YouVersion Logo
Search Icon

PESALEMA 126

126
Maipelo a go boela gae
Sefela sa Ditlhatlogo.
1E rile Jehofa a ba a busa
botshwaro jwa Sione,
ra nna jaaka ba ba lorang.
2Foo molomo wa rona
wa tlala setshego,
le loleme lwa rona lwa tlala go opela;
foo ba bua mo merafeng, ba re:
“Jehofa o ba diretse dilo tse
dikgolo.”
3Jehofa o re diretse dilo tse dikgolo,
tse re di itumelelang.
4Ba o buse botshwaro jwa rona,
Jehofa,
jaaka dinokana tsa kwa Borwa.
5Ba ba jalang ka dikeledi
ba tlaa roba ka boitumelo.
6Le fa motho a ka tswa a tsamaya
a ntse a lela, mme a tshotse peo,
o tlaa ba a tla gape,
dingata tsa gagwe a na natso.

Currently Selected:

PESALEMA 126: TSW08NO

Highlight

Copy

Compare

Share

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in