PESALEMA 127
127
Masego a ga Jehofa
Sefela sa Ditlhatlogo; sa ga Solomone.
1Fa Jehofa a sa age ntlo,
ba ba e agang ba direla lefela;
fa Jehofa a sa dise motse,
molebedi o tsogela lefela fela.
2Ke lefela fela mo go lona
fa lo tsoga ka maphakela,
lo ba lo ya go robala
go le bosigo thata,
lo ba lo ja dijo tsa letsapa;
gonne o naya baratwana ba gagwe
boroko jalo.
3Bona, bana ke boswa jwa Jehofa;
le loungo lwa sebopelo
ke tuelo ya gagwe.
4Jaaka metswi
mo seatleng sa monna yo o senatla,
banna ba bokau ba ntse jalo.
5Go sego monna yo mokotlopo
wa gagwe o ba tletseng;
ba tlaa re ba bua le baba fa kgorong,
ba se ke ba tlhajwe ke ditlhong.
Currently Selected:
PESALEMA 127: TSW08NO
Highlight
Copy
Compare
Share
Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.