YouVersion Logo
Search Icon

DUTERONOME 2

2
1 “Foo ra menoga, ra lebisa mosepele wa rona kwa nageng ka tsela ya Lewatle le Lehibidu, jaaka Jehofa a buile le nna; ra dikanyeletsa thaba ya Seire ka malatsi a le mantsi.
2“Jehofa a bua le nna, a re: 3‘Go lekanye, ga lo bolo go dikanyeletsa thaba e, menogelang ntlheng ya botsheka. 4 O laole batho ba, o re: Lo na le go kgabaganya molelwane wa bana ba rraeno, bana ba ga Esau, ba ba agileng mo Seire; mme ba tlaa lo boifa, ke gone lo itise thata. 5Lo se ka lwa ganela nabo, gonne ga nketla ke lo naya sepe sa lefatshe la bone; nnyaa, le fa e le fa go lekanyeng pato ya lonao go gata gone, gonne thaba ya Seire ke e neile Esau go nna thuo ya gagwe. 6Lo reke dijo mo go bone ka madi, gore lo je; le gone lo reke metsi mo go bone ka madi, gore lo nwe.’
7“Gonne Jehofa Modimo wa gago o go segofaditse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago; o itsile go tsamaya ga gago mo go ralaleng naga e kgolo e, dinyaga tse di 40 tse Jehofa Modimo wa gago o ntseng a nna nao ka tsone; ga o a tlhoka sepe.
8“Jalo ra fapoga bana ba rraarona, bana ba ga Esau ba ba agileng mo Seire, ra fapoga tsela ya Areba, ra fapoga Elathe le Esione-gebere. Mme ra feta ka tsela ya naga ya Moabe. 9 Jehofa a nthaya a re: ‘O se ka wa tshwenya Moabe, o se ka wa lwa nabo mo tlhabanong; gonne ga nketla ke go naya sepe sa lefatshe la bone go le rua; gonne Are ke go neile bana ba ga Lote go nna thuo.’ ” 10(Gale go ne go agile Baemime mo go lone, tšhaba e kgolo, batho ba bantsi, e le ba baleele jaaka Baanake; 11le bone ba kaiwa go re ke Barefaime jaaka Baanake; Bamoabe ba ba bitsa Baemime. 12Bahori le bone ba kile ba aga mo Seire gale, mme bana ba ga Esau ba aga gone morago ga bone; ba ba senyetsa fa pele ga bone, ba aga gone mo boemong jwa bone, jaaka Baiseraele ba diretse lefatshe le ba le ruileng, le Jehofa o ne a le ba naya.)
13“ ‘Jaana nanogang lo kgabaganye nokana ya Serete.’ Ra kgabaganya nokana ya Serete. 14 Malatsi a rona a re sena go tswa mo Kateše-barenea, go tla go kgabaganya nokana ya Serete e ne e le dinyaga di le 38, ga tsamaya mephato yotlhe ya batlhabani ya nyelediwa mo bothibelelong, jaaka Jehofa a ba ikanetse. 15Gape seatla sa ga Jehofa se ne se tlhabana le bone, go ba senya, go ba tlosa mo bothibelelong, go tsamaya ba nyelediwa.
16“Ya re batlhabani ba sena go nyelediwa botlhe ba sule ba tlogile mo bathong, 17Jehofa a bua le nna a re: 18‘Gompieno o na le go kgabaganya Are, molelwane wa Moabe. 19 E re o atamela, o le gaufi le bana ba Amone, o se ka wa ba tshwenya, le gone o se ganele nabo, gonne ga nketla ke go naya sepe sa lefatshe la bana ba ga Amone go nna thuo, gonne ke le neile bana ba ga Lote go nna thuo.’ ” 20(Le lone le kaiwa gore ke lefatshe la Barefaime, ka Barefaime ba kile ba aga gone gale; Baamone ba ba bitsa Basamesume; 21e le tšhaba e kgolo, batho ba bantsi, e le ba baleele, jaaka Baanake; mme Jehofa a ba senyetsa fa pele ga bone; mme ba ba sala morago ba aga gone mo boemong jwa bone, 22jaaka a diretse bana ba ga Esau ba ba agileng mo Seire, jale ka a senyetsa Bahori fa pele ga bone; mme ba ba sala morago, ba aga mo boemong jwa bone nako e sa le eno. 23Le Baafe ba ba kileng ba aga mo metsaneng go ya go fitlha kwa Gasa, le Bakafetore, ba ba duleng mo go Kafetore, ba ba senya, ba aga mo lefatsheng mo boemong jwa bone.)
24“Ka re: ‘Nanogang, re tsamayeng, lo kgabaganye molapo wa Arenone; bona, Sihone wa Moamore, kgosi ya Hešebone ke mo tsentse le lefatshe la gagwe mo seatleng sa gago; simololang go le rua, lo lwe nae mo tlhabanong. 25Go tsweng fano gompieno ke tlaa dira gore merafe yotlhe e e ka fa tlase ga legodimo e go boife, le gore e re ba utlwalela tumedi ya gago, ba rorome ka poifo e kgolo, ba bo ba nne mo tlalelong.’
Iseraele o fenya Kgosi Sihone
(Dipalo 21:21-30)
26“Ka roma barongwa ba tswa mo nageng ya Ketemothe, ba ya kwa go Sihone kgosi ya Hešebone, ba na le mafoko a kagiso, ba re: 27‘Mma ke ralale lefatshe la gago, ke tlaa feta ka tsela e kgolo fela, ga nketla ke fapogela kwa ntlheng ya le legolo kgotsa la molema. 28O tlaa rekisa dijo mo go nna ka madi, gore ke je, o tlaa nnaya metsi ka madi, gore ke nwe; o tle o mme ke ralale ka dinao fela. 29Jaaka bana ba ga Esau, ba ba agileng mo Seire, le Bamoabe ba ba agileng mo Are, ba ntiretse, go tle go tsamaye ke kgabaganye Joretane ke ye mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa rona o le re nayang.’
30“Mme Sihone kgosi ya Hešebone a gana go re lesa re feta; gonne Jehofa Modimo wa gago a ne a thatafatsa mowa wa gagwe, a kgwaralatsa pelo ya gagwe, gore a tle a mo tsenye mo seatleng sa lona, jaaka gompieno.
31“Jehofa a nthaya a re: ‘Bonang, ke simolotse go go neela Sihone le lefatshe la gagwe; o simolole go le rua gore o tle o je lefatshe boswa.’ 32Foo Sihone a re bololela, ene le batho botlhe ba gagwe ba tla go tlhabana le rona mo Jahase. 33Jehofa Modimo wa rona a mo re neela fa pele ga rona, mme ra mo kgemetha le bomorwawe le batho botlhe ba gagwe. 34Ra thopa metse yotlhe ya gagwe ka baka loo, ra senyetsa ruri motse mongwe le mongwe wa banna, le ka basadi le banyana; ga re a ka ra sia ope; 35fa e se dikgomo, ke tsone fela tse re neng ra di itseela le kgapo ya metse e re ne re e thopile. 36Go tswa Aroere, o o fa ntlheng ya molapo wa Arenone, go tswa motseng o o mo molapong, go ya fela kwa Gileate, go se ka ga dira le motse ope o o re paletseng ka go golela kwa godimo bobe; Jehofa Modimo wa rona a re neela gotlhe fa pele ga rona; 37fa e se lefatshe la bana ba ga Amone, ke lone losi le lo neng lo se ka lwa le atamela, gotlhe go ya le noka ya Jaboke, le metse ya lefatshe la makgabana, le gongwe le gongwe kwa Jehofa Modimo wa rona o go re ileditseng.

Currently Selected:

DUTERONOME 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy