaaka Jehofa Modimo wa gago a ne a go rwala, jaaka monna a tle a rwale morwawe, mo tseleng yotlhe e lo no lwa tsamaya ka yone, go tsamaya lo fitlha mo felong fano.’ 32 Le fa go ntse jalo mo selong se, ga lo a ka lwa dumela Jehofa, Modimo wa lona, 33yo o ne a lo eteletse pele mo tseleng, a ya go lo senkela felo fa lo tlaa tlhomang megope ya lona gone; bosigo e le ka molelo, go lo supetsa tsela e lo tlaa e tsamayang, motshegare e le ka leru.
Modimo o otlhaya Iseraele
(Dipalo 14:20-45)
34 “ ‘Jehofa a utlwa lentswe la mafoko a lona, mme a nna bogale thata, a ikana a re: 35Ruri ga go na ope wa banna ba losika lo lo bosula lo, yo o tlaa bonang lefatshe le le molemo, le ke le ikanetseng fa ke tlaa le naya borraa lona, 36fa e se Kalebe morwa Jefune, ene o tlaa le bona; lefatshe le o le gatileng, ke tlaa le naya ene le bana ba gagwe, ka gonne o setse Jehofa morago ka botlalo.’ 37Gape, Jehofa o ne a le bogale le nna ka ntlha ya lona, a re: ‘Le wena ga o ketla o ya go tsena gone; 38Jošua morwa Nune, yo o emang fa pele ga gago, ene o tlaa ya go tsena gone; o mo nametse; gonne ene o tlaa le ruisa Iseraele.
39“ ‘Gape banyana ba lona ba lo rileng ba tlaa nna thopo, le bana ba lona ba gompieno ba se nang kitso ya go itse molemo le bosula, ba tlaa ya go tsena gone; ke tlaa le naya bone, ba tlaa le rua. 40Mme lona, menogang, lo lebise mosepele wa lona kwa nageng ka tsela ya Lewatle le Lehibidu.’
41“Foo lo no lwa mphetola, lwa nthaya lwa re: ‘Re leofetse Jehofa, re tlaa tlhatloga re ya go tlhabana, re dira gotlhe jaaka Jehofa Modimo wa rona a re laotse.’ Monna mongwe le mongwe wa lona a tlhomela dibolao tsa gagwe; lwa iketleetsa go tlhatloga mo thabeng.
42“Jehofa a nthaya a re: ‘Ba reye o re: Lo se ka lwa tlhatloga, le gone lo se ka lwa tlhabana; gonne ga ke mo go lona; lo ka tla lwa kgemethwa fa pele ga baba ba lona.’ 43Jalo ka bua le lona, mme ga lo a ka lwa reetsa; lwa tsuololela taolo ya ga Jehofa, lwa nna boitaolo fela, lwa tlhatloga mo thabeng. 44Mme Baamore, ba ba agileng mo thabeng eo, ba lo tshologela, ba lo leleka jaaka dintshi tsa dinotshe di tle di dire, ba lo kgokolosetsa kwa Seire, go ya go fitlha kwa Horema. 45Lwa boa, lwa lela fa pele ga Jehofa; mme Jehofa a se ka a reetsa lentswe la lona, le fa e le go lo sekegela tsebe.
Dingwaga tsa ba le mo gare ga sekaka
46“Jalo lwa nna mo Kateše ka malatsi a le mantsi, ka fa malatsing a lo lwa nna gone ka one.

Currently Selected:

DUTERONOME 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy