YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 16

16
Setshwantsho sa molaodi yo o sa ikanyegeng
1Le gone a raya barutwa a re: “Go ne go le monna mongwe e le mohumi, a na le molebedi wa dilo tsa gagwe; ene yo a newa molato kwa go mong wa gagwe, ga twe, o senya dilo tsa gagwe. 2Mme a mmitsa, a mo raya a re: ‘Eng se ke se utlwang ka ga gago? Bolela ka thulaganyo ka ga tebalebelo ya gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna molebedi.’ 3Molebedi a ithaya a re: ‘Ke tlaa dirang, ka e le fa morena wa me a ntlosa mo tebalebelong? Ga nka ke ka lema; mme go kopa go ntlhabisa ditlhong. 4Ke a itse ka fa ke tlaa dirang ka teng, gore e tle e re ke sena go ntshiwa mo tebalebelong ba tle ba ntsholele mo matlong a bone.’
5“Mme a bitsa mongwe le mongwe wa batho ba ba molato le morena wa gagwe, a raya wa ntlha a re: ‘O molato o kae le morena wa me?’ 6A re: ‘Dithatholelo tsa lookwane di le lekgolo.’ A mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo o nne fa fatshe ka bonako, o kwale o re, di 50.’ 7Foo a raya yo mongwe a re: ‘Wena o molato o kae?’ A re: ‘Dikgetse tsa mabele di le lekgolo.’ A mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di 80.’
8“Mme morena wa gagwe a faka molebedi yo o sa siamang, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno ba tlhalefetse losika lwa bone go gaisa bana ba lesedi.
9“Ke lo raya ke re: Itireleng ditsala ka mahumo a a sa siamang; gore e tle e re a tlhaela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng. 10Yo o ikanyegang mo go se sennye, o okanyega le mo go se segolo; yo o sa siamang mo go se sennye, ga a a siama le mo go se segolo. 11Ke gone fa lo se ka lwa ikanyega ka ga mahumo a a sa siamang, lo tlaa neelwa e mang dikhumo tsa boammaaruri? 12Fa lo se ka lwa ikanyega mo go tsa yo mongwe, lo tlaa newa e mang se e leng sa lona?
13 “Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tlaa ila mongwe, a rate yo mongwe; kgotsa a ngaparele mongwe, a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.”
Molao le bogosi jwa Modimo
(Math 11:12-23; 5:31-32; Mar 10:11-12)
14Bafarisai le bone, ba e neng e le barati ba khumo ya madi, ba utlwa dilo tsotlhe tse, mme ba mo sotla. 15Mme a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho; mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlegang thata mo bathong, se bo se le makgapha fa pele ga Modimo.
16 “Molao o ntse o le teng le baperofeti go tla go fitlha mo go Johane; e sa le ka lobaka loo Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo a ntse a rerwa, mme mongwe le mongwe o tsena mo go lone ka go ikeka. 17 Go ka nna bofefo legodimo go feta le lefatshe, bogolo go tlhakanyana nngwe ya molao go tlhaela.
18 “Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o dira boaka; le yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe, le ene o dira boaka.
Monna wa mohumi le Lasaro
19“Jaana ga bo go le monna mongwe, a humile, a apere bohibidu le leloba le le boleta, a tshela fela ka malatsi otlhe mo letlepung le mo bontlentleng. 20Ga bo go le mokopi mongwe yo o bidiwang Lasaro, a beilwe fa kgorong ya gagwe a tletse dintho. 21A eletsa go otlwa ka matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa mohumi; ee, dintša le tsone tsa tla tsa latswa dintho tsa gagwe.
22“Ga dirala gore mokopi a swa, mme baengele ba mmelegela kwa sehubeng sa ga Aberahame, mohumi le ene a swa, a fitlhwa. 23O rile a le mo Bobipong, a tsholetsa matlho a gagwe, a le mo ditlhokofatsong tse ditona, mme a bona Aberahame kwa kgakala, le Lasaro a le mo sefubeng sa gagwe. 24Mme a goa a re: ‘Aberahame, Rra, nkutlwela botlhoko, o rome Lasaro, gore a tle a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme, gonne ke tlhokofadiwa mo gogolo mo kgabong e.’
25“Aberahame a re: ‘Morwaaka, gopola jaaka e rile mo botshelong jwa gago o ne o amogetse dilo tse di molemo tsa gago, le jaaka Lasaro le ene a ne a na le dilo tse di bosula; mme jaanong, ene o a gomodiwa, mme wena o tlhokofadiwa mo gogolo. 26Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’ 27Mme a re: ‘Rra, ke gone ke go rapelang ka re, a ko o mo rome kwa ntlong ya ga rre; 28ka ke na le bana ba ga rre ba le batlhano; gore a ye go ba itsise gore e se re kgotsa le bone ba tla felong fano ga tlhokofatso e kgolo.’
29“Aberahame a mo raya a re: ‘Ba na le Moše le baperofeti; a ba utlwe bone.’ 30Mme a re: ‘Nnyaa, Aberahame, Rra; fa mongwe a tswa mo baswing a ya kwa go bone, ba tlaa ikwatlhaya.’ 31Mme a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gone ga ba ketla ba rapelesega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”

Currently Selected:

LUKE 16: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy