YouVersion Logo
Search Icon

DIPALO 36

36
Molao o o amanang le baruaboswa jwa basetsana
1Ditlhogo tsa makgotla a borraabo ba losika lwa bana ba ga Gileate, morwa Makire, morwa Manase, tsa ditshika tsa bomorwa Josefe, tsa atamela, tsa bua fa pele ga Moše le fa pele ga dikgosana, e bong ditlhogo tsa makgotla a borraabo mo baneng ba Iseraele. 2 Ba re: “Jehofa o laotse morena wa rona gore a neye bana ba Iseraele lefatshe, gore le nne boswa ka taolo ya bola; morena wa rona o ne a laolwa ke Jehofa gore boswa jwa ga Selofehate morwa rraetsho, a bo neye bomorwadie. 3Mme jaana e tlaa re fa ba nyalwa ke bomorwa ditso tse dingwe tsa bana ba Iseraele, foo boswa jwa bone bo tlaa tlosiwa mo bosweng jwa borraetsho, bo tlhakanngwe le boswa jwa lotso lo ba tseetsweng mo go lone; jalo bo tlosiwe mo taolelong ya boswa jwa rona. 4E tlaa re Jubile wa bana ba Iseraele o dirala, foo boswa jwa bone bo tlaa tlhakanngwa le boswa jwa lotso lo ba tsenang mo go lone; jalo boswa jwa bone bo tlaa tlosiwa mo bosweng jwa lotso lwa borraetsho.”
5Mme Moše a laola bana ba Iseraele ka fa lefokong la ga Jehofa, a re: “Ba lotso lwa bana ba ga Josefe ba bua ka tshiamo. 6Se ke sone se Jehofa o se laolang ka ga bomorwadia Selofehate, a re: ‘A ba nyalwe ke ba ba ba ratang; mme ba nyalwe ke ba losika lwa lotso lwa ga rraabo ba le bosi fela. 7Jalo ga go ketla go tloga boswa bope jwa bana ba Iseraele mo lotsong longwe jwa ya mo go lo longwe, gonne bana ba Iseraele, mongwe le mongwe o tlaa ngaparela boswa jwa lotso lwa borraagwe. 8Ngwana wa mosetsana mongwe le mongwe yo o nang le boswa mo lotsong longwe lwa bana ba Iseraele, a a nne mosadi wa mongwe wa losika lwa lotso lwa ga rraagwe, gore bana ba Iseraele, monna mongwe le mongwe a rue boswa jwa borraagwe. 9Jalo ga go ketla go tloga boswa bope mo lotsong longwe jwa ya mo go lo longwe, gonne mo ditsong tsa bana ba Iseraele mongwe le mongwe o tlaa ngaparela boswa jwa gagwe.’ ”
10Fela jaaka Jehofa a laotse Moše, bomorwadia Selofehate ba dira jalo: 11Gonne Mahela, Tiresa, Hogela, Mileka le Noa, bomorwadia Selofehate, ba nyalwa ke bomorwa bana ba ga rraabo. 12Ba nyalwa ke ba ditshika tsa bomorwa Manase morwa Josefe, boswa jwa bone jwa nna fela mo lotsong lwa losika lwa ga rraabo.
13Tse ke tsone ditaolo le dikatlholo, tse Jehofa o di laoletseng bana ba Iseraele ka seatla sa ga Moše, mo dipaleng tsa Moabe, fa Joretane kwa Jeriko.

Currently Selected:

DIPALO 36: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy