YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 15

15
Setshwantsho sa nku e e timetseng
(Math 18:10-14)
1 Jaana bakgethisi botlhe le baleofi ba bo ba ne ba mo atamela go mo utlwa. 2Bafarisai ba ngongorega le bakwadi, ba re: “Monna yo, o tshola baleofi, o ja nabo.” 3Mme a bua setshwantsho se nabo a re:
4“Motho ke ofe wa lona yo e ka reng a na le dinku di le lekgolo, mme fa nngwe ya tsone e timela, yo o se keng a tlogela tse di 99 mo nageng, a ye go batla e e timetseng, go tle go tsamaye a e bone? 5Mme o tlaa re a sena go e bona, a e beye mo magetleng a gagwe, a itumele. 6E re a tla mo gae a phuthe ditsala tsa gagwe le ba ga gabo, a ba reye a re: ‘Itumeleng le nna, gonne ke bonye nku etsho e e neng e timetse.’ 7Ke a lo raya, go tlaa nna boitumelo fela jalo kwa legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go ka ga ba ba siameng ba le 99, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.
Setshwantsho sa ledi le le latlhegileng
8“Kgotsa, mosadi ke ofe, yo e ka reng a na le madi a le some a selefera, fa a latlhegelwa ke le lengwe, a se ke a tshube lobone, a feela ntlo, a batla ka tlhaofalo go tsamaye a le bone? 9O tlaa re a sena go le bona, a phuthe ditsala tsa gagwe le ba ga gabo a re: ‘Itumeleng le nna, gonne ke bonye ledi le le neng le ntatlhegetse.’ 10Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”
Setshwantsho sa morwa yo o latlhegileng
11Mme a re: “Monna mongwe o ne a na le bana ba basimane ba le babedi. 12Yo mmotlana wa bone a raya rraagwe a re: ‘Rra, nnaya mo e neng e tlaa nna ga me ga boswa.’ Mme a ba kgaoganyetsa dilo tse o tshelang ka tsone. 13Mme ya re malatsi a ise a fete a le mantsi morago ga moo, ngwana yo mmotlana a phutha gotlhe, a etela kwa lefatsheng le le kgakala, mme a le gone a senya dilo tsa gagwe mo ditlhapelong tsa bofafalele. 14Ya re a sena go di fedisa tsotlhe fela, ga wela mmopamo o mogolo thata mo lefatsheng leo; mme a simolola go nna mo pitlaganong. 15Mme a ya a ineela mo go mongwe monni wa lefatshe leo, mme ene a mo isa kwa nageng ya gagwe gore a otlele dikolobe teng. 16Mme a eletsa a ka bo a ka kgora moroko o o jewang ke dikolobe; mme a se ka a fiwa ke ope. 17Mme e rile a itharabologelwa a re: ‘Kana batlhanka ba ba thapilweng ba ga rre ba bantsi jang, ba na le dijo tse di lekanyeng di ba di sala, mme nna ke swela fano ka tlala. 18Ke tlaa nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago; 19ka moo ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao; ntira jaaka mongwe wa batlhanka ba gago ba ba thapilweng.’
20“Mme a nanoga, a tla kwa go rraagwe. Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, mme a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ya a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla. 21Mme morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago, ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’ 22Rraagwe a raya batlhanka a re: ‘Ntshang seaparo se sentlentle ka bonako, lo se mo apese; lo mo rwese mohitsana mo letsogong, le ditlhako mo dinaong; 23lereng namane e e nonneng, lo e tlhabe; mme a re jeng, re dire mokete o mogolo; 24gonne yo morwaake o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Ba simolola go dira mokete.
25“Jaana morwawe yo mogolo a bo a le kwa nageng; ya re a tla a atamela ntlo, a utlwa kopelo le pino. 26Mme a bitsa mongwe wa batlhanka, a mmotsa a re: ‘Ke eng se se dirwang jaana?’ 27A mo raya a re: ‘Monnao o tsile; mme rraago o tlhabile namane e e nonneng, ka gobo a mmonye a itekanetse fela.’
28“Mme a nna bogale, a gana go tsena; mme rraagwe a tswela kwa go ene a mo rapela. 29A fetola rraagwe a re: ‘Bona, ke go diretse ka dinyaga tse dintsi tse, le gone ga ke ise nke ke tlole taolo ya gago gope; le fa go ntse jalo, ga o ise o ko o nneye le fa e le potsane, gore ke dire mokete le ditsala tsa me. 30Mme morwao yo, yo o supuditseng dilo tsa gago le baakafadi, o rile a sa ntse a tla fela, wa mo tlhabisa namane e e nonneng.’
31“A mo raya a re: ‘Morwaaka, ke na nao ka metlha yotlhe, le tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago. 32E ne e le tshwanelo fa re ka dira mokete, ra ba ra itumela; gonne yo monnao o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ ”

Currently Selected:

LUKE 15: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy